bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 19
Acts 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 20 →
1
Ya re Apolose a sa ntse a le kwa Korinthe, ga dirala ya bo Paulo a fitlha mo Efeso, a raletse lefatshe ntlheng ya godimo, a fitlhela barutwa bangwe teng.
2
A ba raya a re: “A e rile lo dumela a lo ne lwa amogela Mowa o o Boitshepo?” Ba mo raya ba re: “Nnyaa, le fa e le go utlwa, ga re a ka ra ba ra utlwa fa Mowa o o Botshepo o neilwe bangwe.”
3
A re: “Ana lo kolobeleditswe eng?” Ba re: “Kolobetso ya ga Johane.”
4
Paulo a re: “Johane o kolobeditse ka kolobetso ya boikwatlhao, a raya batho a re ba dumele mo go ene yo o tlaa tlang morago ga gagwe, e bong mo go Jesu.”
5
E rile ba sena go utlwa jalo, ba kolobediwa mo ineng la Morena Jesu.
6
Ya re Paulo a sena go ba baya diatla, Mowa o o Botshepo wa tla mo go bone; mme ba bua ka dipuo di sele, ba ba ba perofesa.
7
Ba bo ba le e ka ne e le banna ba le 12 fa ba le mmogo.
8
A tsena mo ntlong ya thuto, a bua ka pelokgale ka lobaka lwa dikgwedi di le tharo, a fetolana nabo, a leka go ba kgona ka ga dilo tsa bogosi jwa Modimo.
9
E rile bangwe ba ikgwaralatsa dipelo, ba gana go utlwa, ba bua bosula ka ga Tsela fa pele ga batho, a ba tlogela, mme a lomolola barutwa, a fetolana le batho ka malatsi otlhe mo sekoleng sa ga Turano.
10
Mo ga tswelela ka lobaka lwa dinyaga di le pedi; ga tsamaya botlhe ba ba agileng mo lefatsheng la Asia ba utlwa lefoko la Modimo, Bajuta le Bagerika.
11
Mme Modimo wa dira dikgakgamatso dingwe tse di feteletseng, ka diatla tsa ga Paulo,
12
ga tsamaya ga isediwa balwetsi matsela, le fa e le dikhiba tse di amileng mmele wa gagwe, mme malwetsi a ba tlogela, le mewa e e maswe ya tswa.
13
Bapholethi bangwe ba Bajuta, ba ba reng ba ka ntsha mewa e e maswe, ba simolola go bitsa leina la Morena Jesu mo godimo ga ba ba nang le mewa e e maswe, ba re: “Ke a go laola ka Jesu yo Paulo o mo rerang.”
14
Ga bo go le banna ba supa, e le bomorwa Sekefa, Mojuta le tlhogo mo baperesiting ba ba dirileng jalo.
15
Mme mowa o o maswe wa ba fetola wa re: “Jesu ke a mo itse, le Paulo ke a mo itse; mme lona lo bomang?”
16
Mme monna yo mowa o o maswe o mo go ene a ba tlolela, a ba betelela boo babedi, a ba fenya, mme ba tswa mo ntlong eo ba tshaba ba sa ikatega, ba bile ba le dintho.
17
Golo mo, ga tla ga itsiwe ke botlhe ba ba agileng mo Efeso, Bajuta le Bagerika; mme poifo ya ba wela botlhe, le leina la Morena Jesu la godisiwa.
18
Le gone ba le bantsi ba bone ba ba dumetseng ba tla, ba ipolela, ba kakanya ditiro tsa bone.
19
Le ba le bantsi ba bone ba ba dirang ditiro tsa tseanyo, tse di forang, ba kgobokanya dikwalo tsa bone, ba di fisa ka molelo fa pele ga batho botlhe, mme ba bala madi a tsone, ba fitlhela a le diponto di le 5 000.
20
Lefoko la Modimo la tota la fenya ka nonofo e e kalo.
21
Jaana e rile dilo tse di sena go fela, Paulo a ikaelela mo moweng wa gagwe, gore e tlaa re a sena go ralala Maketonia le Akaia, a ye Jerusalema; a re: “Ke tlaa re ke sena go ya teng, ke bo ke na le go ya go bona le one Roma.”
22
Ya re a sena go roma kwa Maketonia batho ba le babedi ba bone ba ba mo direlang, e bong Timotheo le Eraseto, ene a nama a sa setse mo lefatsheng la Asia ka lobakanyana.
23
E rile ka lobaka loo ga tsoga pheretlho e kgolo ka ga Tsela.
24
Gonne go ne go le monna mongwe, go twe Demeterio, mothudi wa selefera, yo o dirang ditempelana tsa selefera tsa ga Diana, mme badiri ba tiro e, a ba bapadise thata;
25
mme a phutha bone bao, le badiri ba tiro e e ntseng jalo, a re: “Banna, lo a itse fa re bona khumo ya rona ka tiro e.
26
Lo a bona, lo a utlwa, fa motho yo Paulo a kgonne, a bile a sokolotse batho ba le bantsi, e seng mo Efeso go le gosi, mme e leng le mo lefatsheng lotlhe la Asia, a re medimo e e dirwang ka diatla, ga se medimo epe.
27
Ga se gore, go ka boifiwa fa tiro ya rona e tlaa nyatsega go le gosi; le gone go ka boifiwa fa tempele ya ga Diana, modimo o mogolo wa sesadi, e tlaa kaiwa e se sepe, le ene a tlosediwe kgalalelo ya gagwe, yo Asia le lefatshe lotlhe le mo obamelang.”
28
Ya re ba utlwa jalo ba tlala bogale, ba thela lošalaba, ba re: “Go mogolo Diana wa Baefesia!”
29
Motse wa tlala pheretlhego, mme ya re ba sena go tshwara Gaio le Arisetareko, e le banna ba Maketonia ba ba patileng Paulo mo loetong, ba phomegelela gongwe kwa kagong ya botshamekelo.
30
E rile Paulo a eletsa go tsena kwa bathong, barutwa ba se ka ba mo leseletsa.
31
Le bangwe ba bagolwane ba lefatshe la Asia, e le ditsala tsa gagwe, ba roma kwa go ene, ba mo rapela gore a se ka a leka go tsena mo kagong ya botshamekelo.
32
Ke gone bangwe ba bua se, ba bangwe ba bua se sele; gonne phuthego e ne e feretlhegile, mme bogolo jwa bone ba sa itse se ba se phuthegetseng.
33
Ba swabola Alekesantere mo bontsing jwa batho, Bajuta e le bone ba ba mo suteletsang fa pele. Alekesantere a gwetlha ka seatla, mme a rata go ikarabela batho.
34
Ya re ba lemoga fa e le Mojuta, ba thela lošalaba ka lobaka lwa dinako di le pedi, ba re: “Go mogolo Diana wa Baefesia!”
35
E rile mokwaledi wa motse a sena go kgaodisa batho, a re: “Lona banna ba Efeso, ana go na le motho ofe yo o sa itseng fa motse wa Baefesia e le modisa wa tempele ya ga Diana yo mogolo, le wa setshwantsho se se oleng kwa go Jupitere?
36
Jaana, e re ka dilo tse di sa ka ke tsa ganediwa, lo tshwanetse go didimala fela; e seng go dira sepe ka kgakgabuelo.
37
Gonne banna ba lo ba lerileng fano, ga se ba ba utswang mo ditempeleng, e bile ga se batlhapatsi ba modimo wa rona wa sesadi.
38
Ke gone, fa Demeterio le badiri ba o nang nabo, ba na le sengwe se ba se sekang le motho mongwe, ntlo ya tshekelo ga e a tswalwa, le baatlhodi ba gone; a ba ye go naana molato.
39
Fa lo batla sengwe ka ga dilo tse dingwe, se tlaa baakanngwa mo go e e leng phuthego e e laotsweng ke molao.
40
Gonne ruri re na le go boifa, gore re tlaa newa molato wa tlhapeo e, ya gompieno, gonne ga e na ka fa e ka ipatelwang ka teng; mme re tlaa retelelwa ke ka fa re tlaa kayang phuthego e ka teng, ka ntlha ya yone tlhapeo.”
41
Ya re a sena go bua jaana, a phatlalatsa phuthego.
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28