bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 15
Acts 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 16 →
1
Banna bangwe ba fologa kwa Jutea, ba fitlha ba ruta bakaulengwe, ba re: “Fa lo sa rupa ka fa mokgweng wa ga Moše, ga lo ka ke lwa bolokwa.”
2
E rile Paulo le Barenabase ba ganela, ba botsanya nabo thata, bakaulengwe ba laola gore Paulo le Barenabase, le ba bangwe ba bone, ba tlhatlogele kwa Jerusalema kwa baaposetoleng le kwa bagolwaneng ka ga kgang e.
3
Ba buledisiwa ke phuthego; ba feta ba ralala Finikia le Samaria, ba eta ba bolela tlhabologo ya Baditšhaba; ba itumedisa bakaulengwe botlhe ka boitumelo jo bogolo.
4
Ya re ba sena go fitlha mo Jerusalema, ba tsholwa ke phuthego le baaposetole le bagolwane, ba bolela dilo tsotlhe tse Modimo o di dirileng nabo.
5
Mme ga tsoga bangwe ba lekoko la Bafarisai ba ba dumelang, ba re: “Ke tshwanelo go ba rupisa, le go ba laya gore ba tshegetse molao wa ga Moše.”
6
Baaposetole le bagolwane ba phuthegela kgang e go e bua.
7
E rile go sena go dirala kgang e kgolo, Petere a ema, a ba raya a re: “Bakaulengwe, lo a itse ka fa e rileng mo motlheng ole Modimo wa itebalebela mo go lona ka teng, gore Baditšhaba ba utlwe lefoko la Mafoko a a Molemo ka molomo wa me, mme ba dumele.
8
Modimo o o itseng pelo ya motho, wa supa ka ga bone ka go ba naya Mowa o o Boitshepo, fela jaaka o o neile rona;
9
mme ga o a ka wa farologanya mo go rona le bone, mme wa ntlafatsa dipelo tsa bone ka tumelo.
10
Ke gone, lo lekelang Modimo, fa e bo ne ne lo baya mo thamong tsa barutwa jokwe e e reteletseng borraetsho le rona go e rwala?
11
Re a dumela fa re tlaa bolokwa ka tshegofatso ya Morena Jesu, fela jaaka bone.”
12
Mme batho ba bantsi botlhe ba didimala; ba reetsa Barenabase le Paulo ka ba bolela ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo o di dirileng mo go Baditšhaba ka bone.
13
E rile ba sena go khutla go bua, Jakobe a fetola a re: “Bakaulengwe, ntheetsang:
14
Simone o boletse ka fa e rileng pele Modimo wa lekola Baditšhaba ka teng, gore o tlhaolele leina la one batho mo go bone.
15
Le mafoko a baperofeti a dumalanye le gone; jaaka go kwadilwe ga twe:
16
“ ‘Morago ga dilo tse ke tlaa boa, mme ke tlaa ba ke aga motlaagana wa ga Dafite o o oleng; ke tlaa ba ke aga marope a one, ke ba ke o emisa;
17
gore masalela a batho a batle Morena, le Baditšhaba botlhe ba leina la me le bidiwang mo go bone.
18
Go bua Morena, yo o sa leng a senola dilo tse mo tshimologong ya lefatshe.’
19
“Ke gone, katlholo ya me ke e, ka re: A re se tshwenyeng ba ba tswang mo go Baditšhaba ba sokologela mo Modimong;
20
mme a re ba kwaleleng, gore ba ithibe mo go tse di leswefatsang tsa medimo ya disetwa, le mo boakeng, le mo go se se betilweng, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng.
21
Gonne e sa le ka metlha ya bogologolo, Moše o ntse a na le ba ba mo rerang gale mo motseng mongwe le mongwe, ka a balwa mo matlong a thuto ka boSabata botlhe fela.”
22
Foo baaposetole le bagolwane, ba na le phuthego yotlhe, ba fitlhela go ka nna molemo go itshenkela banna bangwe ba lesomo la bone, le go ba roma kwa Antioke, ba ya le Paulo le Barenabase; e bong Jutase, yo o bidiwang Baresabase, le Silase, e le batho ba bagolo mo bakaulengweng.
23
Mme ba kwala ka bone jaana, ba re: “Baaposetole le bakaulengwe ba bagolwane ba dumedisa bakaulengwe ba bone ba Baditšhaba, ba ba kwa Antioke le kwa Siria, le kwa Kilikia; ra re:
24
E re ka re utlwile fa bangwe ba ba duleng mo go rona, ba lo tshwentse ka mafoko, ba fudua mewa ya lona; mme e le ba re sa ba nayang taolo epe;
25
e re ka re dumalanye, re fitlhetse go ka nna molemo go itshenkela banna bangwe, le go ba roma kwa go lona, ba ya le Barenabase le Paulo, baratwa ba rona,
26
e le banna ba ba beetseng leina la Morena Jesu Keresete matshelo a bone.
27
Ra re, re romile Jutase le Silase, ba le bone ba tlaa lo bolelelang dilo tse, ka puo ya molomo.
28
Gonne, go le Mowa o o Boitshepo, go le rona, re fitlhetse go le molemo gore re se ka ra lo baya morwalo ope go fetisa dilo tse di tshwanetseng tse;
29
e bong gore lo ithibe mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng, le mo dilong tse di betilweng, le mo boakeng; tse e tlaa reng fa lo ithibile mo go tsone, go bo go tlaa nna molemo mo go lona. Dumelang.”
30
Jalo e rile ba sena go newa tsela, ba ya ba fitlha kwa Antioke; mme ya re ba sena go phutha batho ba le bantsi, ba ba naya lokwalo.
31
Ya re ba sena go lo bala, ba itumelela kgomotso.
32
Jutase le Silase, ka le bone e le baperofeti, ba laya bakaulengwe ka mafoko a le mantsi, ba ba nitamisa.
33
E rile ba sena go fetisa lobaka teng, ba newa tsela ka kagiso go tswa mo bakaulengweng, le go boela kwa go ba ba ba romileng. (
34
Mme ga kgatlha Silase go nna teng.)
35
Paulo le Barenabase ba diega mo Antioke, ba ruta, ba rera lefoko la Morena, ba na le ba bangwe ba le bantsi.
36
E rile malatsi mangwe a sena go feta, Paulo a raya Barenabase a re: “Jaanong a re boe, re ye go tlhola bakaulengwe mo motseng mongwe le mongwe o re boletseng lefoko la Morena mo go one, re bone ka fa ba tshelang ka teng.”
37
Mme Barenabase a bo a rata gore le ene Johane, yo o bidiwang Mareko, a ye nabo.
38
Mme Paulo a se ka a fitlhela go ka nna molemo fa ba ka ya le motho yo o ikgaogantseng nabo kwa Pamfilia, mme a se ka a ya nabo tirong.
39
Mme ga tsoga kgang e e botlhoko, ba ba ba tla ba kgaogana; Barenabase a tsaya Mareko, a ya kwa Kupero ka sekepe;
40
mme Paulo a tsaya Silase, a bolola, bakaulengwe ba sena go mo rapelela tshegofatso ya Morena.
41
A ya a ralala Siria le Kilikia, a ntse a nitamisa diphuthego.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28