bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 14
Jeremiah 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 15 →
1
Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Jeremia ka ga leuba.
2
“Juta o a hutsafala, ba dikgoro tsa teng ba a topetega, ba dutse fa fatshe ba apere bontsho; mme go gala ga Jerusalema go tlhatlogile.
3
Bagolwane ba bone ba roma babotlana ba bone kwa metsing, mme ba fitlhele go se na metsi; ba boe fela dinkgwana tsa bone di se na sepe; ba tlhajwe ke ditlhong ba sosobaganye, ba ikhurumetse ditlhogo.
4
Balemi ba tlhajwe ke ditlhong, ba ikhurumetse ditlhogo, ka ntlha ya mmu o o phanyegileng, ka go bo pula e se ke e ne mo lefatsheng.
5
Ee, le tshephe mo nageng e tsale, mme e tlogele ngwana, ka go bo go se na bojang.
6
Le diesela tsa nageng di eme mo dithoteng tse di loforotlho, di fegelelwe phefo jaaka diphokoje, matlho a tsone a bokalale ka go bo go se na dihulo.”
7
Le fa maikepo a rona a re supa fa re le molato, a ko o dire fela ka ntlha ya leina la gago, Jehofa; gonne ditenego tsa rona di dintsi; re go leofetse.
8
Ao, wena tsholofelo ya Iseraele, mmoloki wa gagwe mo motlheng wa pitlagano, o a bo o ka nna mo lefatsheng jang jaaka e kete o mojaki fela, le jaaka motsamai le tsela yo o fapogang, a ya go lala golo gangwe fela?
9
O a bo o ka nna jang jaaka motho yo o tseanyeng, jaaka mothata yo o sa kakeng a boloka? Le fa go ntse jalo, wena Jehofa, o ntse mo gare ga rona, mme re bidiwa ka leina la gago; o se ka wa re tlogela.
10
Jehofa o raya tšhaba e jaana, a re: “Ba ratile go nna ba timela fela jalo; ga ba a ithiba dinao; ke gone ka moo Jehofa o sa ba amogeleng; jaanong o tlaa gakologelwa boikepo jwa bone, a sekisa maleo a bone.”
11
Mme Jehofa a nthaya a re: “O se ka wa rapelela tšhaba e molemo.
12
E tlaa re ba ikitsa go ja, ga nketla ke utlwa go goa ga bone; e tlaa re ba isa tshupelo ya phiso, le seromololo, ga nketla ke ba amogela; mme ke tlaa ba nyeletsa ka tšhaka, ka popamo, le ka kgogodi.”
13
Foo ka re: “Ija! We! Jehofa Modimo! Bona, baperofeti ba ba raya ba re: ‘Ga lo ketla lo bona tšhaka, le gone ga lo ketla lo bona popamo; mme ke tlaa lo naya kagiso ya mmaanete mo felong fa.’ ”
14
Foo Jehofa a nthaya a re: “Baperofeti ba perofesa maaka ka leina la me; ga ke a ba roma, le gone ga ke a ba laola, le fa e le go bua nabo; ba lo perofesetsa ponatshegelo ya maaka, le boitsejwanape, le selo se se seng sepe, le tsietso ya pelo tsa bone.
15
Ke gone ka moo, go bua Jehofa ka ga baperofeti ba ba perofesang ka leina la me, mme ke sa ba roma, le fa go ntse jalo, ba re: ‘Tšhaka le popamo ga di ketla di bonwa mo lefatsheng le;’ a re: Baperofeti bao ba tlaa nyelediwa ke tšhaka le popamo.
16
Le batho ba, ba ba ba perofesetsang ba tlaa latlhelwa kwa ntle mo mebileng ya Jerusalema ka ntlha ya popamo le tšhaka; mme ba tlaa bo ba se na ba ba ba fitlhang, bone, le fa e le basadi ba bone, le fa e le bana ba bone ba basimane, le fa e le bana ba bone ba basetsana; gonne ke tlaa feela boikepo jwa bone mo go bone.
17
“O bue lefoko le nabo, o re: “ ‘A matlho a me a tshologe dikeledi bosigo le motshegare, mme a a se khutle; gonne kgarebane, morwadia batho ba me, o robegile ka thobego e e atlhameng, ka ntho e e botlhoko thata.
18
Ya re fa ke tswela mo nageng, foo bonang, go ba ba bolailweng ka tšhaka! Fa ke tsena mo motseng, foo bonang, go ba ba botlhoko ka popamo, gonne moperofeti le moperesiti boo babedi ba tsamayatsamaya fela mo lefatsheng, mme ba se na kitso.’ ”
19
A Juta o mo ganetse ruri? A o fedisitswe ke Sione pelo? Ana o re iteile ka ntlha yang, mme re se na phodiso? Ra lebelela kagiso, mme go se ka ga tla molemo ope; ra lebelela lobaka lwa go fodisiwa, mme bonang, kotlomano fela!
20
Jehofa, re ipolela boikepo jwa rona, le boikepo jwa borraetsho, gonne re go leofetse.
21
Ka ntlha ya leina la gago, o se ka wa re tlhoa; o se ka wa tlotlolola setulo sa bogosi sa kgalalelo ya gago, a ko o gakologelwe, o se ka wa senya kgolagano ya gago le rona.
22
Mo maithamakong a merafe, a go na le bangwe ba ba nesang pula? Kgotsa a magodimo a ka nesa medupe? Jehofa Modimo wa rona, a ga o ene? Ke gone ka moo re tlaa lebelelang mo go wena; gonne o dirile dilo tse tsotlhe fela.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52
Recommended Reading
Commentary
Jeremiah Commentaries
→
Devotional
Jeremiah Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→