bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 5
Jeremiah 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 6 →
1
“Lo siane sianeleng le mebila ya Jerusalema, mme lo bone jaana lo itse, lo batle mo dipatlelong tsa teng, fa lo ka bona monna, fa go na le mongwe yo o dirang ka tekatekanyo, le yo o batlang boammaaruri, mme ke tlaa itshwarela motse.
2
Le fa ba re: ‘Jaaka Jehofa a tshedile’; ba bo ba ikana ka maaka fela.”
3
Jehofa, matlho a gago a ga a a leba boammaaruri? O ba iteile, mme ga baa ka ba utlwa botlhoko; o ba nyeleditse, mme ba ganne go gapiwa; ba ithatafaditse difatlhogo go gaisa lefika; ba ganne go sokologa.
4
Foo ka re: “Ruri bao ba bo ba le badidi; ba boeleele; gonne ga ba itse tsela ya ga Jehofa, le fa e le katlholo ya Modimo wa bone.
5
Ke tlaa ikela kwa bathong ba batona, ke tlaa bua nabo; gonne bone ba itse tsela ya ga Jehofa, le katlholo ya Modimo wa bone.” Mme bone ka bongwe fela jwa pelo, ba robile jokwe, ba komagantse dikgolego.
6
Ke gone tau e e tswang mo sekgweng e tlaa ba bolaya, letlonkana la maabanyane le tlaa ba thopa, nkwe o tlaa lalela metse ya bone, mme mongwe le mongwe yo o tswang mo go yone o tlaa gagoganngwa, gonne ditlolo tsa bone di dintsi, le ditenego tsa bone di totafetse.
7
“Ke ka go itshwarela jang? Bana ba gago ba ntatlhile, ba ikanne ka yone e e seng medimo epe; e rile ke sena go ba fa dijo ka botlalo, ba ya ba dira boaka, ba phuthega ka masomo mo matlong a diaka.
8
Ba ne ba ntse jaaka dipitse tse di otlwang tse di kgarakgatshegang, mongwe le mongwe a kgwankgwanyegela mosadi wa mongwe ka ene.
9
A ga nketla ke kgopololela dilo tse?” go bua Jehofa; “A mowa wa me ga o ketla o itefetsa mo morafeng o o ntseng jaana?
10
“Palamelang mo dithakong tsa teng lo senye; mme lo se ka lwa nyeleletsa ruri; lo tlose dikala tsa teng, gonne ga se tsa ga Jehofa.
11
Gonne ba ntlo ya Iseraele, le ba ntlo ya Juta ba dirile ka bolotsana jo bogolo fa pele ga me,” go bua Jehofa.
12
Ba itatotse Jehofa, ba rile: “Ga se ene; le gone bosula ga bo ketla bo tla mo go rona; le gone ga re ketla re bona tšhaka, le fa e le popamo.
13
Baperofeti ba tlaa fetoga phefo, e bile lefoko ga leyo mo go bone; ba tlaa direlwa jalo.”
14
Ke gone ka moo, go bua jaana Jehofa, Modimo wa masomosomo, a re: “Ereka lo bua lefoko le, bonang, ke tlaa dira mafoko a me gore a nne molelo mo molomong wa gago, le batho ba, ba tlaa nna dikgong, mme molelo o tlaa ba laila.
15
“Bonang, ke tlaa lere mo go lona morafe o o tswang kgakala, lona ba ntlo ya Iseraele,” go bua Jehofa. “Ke morafe o o thata, ke morafe wa bogologolo, morafe o puo ya one o sa e itseng, o bile o sa tlhaloganye se ba se buang.
16
Mokotlopo wa bone ke letswe le le atlhameng, ke batho ba ba nonofileng botlhe fela.
17
Ba tlaa lakaila thobo ya gago, le dijo tsa gago, tse bana ba gago ba basimane le ba basetsana ba tshwanetseng go di ja; ba tlaa fetsa matsomane a gago le matlhape a gago; ba tlaa jela ruri mofine wa gago le mofeige wa gago; ka tšhaka ba tlaa humanegisa metse ya gago e e thekeleditsweng, e o ikantseng mo go yone.
18
“Le mo metlheng eo ga nketla ke go nyeleletsa ruri,” go bua Jehofa.
19
Go tlaa dirala, go re, mogang lo buang, lo re: “Ke ka ntlha yang Jehofa Modimo wa rona a re diretse dilo tsotlhe tse?” Foo o tlaa ba raya o re: “Fela jaaka lo ntatlhile, mme lwa direla medimo e sele fela mo lefatsheng la lona, jalo fela lo tlaa direla baeng mo lefatsheng le e seng la lona.”
20
“Bolelang selo se mo ntlong ya ga Jakobe, lo se kakanye mo Juta, lo re:
21
A ko lo utlwe selo se, batho ba ba dieleele ke lona, le ba lo se nang tlhaloganyo; ba lo nang le matlho, mme lo sa bone; ba lo nang le ditsebe, mme lo sa utlwe:
22
A ga lo mpoife?” Go bua Jehofa: “A ga lo ketla lo roroma ka sebonalo sa me, nna yo ke beileng mošawa gore o nne mmotwana wa lewatle ka molao o o sa khutleng, gore le se ka la o feta? Mme le fa makhubu a lone a itlodisa, le fa go ntse jalo ga a fenye, le fa a suma ka mosumo o mogolo, le fa go ntse jalo ga a na nonofo ya go o tlola.
23
Mme tšhaba e e na le pelo e e rukutlhang e e tsuololang; barukutlhi ba ile.
24
Le gone ga ba ke ba bua mo pelong ya bone ba re: ‘A re ke re boifeng Jehofa Modimo wa rona, yo o nesang pula ya sephai, le ya kgogolammoko, mo metlheng ya yone; yo o re bolokelang dibeke tse di laotsweng tsa thobo.’
25
Maikepo a lona a fapositse dilo tse, le maleo a lona a kganetse molemo gore o se tle mo go lona.
26
“Gonne mo bathong ba me go fitlhelwa baikepi; ba lebelele jaaka bathaa dinonyane ba tle ba lalele; ba beye seru, ba tshware batho.
27
Jaaka serobi se tletse dinonyane, jalo fela matlo a bone a tletse tsietso; ke gone ka moo ba leng bagolo, mme ba humile.
28
Ba nonne, ba retefetse. Ee, ba feteletse mo ditirong tsa boikepo; ga ba sekele, ga ba sekele mafoko a masiela, gore ba tle ba tlhogonolofale; mme tshiamelo ya motlhoki ga ba e atlhole.
29
“A ga nketla ke ba kgopololela dilo tse?” Go bua Jehofa; “A mowa wa me ga o ketla o itefetsa mo morafeng o o ntseng jaana?
30
Selo se se gakgamatsang le se se tsitlisang marapo se dirafetse mo lefatsheng;
31
baperofeti ba perofesa ka maaka, baperesiti ba laola ka thata ya bone; batho ba me ba rata gore go nne jalo; mme lo tlaa dirang mo bokhutlong jwa gone?
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52