bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 49
Jeremiah 49
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 48
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 50 →
1
Ka ga bana ba Amone. Jehofa o bua jaana, a re: “A Iseraele ga a na bana ba basimane? A ga a na moja boswa? Ke ka ntlha yang Milekome a ruile Gate, le batho ba gagwe ba agile mo metseng ya teng?
2
Ke gone bona, metlha e etla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa utlwatsang mokgosi wa ntwa e e tlhaselang Raba wa bana ba Amone ka yone; mme o tlaa tswa mokoa o o swafetseng, le bana ba gagwe ba basetsana ba tlaa fisiwa ka molelo; foo Iseraele o tlaa rua bone ba ba kileng ba mo rua,” go bua Jehofa.
3
“Bokolela, wena Hešebone, gonne Ai o thopilwe; galang, lona bomorwadia Raba, lo ikokwaele ka letsela la kgetse; lo hutsafale, mme lo sianesiane mo gare ga dikgora; gonne Milekome o tlaa ya botshwarong, baperesiti ba gagwe le dikgosana tsa gagwe mmogo.
4
Ana o ipelafaletseng melapo, molapo wa gago o o elelang, wena, mosetsana wa motenegi? Yo o ne a ikanya mahumo a gagwe, a re: ‘E mang yo o tlaa tlang mo go nna?’
5
Bona, ke tlaa lere poifo mo go wena,” go bua Jehofa, Jehofa wa masomosomo, “ya go tshaba botlhe ba ba mo tikologong ya gago; mme lo tlaa lelekwa mongwe le mongwe a tlhamalaletse ruri, mme ga go ketla go dira le ope yo o tlaa selang yo o timelang.
6
Morago ga moo ke tlaa ba ke busa botshwaro jwa bana ba Amone,” go bua Jehofa.
7
Ka ga Etome, Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “A botlhale ga bo tlhole bo le teng mo Temane? A kgakololo e sule mo go ba ba tlhaloganyang? A botlhale jwa bone bo nyeletse?
8
Tshabang, boelang kwa morago, agang kwa teng, lona banni ba Detane; gonne ke tlaa lere mo go ene tatlhego ya ga Esau mogang ke mo sekisang.
9
Fa bahudi ba difine ba ne ba ka tla kwa go wena, a ba ne ba se ketla ba tlogela difine dingwe tse di ka ronopiwang? Fa e ka bo e le magodu a bosigo, a ga a ne a se ketla a senya go tsamaya a bona mo go lekanyeng fela?
10
Nna ke apotse Esau, ke bipolotse mafelo a gagwe a a sa itsegeng, mme ga a ketla a nonofa go iphitlha; losika lwa gagwe lo thopilwe, le bana ba ga rraagwe, le ba ga gabo, le ene ga a yo.
11
Tlogela masiela a gago, ke tlaa a tshedisa; mme a basadi ba ba batlholagadi ba gago ba ikanye mo go nna.”
12
Gonne Jehofa o bua jaana, a re: “Bonang, ba ba neng ba sa tshwanela go nwa senwelo, ruri ba tlaa nwa; mme a ke wena yo o tlaa falolang fela, o sa bediwe? Ga o ketla o nna fela o sa bediwa, mme ruri o tlaa nwa.
13
Gonne ke ikanne ka nna ka nosi,” go bua Jehofa, go re: “Bosera o tlaa nna segakgamatso, le kgobo, le kgakgabalo, le phutso; mme metse yotlhe ya teng e tlaa nna dikgakgabalo ka bosakhutleng.”
14
Ke utlwile mafoko mo go Jehofa, mme go romilwe morongwi mo merafeng, ga twe: “Phuthegang, lo mmololele, lo nanogele go tlhabana.”
15
“Gonne bona, ke go ngotlile mo merafeng, ke go dirile nyatsego mo gare ga batho.
16
Ka ga poitshego ya gago, boikgodiso jwa pelo ya gago bo go tsieditse, wena yo o agileng mo dipharong tsa lefika, yo o tshegeditseng tlhora ya thota; le fa o ka bo o aga setlhaga sa gago kwa godimo jaaka ntswi yo motona, ke tlaa go folosa teng,” go bua Jehofa.
17
“Etome o tlaa nna segakgamatso; mongwe le mongwe yo o fetang ka ene o tlaa gakgamala, mme o tlaa otsetsa dipetso tsotlhe tsa gagwe.
18
Jaaka mo go ribegediweng ga Sotoma le Gomora le metse e e neng e bapile nayo,” go bua Jehofa, “ga go ketla go nna motho ope teng, ga go ketla go tlhola tlhola ope morwa motho teng.
19
“Bonang, o tlaa tlhatloga jaaka tau e e ntshiwang ke kgogomogo ya Joretane, mme e tlaa go tlhasela mo mahulong a a tlhomameng; mme ke tlaa mo e tshabisa ka tshoganetso; mme ene yo o itshenketsweng ke tlaa mmaya molaodi wa yone; gonne e mang yo o tshwanang le nna? Mme e mang yo o tlaa ntlhomelang lobaka? Mme modisa e mang yo o tlaa emang fa pele ga me?
20
Ke gone utlwang kgakololo ya ga Jehofa, e o e gakologetsweng ka ga Etome; le maikaelelo a gagwe a o a ikaeletseng ka ga banni ba Temane; ruri ba tlaa ba gogela koo, e bong bana ba letsomane; ruri o tlaa swafatsa bonno jwa bone ka ntlha ya bone.
21
Lefatshe le a roroma ka modumo wa go wa ga bone; go na le kgoo, modumo wa yone o utlwala kwa Lewatleng le Lehibidu.
22
Bonang o tlaa tlhatloga, a fofa jaaka ntswi yo motona, o tlaa tsharololela Bosera diphuka tsa gagwe ka bosula; mme pelo ya diganka tsa Etome mo motlheng oo e tlaa nna jaaka pelo ya mosadi a le mo metlotseding ya gagwe.”
23
Ka ga Damaseko. “Hamathe o tlhabilwe ke ditlhong, le Arepate; gonne ba utlwile mafoko a a bosula, ba nyerile; go na le kotlomano mo lewatleng; le retela go sisibala.
24
Damaseko o koafetse, o ithetolola go tla a tshaba, mme thoromo e mo tshwere; tlalelo e e mahehe e mo tshwere, le mahutsana, jaaka mosadi yo o mo pelegong.
25
Ana go ntse jang motse wa pako o sa latlhwe, motse wa boitumelo jwa me?
26
Ke gone makau a one a tlaa wela mo mebileng ya one, le batlhabani botlhe ba tlaa tuuladiwa mo motlheng oo, go bua Jehofa wa masomosomo.
27
Ke tlaa tshuba molelo mo lorakong lwa Damaseko, mme o tlaa laila mantlo a bogosi a ga Benehatate.”
28
Ka ga Ketare, le ka ga magosi a Hasore, a Nebukatenesare kgosi ya Babilone o a kgemethileng. Jehofa o bua jaana, a re: “Nanogang, yang kwa Ketare, lo thope bana ba botlhabatsatsi.
29
Ba tlaa gapa megope ya bone le matsomane a bone; ba tla ikgapela dilepelelo tsa bone, le dijana tsa bone, le dikamela tsa bone; mme ba tlaa ba goelela, ba re: ‘Gaa! Ka ntlha tsotlhe.’
30
“Tshabang, lo timelele kwa kgakala, agang kwa teng, lona banni ba Hasore,” go bua Morena; “gonne Nebukatenesare kgosi ya Babilone o ikgakolotse ka ga lona, o bonye boikaelelo ka ga lona.
31
Nanogang, lo bololele morafe mongwe o o iketlileng, o o agileng fela o sa re sepe,” go bua Jehofa; “o o senang ditswalo le mephakalego, o o agileng ba le bosi fela.
32
“Dikamela tsa one di tlaa nna kgapo, le bontsi jwa dikgomo tsa one di tlaa nna thopo; mme ba ba itshekotseng ke tlaa ba falaletsa kwa diphefong tsotlhe; mme ke tlaa ba tlisetsa tatlhego mo ntlheng tsotlhe tsa bone,” go bua Jehofa.
33
“Hasore o tlaa nna bonno jwa diphokoje, le tshwafalo ka bosakhutleng, ga go ketla go aga motho ope gone, mme ga go ketla go tlhola tlhola ope morwa motho teng.”
34
Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Jeremia moperofeti ka ga Elame, mo tshimologong ya puso ya ga Setekia kgosi ya Juta, la re:
35
Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Bonang, ke tlaa roba bora jwa ba Elame, tlhogo ya nonofo ya bone.
36
Ke tlaa tlisa mo go Elame diphefo tsoo nne kwa dintlheng tsoo nne tsa legodimo, mme ke tlaa ba falaletsa kwa diphefong tseo; mme ga go ketla go dira le morafe ope o balelekiwa ba Elame ba se ketlang ba wela kwa go one.
37
Ke tlaa tseanya ba Elame fa pele ga baba ba bone, le fa pele ga ba ba batlang botshelo jwa bone, mme ke tlaa lere bosula mo go bone, e bong bogale jwa me jo bo tukang,” go bua Jehofa; “mme ke tlaa ba lateletsa tšhaka, go tsamaya ke ba nyeletsa.
38
Ke tlaa tlhoma setulo sa me sa bogosi mo Elame, ke senya ke tlosa kgosi le dikgosana teng,” go bua Jehofa.
39
“Mme go tlaa dirala mo metlheng ya morago, go re, ke tlaa ba ke busa botshwaro jwa Elame,” go bua Jehofa.
← Chapter 48
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 50 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52