bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 41
Jeremiah 41
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 40
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 42 →
1
Ga dirala e rile ka kgwedi ya bosupa, Išemaele morwa Nethania, morwa Elišame wa losika lwa segosi, e bile e le mongwe wa balaodisiwa ba bagolo ba kgosi, a na le banna ba le some, a tla mo go Getalia morwa Ahikame kwa Misepa, mme ba ja mmogo teng mo Misepa.
2
Foo ga nanoga Išemaele morwa Nethania, le banna ba ba some ba ba nang nae, mme ba itaya Getalia morwa Ahikame morwa Shafane ka tšhaka, ba mmolaya, ene yo kgosi ya Babilone e mmeileng molaodisiwa mo lefatsheng.
3
Le gone Išemaele a bolaya Bajuta botlhe ba ba nang nae, ke go re ba ba nang le Getalia mo Misepa, le Bakalatea ba ba fitlhelwang teng, e bong batlhabani.
4
Ga dirala ya re ka letsatsi la bobedi a sena go bolaya Getalia, mme ope a sa go itse,
5
ga tla bangwe ba ba tswang kwa Shekeme, le kwa Shilo, le kwa Samaria, e bong batho ba ba 80 ba ipeotse ditedu ba ikgagotse diaparo, ba itshegakile, ba tla ba tshotse diromololo le maswalo a lebano, ba tla go di isa kwa ntlong ya ga Jehofa.
6
Išemaele morwa Nethania a tswa mo Misepa a ya go ba kgatlhantsha, a tla a lela; mme ga dirala ya re a kgatlhana nabo a ba raya a re: “Tlang kwa go Getalia morwa Ahikame.”
7
Ga dirala e rile ba fitlha mo gare ga motse, Išemaele morwa Nethania a ba bolaya ka tšhaka, a ba latlhela mo teng ga molete, ene le banna ba o nang nabo.
8
Mme ga fitlhelwa mo go bone banna ba le some, mme ba raya Išemaele ba re: “O se ka wa re bolaya, gonne re na le dithoto tse di fitlhilweng mo nageng, tsa mabele, tsa barele, tsa lookwane le tsa dinotshe.” Mme a ithiba, a se ka a ba bolaela mo go ba ga gabo.
9
Jaana molete o Išemaele o latlhetseng mo go one ditoto tsa batho ba o ba bolaetseng fa go Getalia, (ke one o Asa kgosi o kileng a o dira ka go boifa Baaša kgosi ya Iseraele), Išemaele morwa Nethania a o katela ka bone ba ba bolailweng.
10
Foo Išemaele a tlosa masalela otlhe a batho ba ba mo Misepa e le ditshwarwa, e bong bomorwadia kgosi, le batho botlhe ba ba setseng mo Misepa, ba Nebusaratane molaodi wa balebedi o ne a ba neetse Getalia morwa Ahikame; Išemaele morwa Nethania a ba tlosa e le ditshwarwa, mme a tloga a re o kgabaganyetsa kwa baneng ba Amone.
11
E rile Johanane morwa Karea, le balaodi botlhe ba mephato e o ne a na nayo ba utlwa ka ga bosula jotlhe jo Išemaele morwa Nethania o bo dirileng,
12
foo ba tsaya banna botlhe, ba ya go tlhabana le Išemaele morwa Nethania, mme ba mo fitlhela fa metsing a magolo a a kwa Gibeone.
13
Jaana ga dirala ya re batho botlhe ba ba nang le Išemaele ba bona Johanane morwa Karea, le balaodi botlhe ba mophato ba o nang nabo, foo ba itumela.
14
Jalo batho botlhe ba Išemaele o ne a ba tlositse kwa Misepa e le ditshwarwa ba retologa, ba boa, ba ya kwa go Johanane morwa Karea.
15
Mme Išemaele morwa Nethania a falola mo go Johanane a na le banna ba ba ferang mebedi, mme ba ya kwa baneng ba Amone.
16
Foo Johanane morwa Karea, le balaodi botlhe ba mephato ba o nang nabo, ba tsaya masalela otlhe a batho ba o ba golotseng mo go Išemaele morwa Nethania, ba ba tswang kwa Misepa, morago ga a sena go bolaya Getalia morwa Ahikame, e bong batlhabani le basadi, le bana le baopafadiwa, ba o ne a ba busitse kwa Gibeone.
17
Mme ba tloga ba ya ba aga mo Geruthe Kimehame, o o fa Betheleheme, ba re ba ya go tsena kwa Egepeto,
18
ka ntlha ya Bakalatea; gonne ba ne ba ba boifa, ka Išemaele morwa Nethania a bolaile Getalia morwa Ahikame, yo kgosi ya Babilone e ne e mmeile molaodisiwa mo lefatsheng.
← Chapter 40
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 42 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52