bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 26
Jeremiah 26
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 27 →
1
E rile mo tshimologong ya puso ya ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juta, lefoko le, la tswa kwa go Jehofa, la re:
2
“Jehofa o bua jaana, a re: Ema mo lwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa, o bue le ba metse yotlhe ya Juta, ba ba tlang go obamela mo ntlong ya ga Jehofa, bua mafoko otlhe a ke a go laolelang gore o a bue nabo; o se ka wa loba lefoko lepe.
3
E tlaa re gongwe ba reetse, mme mongwe le mongwe a boe mo tseleng ya gagwe e e bosula; gore ke tle ke ikwatlhaye ka ga bosula jo ke ikaeletseng go bo ba direla ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa bone.
4
“O ba reye, o re: ‘Jehofa o bua jaana, a re: Fa lo gana go ntheetsa, go sepela mo molaong wa me, o ke o beileng fa pele ga lona,
5
le go reetsa mafoko a batlhanka ba me, e bong baperofeti, ba ke ba romileng kwa go lona, ke phakela fela ke ba roma, mme lwa se ka lwa reetsa;
6
foo ke tlaa dira ntlo e gore e nne jaaka Shilo, ke tlaa dira motse o gore o nne phutso mo merafeng yotlhe ya lefatshe.’ ”
7
Mme baperesiti, le baperofeti, le batho botlhe ba utlwa Jeremia a bua mafoko a mo ntlong ya ga Jehofa.
8
Ga dirala, e rile Jeremia a sena go wetsa go bua gotlhe mo Jehofa o go mo laoletseng go go bua le batho botlhe, baperesiti le baperofeti, le batho otlhe ba tloga ba mo tshwara, ba re: “Ruri o tlaa swa.
9
Ana o perofeseditseng mo ineng la ga Jehofa, wa re: ‘Ntlo e, e tlaa nna Shilo, le motse o, o tlaa nna tshwafalo fela o sena monni’ ”? Mme batho botlhe ba ne ba kgobokanetse Jeremia mo ntlong ya ga Jehofa.
10
E rile dikgosana tsa Juta di utlwa dilo tseo, tsa tswa mo ntlong ya kgosi tsa tlhatlogela kwa ntlong ya ga Jehofa; tsa dula mo botsenong jwa kgoro e ntšha ya ntlo ya ga Jehofa.
11
Foo baperesiti le baperofeti ba bua le dikgosana le batho botlhe, ba re: “Monna yo, o tshwanetse loso; gonne o perofeseditse motse o bosula, jaaka lo utlwile ka ditsebe tsa lona.”
12
Foo Jeremia a bua le dikgosana le batho botlhe, a re: “Jehofa o nthomile gore ke tle go perofesetsa ntlo e bosula, le motse o, ka mafoko a otlhe a lo a utlwileng.
13
Ke gone jaana siamisang ditsela tsa lona, le ditiro tsa lona, mme lo utlwe lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona; mme Jehofa o tlaa ikwatlhaela bosula jo o bo buileng ka ga lona.
14
Ka ga me, bonang, ke mo seatleng sa lona; dirang ka nna ka fa go leng molemo le tshiamo mo matlhong a lona ka teng.
15
Mme lo itsetse ruri, go re, fa lo mpolaya, lo tlaa lere madi a a se nang molato mo go lona, le mo motseng o, le mo banning ba one; gonne ruri Jehofa o nthomile kwa go lona, gore ke tle go bua mafoko otlhe a, mo ditsebeng tsa lona.”
16
Foo dikgosana le batho botlhe ba raya baperesiti le baperofeti, ba re: “Motho yo, ga a tshwanela go swa; gonne o buile le rona mo ineng la ga Jehofa Modimo wa rona.”
17
Foo ga nanoga bagolwane bangwe ba lefatshe, ba bua le phuthego yotlhe ya batho, ba re:
18
“Mikaia wa Morešethe o ne a perofesa mo metlheng ya ga Hesekia kgosi ya Juta; a bua le batho botlhe ba Juta, a re: ‘Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “ ‘Sione o tlaa lengwa jaaka tshimo, Jerusalema o tlaa nna mekoakoa fela, le thaba ya ntlo e tlaa nna jaaka dikwelekwele tsa sekgwa sengwe.’
19
“A Hesekia kgosi ya Juta le Bajuta botlhe a ba ne ba mmolaya? A ga a ne a boifa Jehofa, a ga a ne a lopa tlhogonolofatso mo go Jehofa, mme a Jehofa ga a ne a ikwatlhaela bosula jo o ne a bo buile ka ga bone? Jalo re ka bo re itirela bosula jo bogolo.”
20
Le gone go ne go bile go le monna mongwe yo o perofesang mo ineng la ga Jehofa, e bong Uria morwa Shemaia wa Kiriathe-jearime; a perofesetsa motse o bosula, le lefatshe le, ka fa mafokong otlhe a ga Jeremia.
21
E rile kgosi Jehoiakime, a na le batho botlhe ba gagwe ba batona, le dikgosana tsotlhe, a utlwa mafoko a gagwe, kgosi ya batla go mmolaya; mme e rile Uria a go utlwela, a boifa, a tshaba, a ya Egepeto.
22
Mme kgosi Jehoiakime a roma batho kwa Egepeto, e bong Elenathane morwa Akebore, le batho bangwe nae, ba ya Egepeto.
23
Ba ya ba ntsha Uria kwa Egepeto, ba mo isa kwa go kgosi Jehoiakime; mme a mmolaya, a latlhela setoto sa gagwe mo diphupung tsa ba e leng batho fela.
24
Mme seatla sa ga Ahikame morwa Shafane sa bo se na le Jeremia, gore ba se ka ba mo tsenya mo seatleng sa batho go mmolaya.
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 27 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52