bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 33
Jeremiah 33
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 32
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 34 →
1
Gape lefoko la Jehofa la tla mo go Jeremia lwa bobedi, a sa ntse a tswaletswe mo lwapeng lwa balebedi, la re:
2
“Go bua jaana Jehofa yo o dirang se, Jehofa yo o se bopang go tla a se tlhomamisa, Jehofa ke leina la gagwe.
3
Mpitsa, mme ke tlaa go araba, ke go supetsa dilo tse dikgolo, le tse di thata tse o sa di itseng.
4
Gonne Jehofa, Modimo wa Iseraele, o bua jaana, a re: Ka ga matlo a motse o, le ka ga matlo a dikgosi tsa Juta, a a rutlilweng go tla ba dira ka one dikago tsa go tilela ba dimota tsa ntwa le ba tšhaka.
5
Ba tla go tlhabana le Bakalatea, e be e le go di tlatsa ditoto tsa batho, ba ke ba bolaileng mo bogaleng jwa me, le mo tšararegong ya me, le ba ke subetseng motse o sefatlhogo sa me, ka ntlha ya boikepo jotlhe jwa bone.
6
“Bona, ke tlaa o leretse go fola le phodiso, le bone ke tlaa ba fodisa; mme ke tlaa ba senolela letlotlo la kagiso le boammaruri.
7
Ke tlaa busa botshwaro jwa Juta le botshwaro jwa Iseraele, mme ke tlaa ba aga, jaaka ga ntlha.
8
Ke tlaa ba ntlafatsa mo boikepong jotlhe jwa bone, jo ba nteofetseng ka jone; ke tlaa ba itshwarela maikepo otlhe a bone, a ba nteofetseng ka one, le a ba ntloletseng ka one.
9
Motse o, o tlaa nna mo go nna leina la boitumelo, le pako le kgalalelo, fa pele ga merafe yotlhe ya lefatshe, e e tlaa utlwelang molemo otlhe o ke o ba direlang, e e tlaa boifang e ba e roromela molemo otlhe le kagiso yotlhe e ke e ba direlang.”
10
Jehofa o bua jaana, a re: “Gape mo felong fa lo buang ka ga gone lo re: ‘Go kgakgabetse, go se na motho, go se na kgomo,’ e bong mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema, e e swafetseng, e se na motho, e se na monni, e se na kgomo;
11
go tlaa ba go utlwala teng modumo wa boitumelo le modumo wa boipelo, lentswe la monyadi le lentswe la monyadwi, le lentswe la ba ba reng: “ ‘Bakang Jehofa wa masomosomo, gonne Jehofa wa molemo, gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng’; “le modumo wa ba ba lereng ditlhabelo tsa tebogo mo ntlong ya ga Jehofa. Gonne ke tlaa busa botshwaro jwa lefatshe jaaka ga ntlha, go bua Jehofa.
12
“Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Gape go tlaa ba go nna mo felong fa go kgakgabetseng, go se na motho go se na kgomo, le mo metseng yotlhe ya teng, go tlaa nama go nna boago jwa badisa ba ba bothisang matsomane a bone teng.
13
Mo metseng ya lefatshe la makgabana, le mo metseng ya kwa sekhuting, le mo metseng ya Borwa, le mo lefatsheng la Benjamine, le mo mafelong a a mo tikologong ya Jerusalema, le mo metseng ya Juta, matsomane a tlaa ba a feta ka fa tlase ga diatla tsa yo o a balang, go bua Jehofa.
14
“Bonang metlha e etla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa dirafatsang ka yone lefoko le le molemo leo, le ke le buileng ka ga ntlo ya Iseraele le ka ga ntlo ya Juta.
15
“Mo metlheng eo, le ka lobaka loo, ke tlaa tlhogisetsa Dafite Letlhogele la tshiamo; mme o tlaa dirafatsa katlholo le tshiamo mo lefatsheng.
16
Mo metlheng eo Juta o tlaa bolokwa, le Jerusalema o tlaa nna mo polokegong; le ke lone leina le o tlaa bidiwang ka lone, go twe, ‘Jehofa ke tshiamo ya rona.’
17
“Gonne Jehofa o bua jaana, a re: Dafite ga a ketla a tlhoka monna gope yo o dulang mo setulong sa bogosi sa ntlo ya Iseraele;
18
le gone baperesiti ba Balefi ga ba ketla ba tlhoka monna fa pele ga me yo o isang ditshupelo tse di fisiwang, le yo o fisang diromololo, le yo o dirang setlhabelo ka gale le ka gale.”
19
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go Jeremia, la re:
20
“Jehofa o bua jaana, a re: Fa lo ka senya kgolagano ya me ya motshegare, le kgolagano ya me ya bosigo, gore go se ka ga nna motshegare le bosigo mo metlheng ya tsone;
21
foo le yone kgolagano ya me le Dafite motlhanka wa me, e ka senyega, a ba a tla a tlhoka ngwana wa mosimane yo o tlaa busang mo setulong sa gagwe sa bogosi; le yone kgolagano ya me le Balefi ba baperesiti, badiredi ba me.
22
Jaaka bontsintsi jwa legodimo bo sa kake jwa balwa, le fa e le mošawa wa lewatle go lekanngwa; ke tlaa ntsifatsa losika lwa ga Dafite motlhanka wa me jalo, le Balefi ba ba ntirelang.”
23
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go Jeremia, la re:
24
“A ga o akanye se batho ba, ba se buileng, ba re: ‘Ditshika tse pedi tse Jehofa o kileng a di itshenkela, o di latlhile?’ Boo ba nyatsa batho ba me jalo, gore ba se ka ba tlhola ba nna morafe fa pele ga bone.
25
Jehofa o bua jaana, a re: Fa kgolagano ya me ya motshegare le ya bosigo e sa eme, fa ke sa tlhoma melao ya legodimo le lefatshe;
26
foo le gone ke tlaa latlha losika lwa ga Jakobe, le lwa ga Dafite motlhanka wa me, ke ba ke tla ke gana go tsaya ba losika lwa gagwe go nna babusi ba losika lwa ga Aberahame, le Isake, le Jakobe; gonne ke tlaa dira gore botshwaro jwa bone bo busiwe, mme ke tlaa ba utlwela botlhoko.”
← Chapter 32
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 34 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52