bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 34
Jeremiah 34
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 35 →
1
Lefoko le le tsileng mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, jale ka Nebukatenesare kgosi ya Babilone, le ntwa yotlhe ya gagwe, le magosi otlhe a lefatshe a a mo taolong ya gagwe, le ditšhaba tsotlhe di tla go tlhasela Jerusalema, le metse yotlhe ya gone, la re:
2
“Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: Ya o bue le Setekia kgosi ya Juta, mme o mo reye o re: ‘Jehofa o bua jaana, a re: Bona, ke tlaa tsenya motse o mo seatleng sa kgosi ya Babilone, mme e tlaa o fisa ka molelo.
3
Ga o ketla o falola mo seatleng sa yone, o tlaa tshwarwa ruri o tsenngwa mo seatleng sa yone; matlho a gago a tlaa leba matlho a kgosi ya Babilone, lo tlaa buisanya ka melomo, mme o tlaa ya kwa Babilone.’
4
Le fa go ntse jalo utlwa lefoko la ga Jehofa, wena Setekia kgosi ya Juta: Jehofa o bua jaana ka ga gago, a re: Ga o ketla o swa ka tšhaka;
5
o tlaa swela mo kagisong; le ka diphisetso tsa borraago, e bong dikgosi tsa pele tse di ne di le pele ga gago, batho ba tlaa go direla diphisetso jalo; ba tlaa go hutsafalela, ba re: ‘Ija we, morena!’ Gonne ke buile lefoko, go bua Jehofa.”
6
Foo moperofeti Jeremia a bua mafoko a otlhe le Setekia kgosi ya Juta mo Jerusalema.
7
Jale ka ntwa ya kgosi ya Babilone e tlhasela Jerusalema, le metse yotlhe ya Juta e e neng e setse, e bong Lakiše le Aseka; gonne go ne go setse yone e le yosi fela ya metse ya Juta e e thekeleditsweng.
8
Lefoko le le tsileng mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, morago ga kgosi Setekia a sena go dira kgolagano le batho botlhe ba ba mo Jerusalema, ya go ba kuela kgololesego;
9
gore motho mongwe le mongwe a golole motlhanka wa gagwe, le lelata la gagwe, e le wa Mohebere wa monna, kgotsa Mohebere wa mosadi; gore ope a se ka a itirela ka bone, e bong ka Mojuta wa ngwana a rraagwe.
10
Mme dikgosana tsotlhe le batho botlhe ba utlwa, e bong ba ba tsenyeng mo kgolaganong eo, gore mongwe le mongwe a golole motlhanka wa gagwe, le mongwe le mongwe a golole lelata la gagwe, gore ope a se ka a tlhola a itirela ka bone; ba utlwa mme ba ba lesa ba tsamaya.
11
Morago ga mo ba menoga, ba busa batlhanka bao, le malata ao, ba ba neng ba ba lesitse ba gololesegile, ba ba patikela go nna batlhanka le malata gape.
12
Ke gone ka moo lefoko la ga Jehofa la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, la re:
13
“Jehofa, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: Nkile ka dira kgolagano le borraeno mo motlheng o ke ba ntshitseng ka one kwa lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka, ka re:
14
‘E tle e re go fetile dinyaga di supa, a mongwe le mongwe wa lona a golole ngwana a rraagwe yo e leng Mohebere, yo o rekisitsweng mo go ene, mme a mo diretse ka dinyaga di le thataro, a a mo lese a tswe mo go ene’; mme borraeno ga ba a ka ba ntheetsa, le fa e le go sekega tsebe.
15
Mme gompieno lo ne lo sokologile, lo ne lo dirile se se siameng mo matlhong a me, ka go re mongwe le mongwe o ne a kuile kgololesego ya wa ga gabo; lo ne lo dirile kgolagano fa pele ga me, mo ntlong e e bidiwang ka leina la me.
16
Lo bile lo menogile, lo tlhapaditse leina la me, mongwe le mongwe o busitse motlhanka wa gagwe le lelata la gagwe, ba lo neng lo ba lesitse ba gololesegile ka fa ba ratileng ka gone; lo ba patiketse go nna batlhanka le malata gape mo go lona.”
17
Ke gone ka moo Jehofa o bua jaana, a re: “Ga lo a ka lwa ntheetsa, go kuela mongwe le mongwe ngwana a rraagwe kgololesego, le mongwe le mongwe wa ga gabo kgololesego; bonang, go bua Jehofa, ke lo kuela kgololesego ya tšhaka, le kgogodi le popamo; ke tlaa lo akgaakgela mo magosing otlhe a lefatshe.
18
Banna ba ba tlodileng kgolagano ya me, ba ba se kang ba dirafatsa mafoko a kgolagano e ba e dirileng fa pele ga me, jale ka ba fatola namane, mme ba ralala gare ga mefama ya yone;
19
dikgosana tsa Juta le dikgosana tsa Jerusalema, baopafadiwa le baperesiti, le batho botlhe ba lefatshe ba ba raletseng gare ga mefama ya namane;
20
batho bao, ke tlaa ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone, le mo seatleng sa ba ba senkang botshelo jwa bone. Ditoto tsa bone di tlaa nna dijo tsa dinonyane tsa legodimo, le tsa dibatana tsa lefatshe.
21
Setekia kgosi ya Juta le dikgosana tsa ga gabo ke tlaa ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone, le mo seatleng sa ba ba senkang botshelo jwa bone, le mo seatleng sa ntwa ya kgosi ya Babilone, ba ba tlogileng mo go lona.
22
Bonang, go bua Jehofa, ke tlaa laola, mme ke tlaa ba busetsa kwano motseng o; ba tlaa tlhabana nao, ba o gapa, ba o fisa ka molelo; mme ke tlaa swafatsa metse ya Juta, e nne fela e se na monni.”
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 35 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52