bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 27
Jeremiah 27
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 28 →
1
E rile mo tshimologong ya puso ya ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juta, lefoko le, la tla mo go Jeremia, le tswa kwa go Jehofa, la re:
2
Jehofa o ntheile jaana, a re: “Itirele dikgole le dijokwe, mme o di beye mo thamong ya gago;
3
o di ise kwa kgosing ya Etome, le kwa kgosing ya Moabe, le kwa kgosing ya bana ba Amone, le kwa kgosing ya Ture, le kwa kgosing ya Sitone, ka diatla tsa barongwi ba ba tlang mo Jerusalema mo go Setekia kgosi ya Juta;
4
o ba laetse kwa go beng ba bone, o re: Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re ba bue jaana le beng ba bone, ba re:
5
Ke dirile lefatshe, le motho yo o mo lefatsheng, le ditshedi, ka thata ya me e kgolo, le ka letsogo la me le le otlologileng; ke di neye ba go leng tshiamo mo go nna go di ba naya.
6
Mme jaana mafatshe otlhe a, ke a tsentse mo seatleng sa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babilone, motlhanka wa me; le ditshedi tsa naga ke di mo neile gore di mo direle.
7
Merafe yotlhe e tlaa mo direla, le morwawe, le morwa morwawe, go tsamaye motlha wa lefatshe la gagwe tota o tle; foo merafe e le mentsi le dikgosi tse dikgolo di tlaa itirela ka ene.
8
“Go tlaa dirala go re, morafe le bogosi jo bo ganang go direla ene Nebukatenesare kgosi ya Babilone, le jo bo tlaa ganang go ipaya thamo tlase ga jokwe ya kgosi ya Babilone, ke tlaa betsa morafe oo, go bua Jehofa, ka tšhaka le ka popamo, le ka kgogodi go tsamaya ke ba nyeletsa ka seatla sa gagwe.
9
Ka ga lona, lo se ka lwa reetsa baperofeti ba lona, le fa e le baitseanape ba lona, le fa e le ditoro tsa lona, le fa e le baswabedi ba lona, le fa e le dingaka tsa lona, ba ba buang le lona, ba re: ‘Lo se ka lwa direla kgosi ya Babilone;’
10
gonne ba lo perofesetsa maaka, go tla ba lo isa kgakala le lefatshe la lona; le gore ke lo leleke, mme lo swe.
11
Mme morafe o o tlaa ipayang thamo tlase ga jokwe ya kgosi ya Babilone, o ba o e direla, ke tlaa lesa morafe oo o sala mo lefatsheng la ga one, go bua Jehofa; o le lema o ba o aga mo go lone.”
12
Ka bua le Setekia kgosi ya Juta ka fa mafokong otlhe a, ka re: “Ipeeng dithamo tlase ga jokwe ya kgosi ya Babilone, lo e direle le batho ba yone, mme lo tshele.
13
Ana lo ratelang go swa, wena le batho ba gago, ka tšhaka, le ka popamo, le ka kgogodi, jaaka Jehofa a buile ka ga morafe o o ganang go direla kgosi ya Babilone?
14
Lo se ka lwa reetsa mafoko a baperofeti ba ba buang le lona, ba re: ‘Lo se ka lwa direla kgosi ya Babilone;’ gonne ba lo perofesetsa maaka.
15
Gonne ga ke a ba roma, go bua Jehofa, mme ba perofesa ka tsietso mo ineng la me; gore ke lo leleke, le gore lo swe, lona le baperofeti ba ba lo perofesetsang.”
16
Gape ke buile le baperesiti le batho botlhe ba, ka re: “Jehofa o bua jaana, a re: Lo se ka lwa reetsa mafoko a baperofeti ba lona, ba ba lo perofesetsang, ba re: ‘Bonang, dijana tsa ntlo ya ga Jehofa di tlaa akofa di bosiwa kwa Babilone,’ gonne ba lo perofesetsa maaka.
17
Lo se ka lwa ba reetsa; direlang kgosi ya Babilone, mme lo tshele; ana motse o, o ka bo o nna tshwafalo go reng?
18
Fa ba le baperofeti, mme fa lefoko la ga Jehofa le le mo go bone, a ba rapele Jehofa wa masomosomo jaana, gore dijana tse di tlogetsweng mo ntlong ya ga Jehofa, le mo ntlong ya kgosi ya Juta, le mo Jerusalema, di se ka tsa ya Babilone.
19
Gonne Jehofa wa masomosomo o bua jaana ka ga maotwana, le ka ga lewatle, le ka ga ditlhomo, le ka ga mathosi a dijana tse di tlogetsweng mo motseng,
20
tse Nebukatenesare kgosi ya Babilone o se kang a di tsaya, jale ka a tlosa Jekonia morwa Jehoiakime, kgosi ya Juta, kwa Jerusalema, e le setshwarwa, a mo isa Babilone, a na le bagolwane botlhe ba Juta le ba Jerusalema.
21
Ee, Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: “Ka ga dijana tse di tlogetsweng mo ntlong ya ga Jehofa, le mo ntlong ya kgosi ya Juta, le mo Jerusalema,
22
di tlaa isiwa kwa Babilone, mme di tlaa nna gone go ya go fitlha mo motlheng o ke tlaa ba lekolang ka one, go bua Jehofa; foo ke tlaa di tlhatlosa, ke di busetsa mo felong fa.”
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 28 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52
Recommended Reading
Commentary
Jeremiah Commentaries
→
Devotional
Jeremiah Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→