bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 22
Jeremiah 22
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 23 →
1
Jehofa o bua jaana, a re: “Ya kwa ntlong ya kgosi ya Juta, mme o bue teng lefoko le, o re:
2
‘Utlwa lefoko la ga Jehofa, wena kgosi ya Juta, yo o dutseng mo setulong sa ga Dafite sa bogosi, wena, le batlhanka ba gago, le batho ba gago ba ba tsenang ka dikgoro tse.
3
Jehofa o bua jaana, a re: Dirafatsang tshiamiso le tshiamo, lo golole ba ba thopilweng mo seatleng sa mopatiki; se direng tshiamololo epe, se senyetseng moeng, le fa e le lesiela, le fa e le mosadi wa motlholagadi, le gone se tshololeleng madi a a se nang molato mo felong fa.
4
Gonne fa ruri lo dira selo se, foo go tlaa tsena ka dikgoro tsa ntlo e, dikgosi tse di dutseng mo setulong sa ga Dafite sa bogosi, di palame mo dikareng, le mo dipitseng, yone le batlhanka ba yone le batho ba yone.
5
Mme fa lo gana go utlwa mafoko a, ke ikana ka nna ka nosi, go bua Jehofa, ka re: Ntlo e e tlaa nna tshwafalo fela.’ ”
6
Gonne Jehofa o bua jaana ka ga ntlo ya kgosi ya Juta, a re: “O Gileate mo go nna, le tlhogo ya Lebanone; le fa go ntse jalo ruri ke tlaa go ntsha naga fela, le metse e e sa nnweng.
7
Ke tlaa go baakanyetsa basenyi, mongwe le mongwe a na le dibolao tsa gagwe; mme ba tlaa rema masetara a gago a a tlhophegileng, ba a latlhela mo molelong.
8
“Merafe e le mentsi e tlaa feta ka motse o, mongwe le mongwe o tlaa raya yo o bapileng nae, a re: ‘Ana Jehofa o diretse motse o mogolo o jaana ka ntlha yang?’
9
Foo ba tlaa fetola, ba re: ‘Ke ka gonne ba latlhile kgolagano ya ga Jehofa Modimo wa bone, ba obamela medimo e sele, ba e direla.’ ”
10
Se seleleng moswi, le fa e le go mo thukhuthela tlhogo; mme yo o tsamaelang koo lo mo lelele thata; ka a se ketla a tlhola a boa, le fa e le go bona lefatshe la ga gabo.
11
Gonne Jehofa o bua jaana ka ga Shalume morwa Josia, kgosi ya Juta, yo o busitseng mo boemong jwa ga Josia rraagwe, yo o ne a tswa mo felong fa: “Ga a ketla a tlhola a boela teng gope.
12
Mo felong kwa ba mo isitseng a le setshwarwa teng, o tlaa swela teng, mme ga a ketla a tlhola a bona lefatshe le gope.”
13
A bo go latlhega motho yo o agang ntlo ya gagwe ka tshiamololo, le matlwana a gagwe ka patiko, yo o dirisang wa ga gabo ka go mo tlhokisa maduo, a sa mo neye tuelo ya tiro ya gagwe;
14
yo o reng: “Ke tlaa ikagela ntlo e e atlhameng, le matlwana a kgatshimolo,” mme a iphunyetse diipone; e khurumediwe kwa godimo ka masetara, e be e tshasiwe bohibidu jo bontle.
15
A o tlaa busa ka go bo o leka thata go gaisa ba bangwe ka masetara? A rraago o ne a se ka a ja, a nwa, a ba a dira katlholo le tshiamiso, foo ga nna molemo mo go ene?
16
O ne a atlhola mafoko a bahumanegi le batlhoki; foo ga nna molemo. A e ne e se gone go nkitse? Go bua Jehofa.
17
Matlho a gago ga a ope, le pelo ya gago ga e gope, fa e se mo papading e e sa siamang, le mo go tshololeng madi a a se nang molato, le mo patikong, le mo go thubakeng, go go dira.
18
Ke gone ka moo Jehofa o bua jaana ka ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juta, a re: “Ga ba ketla ba mo hutsafalela, ba re: “ ‘Jo we, ngwana a rre!’ Kgotsa: ‘Jo we, kgaitsadiake!’ Ga ba ketla ba mo hutsafalela, ba re: ‘Jo we, morena!’ Kgotsa: ‘Jo we, kgalalelo ya gagwe!’
19
O tlaa fitlhwa wa phitlho ya esela, a gogwa a ya go latlhelwa kwa ntle ga dikgoro tsa Jerusalema.”
20
“Tlhatlogela kwa Lebanone, o tlhomeletse; o tsholeletse lentswe la gago mo Bašane; o tlhomeletse o le mo Abarime; gonne dinyatsi tsotlhe tsa gago di sentswe.
21
Ka bua nao mo motlheng wa go segofala ga gago; mme wa re: ‘Ga nketla ke utlwa.’ E ne e ntse e le one mokgwa wa gago e sa le mo borobeng jwa gago, go re, ga o ko o utlwa lentswe la me.
22
Phefo e tlaa ja badisa botlhe ba gago, dinyatsi tsa gago di tlaa ya botshwarong; ruri ka lobaka loo o tlaa bo o tlhajwa ke ditlhong, o sosobagana ka ntlha ya boikepo jotlhe jwa gago.
23
Wena monni wa Lebonone, yo o agang setlahaga sa gago mo masetareng, ana o tlaa bo o tlhomola pelo jang mogang o go inganga go tlang mo go wena, e bong botlhoko jaaka jwa mosadi yo o mo pelegong.”
24
“Jaaka ke tshedile,” go bua Jehofa, “le fa Konia morwa Jehoiakime kgosi ya Juta, e ka bo e le sekanelo mo atleng sa me se segolo, le fa go ntse jalo ke ne ke tlaa go somola gone fela;
25
ke tlaa go tsenya mo seatleng sa ba ba batlang botshelo jwa gago, le mo seatleng sa ba o ba boifang, e bong mo seatleng sa ga Nebukateresare kgosi ya Babilone, le mo seatleng sa Bakalatea.
26
Ke tlaa go latlhela kwa ntle, le mmaago yo o go belegeng, kwa lefatsheng le sele, kwa lo sa tsalelwang teng; mme lo tlaa swela teng.
27
Kwa lefatsheng le mowa wa bone o tlhologeletsweng go boela kwa go lone, ga ba ketla ba boela teng.”
28
Monna yo Konia, a o pitsana e e thubegileng e e nyatsegang? A o pitsana e e sa kgatlheng gope? Ke ka ntlha yang fa ba latlhelwa kwa ntle, ene le losika lwa gagwe, ba latlhelwa kwa lefatsheng le ba sa le itseng?
29
Wena lefatshe, lefatshe, lefatshe! Utlwa lefoko la ga Jehofa.
30
Jehofa o bua jaana, a re: “Kwalang monna yo, go re ga a na ngwana, e le monna yo o se ketlang a tlhogonolofala mo metlheng ya gagwe; gonne ga go na ope wa losika lwa gagwe yo o tlaa tlhogonolofalang, a dula mo setulong sa ga Dafite sa bogosi, mme a tlhola a busa gope mo Juta.”
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52