bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 38
Jeremiah 38
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 37
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 39 →
1
Shefatia morwa Matane, le Getalia morwa Pašure, le Jokale morwa Shelemia, le Pašure morwa Malakia, ba utlwa mafoko a Jeremia o a buileng le batho botlhe, a re:
2
“Jehofa o bua jaana, a re: Yo o nnang mo motseng o, o tlaa swa ka tšhaka, ka popamo le ka kgogodi; mme yo o tswelang kwa Bakalateeng o tlaa tshela; botshelo jwa gagwe bo tlaa nna mo go ene kgapo ya gagwe, mme o tlaa tshela.
3
Jehofa o bua jaana, a re: ‘Ruri motse o, o tlaa tsenngwa mo seatleng sa ntwa ya kgosi ya Babilone, mme o tlaa o gapa.’ ”
4
Foo dikgosana tsa raya kgosi tsa re: “Re a go rapela, a monna yo a bolawe; ka a repisa mabogo a batlhabani ba ba setseng mo motseng o, le mabogo a batho botlhe, ka a bua mafoko a a ntseng jaana nabo; ka go bo monna yo, ga a batle tlhogonolofalo ya batho ba, fa e se kutlwisobotlhoko fela.”
5
Setekia kgosi, a re: “Bonang, o mo seatleng sa lona; gonne kgosi ga se ene yo o ka dirang sengwe se lo sa se rateng.”
6
Foo ba tsaya Jeremia, ba mo latlhela mo moleteng wa ga Malakia morwa kgosi, e le molete o o mo lwapeng lwa balebedi; ba folosa Jeremia ka megala. Mo moleteng go ne go se na metsi fa e se loraga fela; Jeremia a roromela mo lorageng.
7
Jaana e rile Ebete-meleke wa Moethiopia, e le moopafadiwa yo o ne a le mo ntlong ya kgosi, a utlwa fa ba tsentse Jeremia mo moleteng; kgosi yone e dutse fa kgorong ya Benjamine;
8
Ebete-meleke a tswa mo ntlong ya kgosi a ya a bua le kgosi, a re:
9
“Kgosi, morena wa me, banna bao ba dirile bosula mo go tsotlhe tse ba di diretseng Jeremia moperofeti; yo ba mo latlhetseng mo moleteng; o ka tla a swela mo felong kwa o gone ka ntlha ya tlala; gonne ga go tlhole go na le dijo mo motseng.”
10
Foo kgosi ya laola Ebete-meleke wa Moethiopia, ya re: “Tsaya fano banna ba le 30, o ye o ntshe Jeremia moperofeti mo moleteng a ise a swe.”
11
Jalo Ebete-meleke a tsaya banna bao, a ya a tsena mo ntlong ya kgosi fa tlase ga ntlo ya dikhumo, a tsaya teng dikatana tse di latlhilweng, le diaparo tse di dibodu, a di folosetsa kwa go Jeremia mo moleteng ka megala.
12
Jalo Ebete-meleke wa Moethiopia a raya Jeremia a re: “A ko o ithathelele dikatana tse, le diaparo tse di dibodu mo magwafeng a gago fa tlase ga megala.” Jeremia a dira jalo.
13
Jalo ba goga Jeremia ka megala, ba mo ntsha mo moleteng; Jeremia a sala a le mo lwapeng lwa balebedi.
14
Foo Setekia kgosi a roma a ya go tlisa Jeremia moperofeti kwa go ene, kwa botsenong jwa boraro jo bo mo ntlong ya ga Jehofa; kgosi ya raya Jeremia ya re: “Ke tlaa go botsa sengwe; o se ka wa ntobela sepe.”
15
Foo Jeremia a raya Setekia a re: “Fa ke se go bolelela, a jaana ga o tlaa mpolaela ruri? Le gone fa ke go gakolola, ga o ketla o ntheetsa.”
16
Jalo Setekia kgosi a ikanela Jeremia mo sephiring, a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, yo o re dirileng mowa o, ga nketla ke go bolaya, le gone ga nketla ke go tsenya mo seatleng sa banna ba, ba ba senkang botshelo jwa gago.”
17
Foo Jeremia a raya Setekia a re: “Jehofa, Modimo wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: ‘Fa o tswela kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babilone, foo mowa wa gago o tlaa tshela, mme motse o, ga o ketla o fisiwa ka molelo; o tlaa tshela le ba ntlo ya gago.
18
Mme fa o gana go tswela kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babilone, foo motse o, o tlaa tsenngwa mo seatleng sa Bakalatea; ba tlaa o fisa ka molelo, mme ga o ketla o falola mo seatleng sa bone.’ ”
19
Setekia kgosi a raya Jeremia, a re: “Ke boifa Bajuta ba ba ngwegetseng kwa Bakalateeng, ba ka tla ba ntsenya mo seatleng sa bone, mme ba ntshotla.”
20
Jeremia, a re: “Ga ba ketla ba go tsenya. Ke a go rapela, a ko o utlwe fela lentswe la ga Jehofa, mo go se ke se buang nao; jalo go tlaa nna molemo mo go wena, le mowa wa gago o tlaa tshela.
21
Fa o gana go tswa, le ke lone lefoko le Jehofa o le ntshupeditseng:
22
Bona, basadi botlhe ba ba setseng mo ntlong ya kgosi ya Juta, ba tlaa ntshediwa kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babilone, mme basadi bao ba tlaa bua ba re: “ ‘Ditsala tsa gago tse dikgolo di go forile, di go fentse; jaanong ka dinao tsa gago di rorometse mo lorageng, ditsala di go fularetse.’
23
“Ba tlaa ntshetsa Bakalatea basadi botlhe ba gago, le bana ba gago; ga o ketla o falola mo seatleng sa bone, mme o tlaa tshwarwa ka letsogo ke kgosi ya Babilone; mme o tlaa bo o ba fisisa motse o ka molelo.”
24
Foo Setekia a raya Jeremia, a re: “A go se itse ope ka ga mafoko a, mme ga o ketla oo swa.
25
Fa dikgosana di utlwa fa ke buile nao, di tlaa tla mo go wena di go raya di re: ‘A ko o re bolelele se o se buileng le kgosi; o se ka wa se re lobela, ga re ketla re go bolaya; le se kgosi e se buileng nao o se re bolelele.’
26
Foo o di reye, o re: ‘Ke isitse mokokotlelo wa me fa pele ga kgosi, gore e se ka ya mpusetsa kwa ntlong ya ga Jonathane ka ya go swela teng.’ ”
27
Foo dikgosana tsotlhe tsa tla mo go Jeremia tsa mmotsa; mme a di bolelela ka fa mafokong otlhe a kgosi e a laotseng. Mme tsa khutla go bua nae, gonne selo seo se ne se sa lemogwa.
28
Jalo Jeremia a nna mo lwapeng lwa balebedi go ya go fitlha mo tsatsing le Jerusalema o gapilweng ka lone.
← Chapter 37
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 39 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52