bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 18
Jeremiah 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 19 →
1
Lefoko le le tsileng mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, la re:
2
“Nanoga, o ye kwa ntlong ya mmopi wa dipitsa, mme ke tlaa go utlwisa mafoko a me teng.”
3
Foo ka ya kwa ntlong ya mmopi wa dipitsa, mme bonang, a bo a dira tiro mo didikolosong.
4
E rile sejana se o se bopang ka letsopa se senyega mo atleng sa mmopi wa dipitsa, a tloga a se bopa sejana se sele, ka fa mmopi wa dipitsa o ne a rata go se bopa ka teng.
5
Foo lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
6
“Lona ba ntlo ya Iseraele, a ga nkake ka dira ka lona jaaka mmopi yo wa dipitsa?” Go bua Jehofa. “Bonang, jaaka letsopa le ntse mo seatleng sa mmopi wa dipitsa, le lona lo ntse jalo mo seatleng sa me, lona ba ntlo ya Iseraele.
7
E tlaa re fela ka lobaka lo ke buang ka lone ka ga morafe mongwe le ka ga bogosi bonwe, go bo kumola, go bo rutlolola le go bo senya;
8
fa morafe o ke buileng ka ga one o kgaogana le bosula jwa one, ke tlaa ikwatlhaya ka ga bosula jo ke ne ke gopotse go bo o direla.
9
E tlaa re fela ka lobaka lo ke buang ka lone ka ga morafe mongwe le ka ga bogosi bonwe, go bo aga le go bo tlhoma;
10
fa bo dira bosula mo ponong ya me, bo sa utlwe lentswe la me, foo ke tlaa ikwatlhaya ka ga molemo o ke rileng ke tlaa o bo direla.
11
“Jaana ya koo, o ye o bue le batho ba Juta, le banni ba Jerusalema o re: ‘Jehofa o bua jaana, a re: Bonang, ke lo baakanyetsa bosula, ke lo logela maano; jaana a mongwe le mongwe wa lona a boe mo tseleng ya gagwe e e bosula, mme lo siamise ditsela tsa lona le ditiro tsa lona.’
12
“Mme ba re: ‘Ga go na tsholofelo, gonne re tlaa sepela ka fa maanong a rona, re tlaa dira fela mongwe le mongwe ka fa logwading lwa pelo ya gagwe.’ ”
13
Ke gone jaana go bua Jehofa, a re: “A ko lo botse mo merafeng fa mongwe a kile a utlwela dilo tse di ntseng jaana; kgarebana ya Iseraele e dirile selo se se tsitlisang marapo.
14
A kapoko ya Lebanone e ka tlhokafala mo lefikeng la naga? Kgotsa a metsi a a tsididi a a tshitlhang a tswa kgakala a ka tšha?
15
Gonne batho ba me ba ntebetse, ba fiseditse boithamako maswalo; ba ba kgokgoeditse mo tseleng tsa bone, mo tseleng tsa bogologolo, gore ba tle ba tsamaye mo tselaneng tse di kwa thoko, mo tseleng e e sa dirweng;
16
go tla ba dira lefatshe la bone kgakgamatso, le kotso e e sa khutleng; mongwe le mongwe yo o fetang ka teng o tlaa gakgamala, a ba a thukhutha tlhogo.
17
Ke tlaa ba falatsa fa pele ga mmaba, jaaka e ka bo e le ka phefo ya botlhabatsatsi; ke tlaa ba leba motlhana, e seng sefatlhogo, mo motlheng wa tatlhego ya bone.”
18
Foo ba re: “Ntlong, a re logeleng Jeremia maano; gonne molao ga o ketla o tlhokafala mo moperesiting, le fa e le kgakololo mo go yo o botlhale, le fa e le lefoko mo moperofeting. Ntlong, re mmetseng ka loleme, mme a re se tlhokomeleng mafoko ape a gagwe.”
19
“A ko o ntlhokomele Jehofa, o reetse lentswe la bone ba ba ganelang le nna.
20
A molemo o tlaa duelwa ka bosula? Gonne ba epetse mowa wa me lemena. O gakologelwe ka fa nkileng ka ema fa pele ga gago ka gone go ba buela molemo, go faposa tšarologo ya gago mo go bone.
21
Ke gone o neelele bana ba bone popamo, o ba tsenye mo thateng ya tšhaka; a basadi ba bone ba tlhoke bana, ba nne batlholagadi fela; a banna ba bone ba bolawe ke loso, makau a bone a bolawe ke tšhaka mo tlhabanong.
22
A go utlwale go gala mo matlong a bone mogang o lereng setlhopha mo go bone ka tshoganetso, gonne ba epile lemena la go ntshwara, ba fitlhetse dinao tsa me diru.
23
Le fa go ntse jalo Jehofa, o a e itse kgakololano yotlhe ya bone ka ga me ya go mpolaya; o se ka wa itshwarela boikepo jwa bone, o se ka wa phimola boleo jwa bone mo ponong ya gago; a ba ribigediwe fa pele ga gago; dira ka bone mo motlheng wa bogale jwa gago.”
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52