bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 7
Jeremiah 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 8 →
1
Lefoko le le tsileng mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, la re:
2
“Ema mo kgorong ya ntlo ya ga Jehofa, mme o kue teng lefoko le, o re: ‘Utlwang lefoko la ga Jehofa lona lotlhe ba Juta, ba lo tsenang ka dikgoro tse lo ya go obamela Jehofa.
3
Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana, a re: Siamisang ditsela tsa lona le ditiro tsa lona, mme ke tlaa lo agisa mo felong fa.
4
Lo se ka lwa ikanya mafoko a maaka, lwa re: Tempele ya ga Jehofa, tempele ya ga Jehofa, tempele ya ga Jehofa ke dikago tse.’
5
“Gonne fa lo siamisetsa ruri ditsela tsa lona, le ditiro tsa lona; fa lo dirafaletsa ruri tshiamiso gare ga motho le wa ga gabo;
6
fa lo sa patike moeng, le lesiela, le mosadi wa motlholagadi, fa lo sa tsholole madi a a se nang molato mo felong fa, le gone lo sa sale medimo e sele morago, go tlaa lo ikutlwisa botlhoko;
7
foo ke tlaa lo agisa mo felong fa, mo lefatsheng le ke le neileng borraeno, go tswa bogologolong go ya fela kwa bosakhutleng.
8
“Bonang, lo ikanya mafoko a maaka, a a sa kakeng a thusa sepe.
9
A lo tlaa utswa, lo bolaya batho, lo dira boaka, lo ikana ka maaka, lo fisetsa Baale maswalo, lo sala medimo e sele morago e lo sa e itseng,
10
lo ba lo ema fa pele ga me mo ntlong, e, e e bidiwang ka leina la me, mme lo re: ‘Re golotswe!’ Gore lo tle lo dire makgapha a lona otlhe fela?
11
Ntlo e, e e bidiwang ka leina la me, a e ntse jaana e fetogile mongobo wa magodu mo matlhong a lona? Bonang, nna, e bong nna, ke go bonye, go bua Jehofa.
12
Tlogang jaana lo ye kwa felong ga me fa go neng go le kwa Shilo, kwa ke agisitseng leina la me teng pele, mme lo bone se ke se go diretseng, ka ntlha ya boikepo jwa tšhaba ya me ya Baiseraele.
13
Jaana, e re ka lo dirile ditiro tsotlhe tse, go bua Jehofa, mme ka bua le lona, ke phakela ke bua, mme lo se ka lwa utlwa; ka lo bitsa, mme lo se ka lwa araba;
14
ke gone ka moo ntlo e, e e bidiwang ka leina la me, e lo e ikantseng, le felo fa ke go neileng lona le borraeno, ke tlaa e direla jaaka ke diretse Shilo.
15
Ke tlaa lo latlha lo tswa mo ponong ya me, jaaka ke latlhile bana botlhe ba ga rraeno, e bong losika lotlhe lwa ga Eferaime.
16
“Ke gone o se ka wa rapelela tšhaba e, le gone o se ka wa e tsholeletsa selelo le fa e le thapelo, o se ka wa dira thapelelo mo go nna, gonne ga nketla ke go utlwa.
17
A ga o bone se ba se dirang mo metseng ya Juta, le mo mebileng ya Jerusalema?
18
Bana ba tle ba rwalele, borraabo ba gotse molelo, basadi ba dube boupe go tla ba direla mohumagadi kgosi ya legodimo dinkgwenyana, le go thelela medimo e sele ditshupelo tse di nowang, gore ba tle ba ntlhotlheletsa bogaleng.
19
A ba bo ba ntlhotlheleletsa bogaleng? Go bua Jehofa; a ga go itlhotlheletse bone ka bosi, ba itshosobaganya difatlhogo tsa bone?
20
Ke gone ka moo Jehofa Modimo o buang jaana, a re: ‘Bonang, go tlaa goromelediwa bogale jwa me le tšarologo ya me mo felong fa, mo mothong le mo kgomong, le mo ditlhareng tsa naga, le mo loungong lwa mmu; mme go tlaa tuka molelo, ga go ketla go tingwa.’ ”
21
O bua jaana Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re: “Tlhakanyang ditshupelo tsa lona tse di fisiwang le ditlhabelo tsa lona, mme lo je nama.
22
Gonne ga ke a ka ka bua le borraeno, le fa e le go ba laola mo motlheng o ke ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto ka one, ka ga ditshupelo tse di fisiwang, le fa e le ditlhabelo.
23
Mme ka ba laolela selo se, ka re: ‘Reetsang lentswe la me, mme ke tlaa nna Modimo wa lona, lo tlaa nna batho ba me; mme lo sepele mo tseleng yotlhe e ke e lo laolelang, gore go tle go nne molemo mo go lona.’
24
Mme ga ba a ka ba reetsa, le fa e le go sekega tsebe, mme ba sepela ka fa kgakololong ya bone, le ka fa logwading lwa pelo tsa bone tse di bosula, mme ba boela kwa morago e seng kwa pele.
25
E sa le ka lobaka lo borraeno ba duleng ka lone kwa Egepeto go tla mo lobakeng lwa gompieno, ke ntse ke roma batlhanka ba me, e bong baperofeti kwa go lona, ke phakela ka meso le meso ke ba roma.
26
Le fa go ntse jalo ga ba a ka ba ntheetsa le fa e le go sekega tsebe, ba ikwatlalatsa thamo, ba dira bosula bogolo go borraabo.
27
“O tlaa bua nabo mafoko otlhe a; mme ga ba ketla ba go reetsa; le gone o tlaa ba bitsa; mme ga ba ketla ba go araba.
28
O tlaa ba raya o re: ‘O ke one morafe o o sa reetseng lentswe la ga Jehofa Modimo wa bone, le fa e le go amogela thuto; boammaaruri bo nyeletse, bo kgaotswe mo melomong ya bone.
29
Ikgaole moriri wena Jerusalema, o o latlhe, mme o tlhabeletse khutsafalo mo dithoteng tse di loforotlho; gonne Jehofa o ganne, o latlhile losika lwa bogale jwa gagwe.’
30
“Gonne bana ba Juta ba dirile se se bosula mo ponong ya me,” go bua Jehofa; “ba beile makgapha a bone mo ntlong e e bidiwang ka leina la me, go e itshekolola.
31
Ba bile ba agile mafelo a a tlotlometseng a Tofethe, yo o mo mogogorong wa morwa Hinome, go tla ba fisa bana ba bone ba basimane le ba basetsana mo molelong; e le mo ke sa go laolang, le gone go se ka ga tla ga tsoga mo pelong ya me.
32
Ke gone bonang, metlha e e tla, go bua Jehofa, ga go ketla go tlhola go bidiwa Tofethe, le fa e le mogogoro wa morwa Hinome, fa e se Mogogoro wa Polaelo; gonne ba tlaa fitlha baswi mo Tofethe, go tle go tsamaye go tlhokafale fa go ka fitlhwang teng.
33
Ditoto tsa batho ba, e tlaa nna dijo tsa dinonyane tsa loapi, le tsa dibatana tsa lefatshe; ga go ketla go dirana le ope yo o di kuulolang.
34
Foo ke tlaa khutlisa modumo wa go dira mokete le wa boitumelo, le lentswe la monyadi le lentswe la monyadi mo metseng ya Juta, le mo mebileng ya Jerusalema; gonne lefatshe le tlaa nna kgakgabalo fela.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52