bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 19
Jeremiah 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 20 →
1
Jehofa o bua jaana, a re: “Ya o reke kurwana ya letsopa ya mmopi wa dipitsa, mme o tseye bagolwane bangwe ba batho, le bagolwane bangwe ba baperesiti;
2
o tswele kwa mogogorong wa morwa Hinome, o o fa botsenong jwa kgoro ya Harasithe, o kakanye teng mafoko a ke tlaa a go bolelelang,
3
O re: ‘Utlwang lefoko la ga Jehofa lona dikgosi tsa Juta, le banni ba Jerusalema; Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: Bonang, ke tlaa lere bosula mo felong fa, mme le fa e le mang yo o bo utlwelang, ditsebe tsa gagwe di tlaa suma.
4
Gonne ba ntatlhile, ba dirile golo fa golo go sele fela, ba fiseditse medimo e sele maswalo teng, e ba ne ba sa e itse, bone le fa e le borraabo, le fa e le dikgosi tsa Juta; ba tladitse madi a ba ba se nang molato mo felong fa;
5
ba agile mafelo a a tlotlometseng a ga Baale, go tla ba fisa bana ba bone mo molelong, gore e nne ditshupelo tse di fisediwang Baale; e le se ke se kang ka se laola, le fa e le go se bua, le gone ga se a ka sa tsena mo mogopolong wa me.
6
Ke gone bonang, metlha e etla, go bua Jehofa, ya go re felo fa ga go ketla go tlhola go bidiwa Tofethe, le fa e le Mogogoro wa morwa Hinome, fa e se Mogogoro wa Palaelo fela.
7
“ ‘Ke tlaa dira kgakololo ya Juta le ya Jerusalema lefela fela mo felong fa; ke tlaa ba usa ka tšhaka fa pele ga baba ba bone, le ka seatla sa ba ba senkang go ba bolaya; mme ditoto tsa bone ke tlaa di naya dinonyane tsa loapi le dibatana tsa lefatshe, go nna dijo.
8
Ke tlaa dira motse o go nna kgakgamatso, le kotso; mongwe le mongwe yo o tlang ka gone o tlaa gakgamala a ba a otsa ka ntlha ya dipetso tsotlhe tsa teng.
9
Ke tlaa ba jesa nama ya bana ba bone ba basimane, le nama ya bana ba bone ba basetsana, mongwe le mongwe o tlaa ja nama ya tsala ya gagwe mo go dikweng ga motse, le mo pitlaganong e baba ba bone, le ba ba senkang botshelo jwa bone, ba tlaa ba pitlaganyang ka yone.’
10
“Foo o tlaa thuba kurwana mo ponong ya batho ba o tsamayang nabo.
11
O ba reye o re: ‘Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Fela jalo ke tlaa thuba tšhaba e, le motse o, jaaka motho a tle a thube sejana sa letsopa, se se sa kakeng sa tlhola se kopanngwa gape; mme ba tlaa fitlha baswi mo Tofethe, go tsamaye bonno jwa phitlhelo bo tlhokafale teng.
12
Felo fa ke tlaa go direla jalo, go bua Jehofa, le banni ba gone, ke dira motse o fela jaaka Tofethe:
13
Matlo a Jerusalema, le matlo a dikgosi tsa Juta, a a itshekolotsweng, a tlaa nna jaaka felo ga Tofethe, e bong matlo otlhe a ba fiseditseng bontsi jwa legodimo maswalo mo godimo ga ditlhomeso tsa one, ba ba ba thelela medimo e sele ditshupelo tse di nowang teng.’ ”
14
Foo Jeremia a tswa Tofethe, kwa Jehofa o ne a mo romile teng go perofesa; mme a fitlha a ema mo lwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa, mme a raya batho botlhe, a re:
15
“Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: ‘Bonang, ke tlaa lere mo motseng o le mo metsaneng yotlhe ya one, bosula jotlhe jo ke bo boletseng ka ga one; gonne ba ithatafaditse dithamo, gore ba se utlwe mafoko a me.’ ”
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52