bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 31
Jeremiah 31
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 32 →
1
“E tlaa re mo motlheng oo,” go bua Jehofa, “ke tlaa nna Modimo wa ditshika tsotlhe tsa Iseraele, mme ba tlaa nna batho ba me.”
2
Jehofa o bua jaana, a re: “Batho ba ba tlogetsweng ke tšhaka ba bonye tlhogonolofatso mo nageng, e bong Iseraele, jale ka ke ne ke ile go mo ikhutsisa.”
3
Jehofa bogologolo o kile a mponalela, a re: “Ee, ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng; ke gone ka moo ke go gogileng ka bopelonomi jwa lorato.
4
Ke tlaa ba ke go aga, mme o tlaa agiwa, wena kgarebana ya Iseraele; o tlaa ba o kgabisiwa ka meropana ya gago, mme o tlaa tswela mo dipineng tsa ba ba dirang mokete.
5
O tlaa ba o tlhoma masimo a mafine mo dithabeng tsa Samaria; batlhomi ba tlaa tlhoma, mme ba tlaa ja loungo lwa gone monate.
6
Gonne go tlaa nna letsatsi le balebedi ba ba mo makgabaneng a Eferaime ba tlaa opang mokgosi ka lone ba re: ‘Nanogang, a re tlhatlogeleng kwa Sione, kwa go Jehofa Modimo wa rona.’ ”
7
Gonne Jehofa o bua jaana, a re: “Opelang ka boitumelo ka ga Jakobe, lo theleng lošalaba ka ga yo mogolo wa merafe; lo boleleng, lo bake, lo re: ‘Jehofa, boloka batho ba gago, masalela a Iseraele.’
8
Bonang, ke tlaa ya go ba tlisa kwa lefatsheng la botsheka, ke tlaa ba phutha kwa dikhutlong tsa lefatshe, ba na le difofu, le batlhotsi, mosadi yo o ithweleng, le yo o mo pelegong ba le mmogo, ba tlaa boela kwano ba le lesomo le legolo.
9
Ba tlaa tla ka selelo, ke tlaa ba goga ka mekokotlelo; ke tlaa ba tsamaisa fa dinokeng tsa metsi, mo tseleng e e siameng e ba se ketlang ba kgokgweetsega mo go yone; gonne ke rraabo Baiseraele, mme Eferaime ke ngwana wa me wa ntlha.
10
“Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona merafe, lo le kakanye mo ditlhakeng tse di kwa kgakala; lo re: ‘Ene yo o faladitseng Iseraele o tlaa mo phutha, a mo dibela, jaaka modisa a tle a dibele letsomane la gagwe.’
11
Gonne Jehofa o rekolotse Jakobe, a mo rekolola mo seatleng sa yo o ne a le thata bogolo go ene.
12
Ba tlaa tla ba opela mo thoteng ya Sione, ba tlaa sailela mmogo kwa molemong wa ga Jehofa, kwa mabeleng, le kwa bojalweng jwa mofine, le kwa lookwaneng, le kwa loonyaneng lwa letsomane le lwa matlhape; mowa wa bone o tlaa nna jaaka tshimo e e nosiwang; mme ga ba ketla ba tlhola ba hutsafala gope.
13
Foo kgarebane e tlaa itumela mo pineng, le makau le banna bagolo mmogo; gonne khutsafalo ya bone ke tlaa e fetola boitumelo, ke tlaa ba gomotsa, ke ba itumedisa, ba tswa mo bohutsaneng jwa bone.
14
Ke tlaa thethebatsa mowa wa baperesiti ka mafura, le batho ba me ba tlaa kgora molemo wa me,” go bua Jehofa.
15
Jehofa o bua jaana, a re: “Go utlwala lentswe mo Rama, khutsafalo, le selelo se sebe, Ragele o lelela bana ba gagwe; o gana go gomodiwa ka ga bana ba gagwe, ka ba seyo.”
16
Jehofa o bua jaana, a re: “Thiba lentswe la gago mo selelong, le matlho a gago mo dikeleding, gonne tiro ya gago e tlaa duelwa,” go bua Jehofa; “mme ba tlaa ba ba boa kwa lefatsheng la mmaba.
17
Go na le tsholofelo ka ga bokhutlo jwa gago,” go bua Jehofa; “mme bana ba gago ba tlaa ba ba boela molelwaneng o e leng wa bone.
18
Ruri ke a bo ke utlwile Eferaime a itelela, a re: ‘O mpeditse, mme ka bediwa, jaaka namane e e sa tlwaelang jokwe; a ko o ntshokolole, mme ke tlaa sokologa; gonne o Jehofa Modimo wa me.
19
Ruri ya bo e rile ke sena go sokololwa, ka ikwatlhaya; ke sena go rutwa, ka ipata serope; ka tlhajwa ke ditlhong, ee, ka sosobagana, ka gonne ke ne ke rwele kgobo ya bokau jwa me.’
20
A Eferaime ke morwaake yo o rategang? A ke ngwana yo o kgatlhang? Gonne jaaka ke ntse ke mo nyatsa ke be ke ntse ke mo gakologetswe ka thata; ke gone ka moo mala a me a ba a ntse a mo huduegela; ruri ke tlaa mo utlwela botlhoko,” go bua Jehofa.
21
“Itlhomele dikai tsa tsela, o itirele ditlhaloganyetso tsa ditsela; lebisa pelo ya gago kwa tseleng ya mheru, e bong tsela e o kileng wa tsamaya ka yone; ba o boe, wena kgarebana ya Iseraele, ba o boele mo metseng e ya gago.
22
O tlaa nna o ya kwa le kwa ka lobaka lo lo kaye wena mosetsana wa tenego? Gonne Jehofa o tlhodile sengwe se seša mo lefatsheng, ke go re mosadi o tlaa dikanyeletsa monna.”
23
Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana, a re: “Ba tlaa ba ba bua puo e mo lefatsheng la Juta le mo metseng ya teng, mogang ke sokololang botshwaro jwa bone, ba re: ‘A Jehofa a go segofatse, wena bonno jwa tshiamiso, wena thaba e e boitshepo.’
24
Ba Juta le metse yotlhe ya teng ba tlaa nna mmogo mo go lone; balemi ba lefatshe, le ba ba tsamayang le matsomane.
25
Gonne ke thethebaditse mowa o o lapileng, le mongwe le mongwe yo o hutsafalang ke mo etleeleditse.”
26
Foo ka kubuga, ka leba; mme boroko jwa me bo ne bo le monate mo go nna.
27
“Bonang, metlha e etla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa jalang ka yone peo ya motho, le peo ya kgomo, mo ntlong ya Iseraele, le mo ntlong ya Juta.
28
Mo go tlaa dirala, go re jaaka ke ntse ka nna ka ba lebela go kumola le go thuba, le go pitikolola le go senya, le go utlwisa botlhoko, ke tlaa ba lebela jalo go ba aga le go ba tlhoma,” go bua Jehofa.
29
E tlaa re mo metlheng eo ga ba ketla ba tlhola ba bua, ba re: “Borra bana ba jele difine tse di botlha, mme meno a bana a dilafetse.”
30
Mongwe le mongwe o tlaa swela boikepo jwa gagwe tota; motho mongwe le mongwe yo o jang difine tse di botlha ke ene meno a gagwe a tlaa dilafalang.
31
“Bonang, metlha e e tla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa dirang kgolagano e ntšha ka yone le ba ntlo ya Iseraele, le ba ntlo ya Juta.
32
E seng ka fa kgolaganong e nkileng ka e dira le borraabo jale mo motlheng o ke ba tshwereng ka letsogo ka one, ka ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto; mme kgolagano eo ya me ba ne ba e senya, le fa ke ne ke le monna wa bone,” go bua Jehofa.
33
“Kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo ke e,” go bua Jehofa. “Ke tlaa tsenya molao wa me mo teng ga bone, ke o kwala mo pelong tsa bone. Ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.
34
Ga ba ketla ba tlhola ba ruta mongwe le mongwe wa ga gabo, le mongwe le mongwe ngwana a rraagwe, ba re: ‘Itse Jehofa;’ gonne ba tlaa nkitse botlhe fela, go simolola ka yo mmotlana go ya go yo mogolo mo go bone,” go bua Jehofa; “gonne ke tlaa ba itshwarela boikepo jwa bone, le boleo jwa bone ga nketla ke tlhola ke bo gakologelwa gope.”
35
Go bua jaana Jehofa, yo o beileng letsatsi gore le nne lesedi motshegare, le melao ya kgwedi le ya dinaledi gore di nne lesedi mo bosigong; yo o huduang lewatle, mme dinteelo tsa lone di faologe; Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe.
36
“Fa ditao tse, di tloga fa pele ga me,” go bua Jehofa, “foo le losika lwa Iseraele lo tlaa khutla go tlhola e le morafe fa pele ga me ka bosakhutleng.”
37
Go bua jaana Jehofa, a re: “Fa legodimo kwa godimo le ka lekanngwa le metheo ya lefatshe kwa tlase, fa e ka hukudiwa, foo le nna ke tlaa latlha losika lotlhe lwa Iseraele ka ntlha ya tsotlhe tse ba di dirileng,” go bua Jehofa.
38
“Bonang, metlha e etla,” go bua Jehofa, “motse o, o tlaa agelwa Jehofa, go tswa kagong e e godileng ya ga Hananele go ya kgorong ya kgokgotsho.
39
Le thapo e e lekanyang e tlaa nama e tlhamalalela kwa lekhubung la Garebe, mme e tlaa menogela kwa Goa.
40
Mogogoro otlhe o o ditotototo le o o melora, le matlhagare otlhe go ya kwa molatswaneng wa Kiterone, go ya kwa kgokgotshong ya kgoro ya dipitse ntlheng ya botlhabatsatsi, go tlaa itshepela Jehofa; ga go ketla go tlhola go kumolwa, le fa e le go digwa gope ka bosakhutleng.”
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 32 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52
Recommended Reading
Commentary
Jeremiah Commentaries
→
Devotional
Jeremiah Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→