bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 3
Jeremiah 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 4 →
1
“Go tle go twe: “ ‘Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe, mme mosadi a tswa mo go ene, a ya a nna mosadi wa monna o sele, a monna o ka ba a boela mo go ene?’ Lefatshe leo a ga le ketla le leswefala thata? Mme wena o dirile boaka le dinyatsi di le dintsi; le fa go ntse jalo, a wa re o boela mo go nna?” go bua Jehofa.
2
“Tsholeletsa matlho kwa dithoteng tse di loforotlho, mme o bone; kwa go se kang ga lalwa nao gone ke kae? O ba duletse fa ditseleng, jaaka Moarabia mo gareng ga naga; mme o leswefaditse lefatshe ka maakafalo a gago, le ka boikepo jwa gago.
3
Ke gone ka moo dipula tsa medupe di kganetsweng, go bile go ise go ko go ne pula ya kgogolamoko; le fa go ntse jalo o ne o na le phatla ya seaka, wa gana go tlhajwa ke ditlhong.
4
“Go tloga mo lobakeng lono a ga o ketla o biletsa kwa go nna, o re: ‘Rara, ke wena mogogi wa bokau jwa me?
5
A o tlaa nna bogale ka bosakhutleng?’ A o tlaa bo tshegeletsa go ya kwa bokhutlong? Bona o buile, mme o dirile dilo tse di bosula, o bile o dirile go rata ga gago.”
6
Gape Jehofa o ne a nthaya mo metlheng ya kgosi Josia, a re: “A o bonye se Iseraele mosadi wa motenegi o se dirileng? O palametse kwa thabeng nngwe le nngwe e e godileng, o ile fa tlase ka setlhare sengwe le sengwe se setala, mme o akafaletse teng.
7
E rile a sena go dira dilo tsotlhe tse, ka re: ‘O tlaa boela mo go nna,’ mme ga a ka a bowa; mme mogolowe mosadi wa molotsana, e bong Juta o ne a go bona.
8
Ka bona jaaka e rile ke sena go tlhala Iseraele wa motenegi, le go mo naya lokwalo lwa tlhalo, fela ka ntlha ya go bo a dirile boaka, le fa go ntse jalo mogolowe wa molotsana, e bong Juta ga a ka a boifa; mme le ene a ya a akafala.
9
Mme ga dirala ya re ka ntlha ya go bo boaka jwa gagwe a bo kaya e seng sepe, lefatshe la leswefadiwa, mme a akafala le maje le dikgong.
10
Le fa dilo tse tsotlhe di ntse jalo, mogolowe wa molotsana, e bong Juta, ga a a boela mo go nna ka pelo yotlhe ya gagwe, fa e se ka boitimokanyo fela.” Go bua Jehofa.
11
Mme Jehofa a nthaya a re: “Iseraele wa motenegi o itshupile fa a le tshiamo bogolo go Juta molotsana.
12
Ya o bolele mafoko a kwa ntlheng ya botsheka, o re: ‘Boa wena Iseraele wa motenegi,’ go bua Jehofa. ‘Ga nketla ke lo leba ka bogale, gonne ke kutlwelobotlhoko,’ go bua Jehofa, ‘ga nketla ke tshegetsa bogale ka bosakhutleng.’
13
Mme go le gosi o ipolele boikepo jwa gago ka go re, o tloletse Jehofa Modimo wa gago, o gaseditse baeng mekgwa ya gago fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, mme lwa se ka lwa akela lentswe la me”; go bua Jehofa.
14
“Bowang, lona bana ba lo tenegang,” go bua Jehofa, “gonne ke monna wa lona; mme ke tlaa lo tsaya a le mongwe fela wa motse mongwe, ba le babedi ba losika longwe, mme ke tlaa lo tlisa mo Sione.
15
Ke tlaa lo naya badisa ka fa pelong ya me, ba ba tlaa lo jesang ka kitso le tlhaloganyo.
16
Go tlaa dirala go re, e tlaa re mo metlheng eo lo sena go ntsifala, lo atile mo lefatsheng,” go bua Jehofa, “ga ba ketla ba tlhola ba re: ‘Letlole la kgolagano ya ga Jehofa’; le gone ga le ketla le tla; mme ga ba ketla ba le gakologelwa; le gone ga ba ketla ba le ngongoregela; le gone ga le ketla le tlhola le dirwa gope.
17
E tlaa re mo motlheng oo ba tlaa bitsa Jerusalema Setulo sa ga Jehofa sa bogosi; mme merafe yotlhe e tlaa phuthegela kwa go sone, kwa leineng la ga Jehofa kwa Jerusalema; mme ga ba ketla ba tlhola ba tsamaya ka fa logwading lwa pelo ya bone e e bosula.
18
E tlaa re mo metlheng eo ba ntlo ya Juta ba tlaa sepela le ba ntlo ya Iseraele, ba tlaa tswa mmogo kwa lefatsheng la botsheka ba tla mo lefatsheng le ke le neileng borraeno boswa.”
19
“Mme ka re: ‘Ke tlaa go baya jang mo baneng ba me, ke go naya lefatshe le le eletsegang, boswa jo bo molemo jwa bontsi jwa merafe?’ Mme ka re: Lo tlaa mpitsa lo re: ‘Rraetsho’; ga lo ketla lo kgaogana le go ntshala morago.
20
Ruri jaaka mosadi a tle a kgaogane le monna wa gagwe ka bolotsana, le lona lo ntiretse ka bolotsana, lona ba ntlo ya Iseraele,” go bua Jehofa.
21
Lentswe lengwe le utlwala mo dithoteng tse di loforotlho, selelo le mekokotlelo ya bana ba Iseraele; gonne ba sokamisitse tsela ya bone, ba lebetse Jehofa Modimo wa bone.
22
“Bowang, lona bana ba lo tenegang, ke tlaa fodisa ditenego tsa lona.” “Bona, re tsile mo go wena; gonne o Jehofa Modimo wa rona.
23
Ruri thuso e e lebeletsweng go tswa mo makhubung ke lefela, le tlhapeo e e mo dithabeng; ruri poloko ya Iseraele e mo go Jehofa Modimo wa rona.
24
“Mme selo se se tlhabisang ditlhong se sa le se ja letsapa la borraetsho mo bokaung jwa rona; matsomane a bone le matlhape a bone, bana ba bone ba basimane le ba basetsana.
25
A re itelegeng mo ditlhongnyeng tsa rona! A tshosobagano ya rona e re khurumetse; gonne re leofetse Jehofa Modimo wa rona, rona le borraetsho, go tswa mo bokaung jwa rona le go tla mo motlheng wa gompieno, ga re ise re akele lentswe la ga Jehofa Modimo wa rona.”
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52