bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 42
Jeremiah 42
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 43 →
1
Foo balaodi botlhe ba mephato, le Johanane morwa Karea, le Asaria morwa Hošaia, le batho botlhe, go simolola ka ba babotlana le go ya kwa go ba bagolo, ba atamela.
2
Ba raya Jeremia moperofeti, ba re: “Re a go rapela, a mokokotlelo wa rona o amogelwe fa pele ga gago, mme o re rapelele Jehofa Modimo wa gago, e bong masalela a otlhe; gonne re tlogetswe ke bontsi, re setse re le bannye jaaka matlho a gago a re bona,
3
gore Jehofa Modimo wa gago o tle o re kaele tsela e re tshwanetseng go tsamaya ka yone, le selo se re tshwanetseng go se dira.”
4
Foo Jeremia moperofeti a ba raya a re: “Ke lo utlwile; bonang, ke tlaa rapela Jehofa Modimo wa lona ka fa mafokong a lona; mme go tlaa dirala go re, le fa e ka ne e le eng se Jehofa o tlaa lo fetolang ka sone, ke tlaa se lo bolelela; ga nketla ke lo lobela sepe.”
5
Foo ba raya Jeremia ba re: “A Jehofa a nne mosupi yo o boammaaruri le boikanngo gare ga rona, fa re sa dire fela ka fa lefokong lotlhe le Jehofa Modimo wa gago o tlaa go romang kwa go rona ka lone.
6
Le fa e ka bo e le molemo, le fa e ka bo e le bosula, re tlaa ineela fela mo lentsweng la ga Jehofa Modimo wa rona, yo re go romelang kwa go ene; gore go tle go nne molemo mo go rona, mogang re akelang lentswe la ga Jehofa Modimo wa rona.”
7
Ga dirala ya re malatsi a le some a sena go feta, lefoko la ga Jehofa la tla mo go Jeremia.
8
Foo a bitsa Johanane morwa Karea, le balaodi botlhe ba mephato ba o nang nabo le batho botlhe, go simolola ka ba babotlana, go ya kwa go ba bagolo, a ba raya a re:
9
“Jehofa Modimo wa Iseraele, yo lo nthomileng kwa go ene go ya go baya mokokotlelo wa lona fa pele ga gagwe o bua jaana, a re:
10
‘Fa lo rata lo fela lo ntse mo lefatsheng le, foo ke tlaa lo aga, mme ke se ketla ke lo rutlolola, ke tlaa lo tlhoma ke se ketla ke lo kumola; gonne ke a ikwatlhaya ka ga bosula jo ke bo lo diretseng.
11
Lo se ka lwa boifa kgosi ya Babilone e lo e tshabang; lo se ka lwa e boifa,’ go bua Jehofa; ‘gonne ke na le lona go lo boloka, le go lo golola mo seatleng sa yone.
12
Ke tlaa lo neela boutlwelo botlhoko, gore e tle e lo utlwele botlhoko, e dire gore lo boele mo lefatsheng la ga lona.’
13
“Fa lo re: ‘Ga re ketla re aga mo lefatsheng le,’ jalo lo gana go akela lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona;
14
fa lo re: ‘Nnyaa; re tlaa ya kwa lefatsheng la Egepeto, kwa re se ketlang re bona ntwa epe teng, le fa e le go utlwa modumo wa lonaka teng, le fa e le go bolawa ke tlala teng; re tlaa aga teng;’
15
ke gone jaana utlwang lefoko la ga Jehofa, lona masalela a Juta: Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: ‘Fa lo tlhometse ruri mogopolo go ya go tsena kwa Egepeto, le go ya go jaka teng,
16
foo go tlaa dirala go re tšhaka e lo e boifang, e tlaa lo tshwara teng mo lefatsheng la Egepeto, le popamo e lo e boifang, e tlaa lo konatelela ka thata teng mo Egepeto; mme lo tlaa swela teng.
17
Go tlaa nna jalo le banna botlhe ba ba tlhomileng mogopolo go ya kwa Egepeto, go ya go jaka teng; ba tlaa swa ka tšhaka, ka popamo le ka kgogodi; ga go na ope yo o tlaa salang le fa e le go falola mo bosuleng jo ke tlaa bo tlisang mo go bone.’
18
“Gonne Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: ‘Jaaka bogale jwa me le tšarologo ya me di goromeleditswe mo banning ba Jerusalema, tšarologo ya me e tlaa goromelediwa mo go lona jalo, mogang lo tsenang mo Egepeto; lo tlaa nna seferosa sebete, le kgakgamatso, le phutso, le kgobo; mme felo fa ga lo ketla lo tlhola lo go bona gope.’
19
“Jehofa o buile ka ga lona, lona masalela a Juta, a re: ‘Lo se ka lwa ya kwa Egepeto.’ Itsetseng ruri fa ke lo supeditse gompieno.
20
Gonne lo diretse mewa ya lona ka tsietso; gonne lo ne lwa nthoma kwa go Jehofa Modimo wa lona, lwa re: ‘O re rapelele mo go Jehofa Modimo wa rona; mme ka fa go tsotlhe tse Jehofa Modimo wa rona o tlaa di buang, o re bolelele jalo, mme re tlaa go dira.’
21
Ke se lo boleletse gompieno; mme ga lo a akela lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona mo go sepe se o se nthometseng kwa go lona.
22
Ke gone jaana, itsetseng ruri fa lo tlaa swa ka tšhaka, ka popamo, le ka kgogodi mo felong kwa lo eletsang go yo go jaka teng.”
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 43 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52
Recommended Reading
Commentary
Jeremiah Commentaries
→
Devotional
Jeremiah Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→