bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jeremiah 28
Jeremiah 28
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 29 →
1
Ga dirafala, ya re ka one ngwaga oo fela, mo tshimologong ya puso ya ge Setekia kgosi ya Juta, ka ngwaga wa bone, ka kgwedi ya botlhano, Hanania morwa Asure moperofeti, yo e ne e le wa Gibeone, a bua le nna mo ntlong ya ga Jehofa, fa pele ga baperesiti le batho botlhe, a re:
2
“Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: Ke robile jokwe ya kgosi ya Babilone.
3
E tlaa re dinyaga di le pedi tse di tletseng di e se di fete, ke tlaa ba ke busetsa mo felong fa dijana tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa tse Nebukatenesare kgosi ya Babilone o di tlositseng mo felong fa, a di isa Babilone.
4
Ke tlaa ba ke busetsa mo felong fa Jekonia morwa Jehoiakime, kgosi ya Juta, a na le batshwarwa botlhe ba Juta, ba ba ileng Babilone, go bua Jehofa; gonne ke tlaa roba jokwe ya kgosi ya Babilone.”
5
Foo moperofeti Jeremia a raya moperofeti Hanania mo ponong ya baperesiti, le mo ponong ya batho botlhe ba ba emeng mo ntlong ya ga Jehofa,
6
e bong moperofeti Jeremia, a re: “A go nne jalo! A Jehofa a dire jalo! A Jehofa a dirafatse mafoko a gago a o a perofesitseng, a go ba a lere dijana tsa ntlo ya ga Jehofa, le botlhe ba botshwaro, ba tswe Babilone ba tle felong fa.
7
Le fa go ntse jalo a ko o utlwe lefoko le ke le buelang mo tsebeng tsa gago, le mo tsebeng tsa batho botlhe:
8
Baperofeti ba ba kileng ba ne ba le pele ga me le pele ga gago bogologolo, ba ne ba perofesa dira, le bosula, le kgogodi ka ga mafatshe a le mantsi, le ka ga magosi a magolo.
9
Moperofeti yo o perofesang ka ga kagiso, mogang lefoko la moperofeti yoo le dirafalang, foo moperofeti yoo o tlaa itsiwe, go re Jehofa o mo romile ka mmaanete.”
10
Foo moperofeti Hanania a tlosa jokwe mo thamong ya moperofeti Jeremia, a lo roba.
11
Mme Hanania a bua mo ponong ya batho botlhe, a re: “Jehofa o bua jaana, a re: Fela jalo ke tlaa roba jokwe ya ga Nebukatenesare kgosi ya Babilone, ke e tlosa mo thamong ya merafe yotlhe, dinyaga di le pedi tse di tletseng di e se di fete.” Mme moperofeti Jeremia a tloga a tsamaya.
12
Foo lefoko la ga Jehofa la tla mo go Jeremia, morago ga Hanania moperofeti a sena go roba jokwe, a e tlosa mo thamong ya moperofeti Jeremia, la re:
13
“Ya o reye Hanania o re: ‘Jehofa o bua jaana, a re: O robile dijokwe tsa dikgong; mme o tlaa dira dijokwe tsa tshipi mo boemong jwa tsone.
14
Gonne Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana; a re: Ke beile jokwe ya tshipi mo thamong ya merafe yotlhe e, gore e direle Nebukatenesare kgosi ya Babilone; mme e tlaa mo direla. Ke bile ke mo neile diphologolo le dibatana tsa naga.’ ”
15
Foo moperofeti Jeremia a raya moperofeti Hanania, a re: “Utlwa jaana wena Hanania; Jehofa ga a a go roma; mme o dira gore batho ba, ba ikanye maaka.
16
Ke gone ka moo Jehofa o buang jaana, a re: ‘Bona, ke tlaa go tlosa mo lefatsheng; o tlaa swa ka ngwaga ono, gonne o buile go tsuololela Jehofa.’ ”
17
Jalo Hanania moperofeti a swa ka ngwaga oo, ka kgwedi ya bosupa.
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 29 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52