bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 10
Matthew 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 11 →
1
A ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e maswe, go e kgoromeletsa ntle, le go fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.
2
Jaana maina a baaposetole ba ba 12 ke a: Wa ntlha ke Simone yo o bidiwang Petere, le Anterea monnawe; Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe;
3
Filipo, le Baretholomea; Thomase, le Mathaio wa mokgethisi; Jakobe morwa Alefaio, le Thataeo;
4
Simone wa Mokanana, le Jutase Isekariote, yo e leng ene o mo okileng.
5
Ba ba 12 ba, Jesu a ba roma, mme a ba laya a re: “Lo se ka lwa tsamaya mo tseleng epe ya Baditšhaba, le fa e le mo motseng ope wa Basamaria, lo se ka lwa tsena mo go ona.
6
Bogolo lo yeng kwa dinkung tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele.
7
Lo ete lo rera lo re: ‘Bogosi jwa legodimo bo atametse.’
8
Fodisang babobodi, tsosang baswi, ntlafatsang balepero, kgoromeletsang mewa e e maswe ntle. Lo amogetse fela, nayang fela.
9
Se tseyeng gouta le fa e le selefera, le fa e le kgotlho mo pataneng tsa lona tsa madi;
10
le fa e le kuana ya loeto, le fa e le dikobo di le pedi, le fa e le ditlhako, le fa e le tsamma; gonne modiri o tshwanetswe ke sejo sa gagwe.
11
“Le fa e ka ne e le motse ofe, le fa e le motsana o lo tsenang mo go one, lo senke yo o tshwanetseng teng; mme lo nne foo, go tle go tsamaye lo tswe teng.
12
E re lo tsena mo ntlong lo e dumedise.
13
Fa ntlo eo e le yone e tshwanetseng, a kagiso ya lona e tle mo go yone; mme fa e le e e sa tshwanelang, a kagiso ya lona e boele mo go lona.
14
Mme le fa e le bomang ba ba se ketlang ba lo tshola, le fa e le go reetsa mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo, kgotsa mo motseng oo, lo itlhotlhore ditlhole mo dinaong tsa lona.
15
Ammaaruri ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga lefatshe la Sotoma le Gomora bogolo go motse oo.
16
“Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ke gone lo nneng botlhale jaaka dinoga, le bori jaaka maphoi.
17
Lo itise mo bathong; gonne ba tlaa lo neela ditshekong, ba tlaa lo seola mo matlong a bone a thuto.
18
Ee, lo tlaa isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go tla lo nna tshupo mo go bone le mo go Baditšhaba.
19
Mme e re mogang ba lo neelang mo ditshekong, lo se ka lwa tlhobaelela gore lo tlaa bua jang, le gore lo tlaa bua eng; gonne lo tlaa newa mo lobakeng loo fela se lo tlaa se buang.
20
Gonne e bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa wa ga Rraeno o o buang mo go lona.
21
“Motho o tlaa neela morwa rraagwe mo losong, le rramotho ngwana wa gagwe; bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone, ba ba bolaya.
22
Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tlaa bolokwa.
23
E re ba lo bogisa mo motseng o, lo tshabele mo go o o tlhomaganyeng nao, gonne ammaaruri ke a lo raya: Lo tlaa re lo ise lo wetse go ralala metse ya Iseraele, Morwa Motho a ba a bile a tsile.
24
“Morutwa ga a mogolo go feta moruti wa gagwe, le motlhanka ga a mogolo go feta morena wa gagwe.
25
Go lekanye morutwa fa a ntse jaaka moruti wa gagwe, le motlhanka fa a ntse jaaka morena wa gagwe. Fa ba reile mong wa ntlo ba re, Beelesebube, bogolo jang ba tlaa raya ba ntlo ya gagwe jalo.
26
“Ke gone se ba boifeng, gonne ga go na sepe se se bipilweng, se se se ketlang se senolwa, le fa e le se se lobilweng se se se ketlang se itsege.
27
Se ke se lo bolelelang mo lefifing, lo se bolele mo leseding; le se lo se sebediwang, lo se kakanye mo godimo ga matlo.
28
Le gone lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng.
29
Dithaga di le pedi a ga di rekwe ka bontlhanngwe jwa peni? Mme epe ya tsone ga e ke e wela fa fatshe kwa ntle ga Rraeno.
30
Mme le e leng meriri tota, ya ditlhogo tsa lona, e badilwe yotlhe fela.
31
Ke gone se boifeng; gonne lo tlhwatlhwa e kgolo bogolo go ya dithaga di le dintsi.
32
“Ke gone mongwe le mongwe yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.
33
Mme le fa e le mang yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.
34
“Lo se ka lwa gopola gore ke tsile go lere kagiso mo lefatsheng; ga ke a tla go lere kagiso, fa e se tšhaka fela.
35
Gonne ke tsile go lotlhanya monna le rraagwe, motsetsana le mmaagwe le ngwetsi le matsalaagwe;
36
le baba ba motho e tlaa nna bone ba ntlo ya gagwe.
37
“Yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe kgotsa morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela.
38
Le yo o sa tseyeng mokgoro wa gagwe a ntshala morago, ga a ntshwanela.
39
Yo o bolokang botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka.
40
“Yo o tsholang lona o tshola nna, le yo o tsholang nna, o tshola ene yo o nthomileng.
41
Yo o tsholang moperofeti ka leina la moperofeti, o tlaa bona tuelo ya moperofeti; le yo o tsholang mosiami ka leina la mosiami, o tlaa bona tuelo ya mosiami.
42
Le fa e le mang yo o tlaa nayang mongwe wa babotlana ba, le fa e ka bo e le metsi a a tsididi fela ka senwelo, ka leina la me, ammaaruri ke a lo raya, ga a ketla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.”
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28