bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 11
Matthew 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 12 →
1
Ga dirala, e rile Jesu a sena go wetsa go laya barutwa ba gagwe ba ba 12, a tloga a tswa gone a ya go ruta le go rera mo metseng ya bone.
2
Jaana e rile Johane a le mo ntlong ya kgolegelo, mme a utlwa ditiro tsa ga Keresete, a roma barutwa ba gagwe,
3
a mo raya a re: “A ke wena yo o tlang kgotsa a ke re lebelele o sela?”
4
Mme Jesu a ba fetola a re: “Tsamayang, lo ye lo bolelele Johane dilo tse lo di utlwang, le tse lo di bonang:
5
Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa, babosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, le bahumanegi ba rerelwa Mafoko a a Molemo.
6
Go sego yo o sa fitlheleng sepe mo go nna se se mo kgopisang.”
7
Ya re bao ba tsamaya, Jesu a simolola go bua le matshutitshuti a batho ka ga Johane a re: “Kana lo ne lo tswela kwa nageng lo ya go bona eng? A e ne e le lotlhaka lo lo tshikinngwang ke phefo?
8
Mme lo ne lo tswa lo ya go bona eng? A e ne e le monna yo o apereng diaparo tse di boleta? Bonang, ba ba apereng tse di boleta ba mo matlong a dikgosi.
9
Mme lo ne lo tswelang? A e ne e le go bona moperofeti? Ee, ke a lo raya, e bile e le yo mogolo bogolo go feta moperofeti.
10
Yo ke ene go kwadilweng ka ga gagwe ga twe: ‘Bonang, ke roma morongwa wa me fa pele ga sefatlhogo sa gago, yo o tlaa go baakanyetsang tsela ya gago.’
11
Ammaaruri ke a lo raya ka re: Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go a tsoga ope yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi; le fa go ntse jalo, yo o leng mmotlana mo bogosing jwa legodimo o mogolo bogolo go ene.
12
Mme e sa le ka lobaka lwa ga Johane Mokolobetsi le gompieno, bogosi jwa legodimo bo ntse bo tlhaselwa, mme batlhasedi ba bo gapa ka thata.
13
Gonne baperofeti botlhe le molao, ba ne ba ntse ba ruta, Johane a ba a tsamaya a tla.
14
Mme fa lo rata go amogela se, ka re: Ke ene Elija yo o bileng a tla.
15
Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe.
16
“Ke tlaa tshwantsha losika lo ka eng? Lo tshwana le banyana ba ba dutseng mo mananeng a motse, ba bitsanya le bankana ba bone ba re:
17
‘Re ne ra lo leletsa ditlhaka, mme ga lo a ka lwa bina; ra kurueletsa godimo, mme ga lo a ka lwa lela.’
18
Gonne Johane o tsile a sa je, a sa nwe, mme ba re: ‘O na le mowa o o maswe.’
19
Morwa Motho a tla a ja, a nwa, mme ba re: ‘Bonang, motho yo tshikhiri, monwi wa bojalwa jwa mofine, tsala ya bakgethisi le ya baleofi.’ Mme botlhale bo atlholelwa ke ditiro tsa gagwe.”
20
Foo a simolola go kgoba metse e bontsi jwa ditiro tsa gagwe tsa nonofo di dirilweng mo go yone, ka e se ka ya ikwatlhaya a re:
21
“A bo go latlhega wena Korasine! Go latlhega wena Bethesaita! Gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go lona di ka bo di dirilwe mo Ture le Sitone, ba ka bo ba sa bolo go ikwatlhaya, ba apere letsela la kgetse le melora.
22
Le fa go ntse jalo ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga metse ya Ture le Sitone, bogolo go lona.
23
Mme wena, Kaperenaume, a o tlaa golediwa kwa legodimong? O tlaa fologela mo Bobipong; gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go wena di ka bo di dirilwe mo Sotoma, o ka bo o sa ntse o eme le gompieno.
24
Le fa go ntse jalo, ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga lefatshe la Sotoma, bogolo go wena.”
25
E rile ka lobaka loo Jesu a bua a re: “Ke a go leboga Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka dilo tse o di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme wa di senolela banyana ba bannye.
26
Ee, Rra; gonne go ne go le kgatlhego gore go nne jalo mo matlhong a gago.
27
“Dilo tsotlhe ke di neetswe ke Rre; mme ga go ope yo o itseng Morwa fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara, fa e se Morwa le mongwe le mongwe yo Morwa o ratang go mo mo senolela.
28
“Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa.
29
Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo.
30
Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.”
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28