bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 20
Matthew 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 21 →
1
“Gonne bogosi jwa legodimo bo tshwana le motho yo o leng mong wa ntlo, yo o phaketseng a ya go thapela tshimo ya gagwe ya mafine badiri ka tuelo.
2
Ya re a sena go dumalana le badiri fa a tlaa ba naya thušeleng ka letsatsi, a ba isa mo tshimong ya gagwe ya mafine.
3
O tlogile a tswa, e ka ne e le ka nako ya boraro, mme a fitlhela ba bangwe ba eme mo patlelong ya borekelo, ba sa dire sepe.
4
Le bone a ba raya a re: ‘Le lona yang mo tshimong ya mafine, mme se se siameng ke tlaa se lo naya.’ Mme ba ya.
5
A ba a tswa gape, e ka ne e le ka nako ya borataro, le ka ya bofera o le mongwe, a dira fela jalo.
6
E rile e ka ne e le ka nako ya 11 a tswa, a fitlhela ba bangwe ba eme fela; mme a ba raya a re: ‘Lo emetseng fano motshegare otlhe lo sa dire sepe?’
7
Ba mo raya ba re: ‘Ke ka gobo re sa thapiwa ke ope.’ A ba raya a re: ‘Le lona yang mo tshimong ya mafine.’
8
“Ya re go tsena maitseboa, morena wa tshimo a raya molebedi wa gagwe a re: ‘Bitsa badiri, o ba neye maduo a bone; o simolole ka ba morago go ya kwa go ba pele.’
9
Mme ya re go tla bone ba nako e e ka neng e le ya 11, mongwe le mongwe a amogela thušeleng.
10
Ya re ba pele ba tla ba itlhoma ba tlaa amogela bogolo; mme le bone mongwe le mongwe a amogela thušeleng fela jalo.
11
Mme ba re ba a amogela ba ngongoregela mong wa ntlo,
12
ba re: ‘Ba ba morago ba dirile ka nako e le nngwe fela, mme o ba lekantse le rona, ba re itshoketseng letsapa la motshegare le mogote o o fisang.’
13
“Mme a fetola mongwe wa bone a re: ‘Tsala, ga ke go siamololele; a ga o a dumalana le nna ka thušeleng?
14
Tsaya se e leng sa gago o tsamaye; go rata ga me ke go naya yo wa morago fela jaaka le wena ke go neile.
15
A ga ke na tshiamo ya go dira ka selo sa me ka fa ke ratang ka teng? Kgotsa a leitlho la gago le ntilotse, ka gobo nna ke molemo?’
16
“Jalo ba morago ba tlaa nna ba pele, le ba pele ba nne ba morago.”
17
Ya re Jesu a tlhatlogela kwa Jerusalema, a tseela barutwa ba ba 12 kwa thoko, mme ba le mo tseleng a ba raya a re:
18
“Bonang, re tlhatlogela kwa Jerusalema; mme Morwa Motho o tlaa neelwa baperesiti ba bagolo le bakwadi; mme ba tlaa atlhola gore a swe;
19
ba tlaa mo neela Baditšhaba go sotlwa, le go seolwa, le go bapolwa; mme e tlaa re ka letsatsi la boraro o tlaa tsosiwa.”
20
Foo ga tla kwa go ene mma bomorwa Sebete, a na le bomorwawe, a mo obamela, a mo lopa selo sengwe.
21
Mme Jesu a mo raya a re: “O eletsa eng?” A mo raya a re: “Laola gore bomorwaake ba babedi ba, ba dule, mongwe ka fa tsogong la gago le legolo, yo mongwe ka fa go la molema, mo bogosing jwa gago.”
22
Jesu a mo fetola a re: “Ga lo itse se lo se lopang. A lo nonofile go nwa senwelo se ke tlogang ke se nwa?” Ba mo raya ba re: “Re nonofile.”
23
A ba raya a re: “Senwelo sa me ruri lo tlaa se nwa; mme go dula ka fa tsogong la me le legolo, le ka fa tsogong la me la molema, ga se ga me go go aba, mme ke ga bone ba ba go baakanyeditsweng ke Rre.”
24
Ya re ba ba some ba utlwa, ba gakalela bakaulengwe bao.
25
Mme Jesu a ba ipiletsa a re: “Lo a itse fa balaodi ba Baditšhaba ba le bogoma mo go bone, le bagolo ba bone ba gagamatsa taolo mo go bone.
26
Ga go ketla go nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o ratang go tla a nna mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona;
27
le gone le fa e le mang yo o ratang go nna wa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa lona;
28
fela jaaka Morwa Motho a ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.”
29
E rile ba tswa mo Jeriko, bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo sala morago.
30
Mme banna ba le babedi ba ba foufetseng ba bo ba dutse fa tseleng, mme ba re ba utlwa fa Jesu a feta, mme ba goa ba re: “Morena Morwa Dafite, re utlwele botlhoko!”
31
Mme batho ba bantsi ba ba kgalemela, ba re ba didimale; mme ba goa bogolo ba re: “Re utlwele botlhoko, Morwa Dafite!”
32
Mme Jesu a ema, a ba bitsa a re: “Lo rata ka lo direla eng?”
33
Ba mo raya ba re: “Morena, ra re: ‘A matlho a rona a foufololwe.’ ”
34
Mme Jesu, ka a tlhomoga pelo, a ama matlho a bone, mme ba akofa ba bona, mme ba mo sala morago.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28