bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 5
Matthew 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 6 →
1
Jesu e rile ka a bone matshutitshuti a batho, a tlhatlogela mo thabeng; ya re a sena go dula fa fatshe barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene,
2
mme a tswa molomo, a ba ruta a re:
3
“Go sego ba ba humanegileng mo moweng; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone.
4
Go sego ba ba lelang; gonne ba tlaa gomodiwa.
5
Go sego ba ba pelonomi; gonne ba tlaa rua lefatshe.
6
Go sego ba ba bolawang ke tlala le lenyora ka ntlha ya tshiamo; gonne ba tlaa kgorisiwa.
7
Go sego ba ba kutlwelobotlhoko; gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko.
8
Go sego ba ba pelo di itshekileng; gonne ba tlaa bona Modimo.
9
Go sego ba ba letlanyang; gonne ba tlaa bidiwa bomorwa Modimo.
10
Go sego ba ba bogiseditsweng tshiamo; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone.
11
“Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me.
12
Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona.
13
“Ke lona letswai la lefatshe; mme fa letswai le senyegile molodi, ana le ka lokwa ka eng? Ga le tlhole le na le gope, fa e se go latlhelwa kwa ntle, le go gatakwa ke batho fela.
14
“Ke lona lesedi la lefatshe. Motse o o beilweng mo godimo ga thaba ga o ka ke wa fitlhega.
15
Le gone batho ga ba ke ba tshuba lobone go tla ba lo huhumetsa tlase ga seelo, mme ba lo tlhoma mo setlhomong fela; lo phatsimele botlhe ba ba mo ntlong.
16
Fela jalo, a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraeno yo o kwa legodimong.
17
“Lo se ka lwa itlhoma gore ke tsile go senya molao le fa e le baperofeti; ga ke a tla go senya, fa e se go tlhomamisa fela.
18
Gonne ammaaruri ke a lo raya: Go tsamaya legodimo le feta le lefatshe, ga go ketla go feta tlhasenyana epe, le fa e le lonakanyana lope fela mo molaong, dilo tsotlhe di tle di tsamaye di dirafale pele.
19
Ke gone, le fa e le mangmang yo o tlaa tlolang mongwe o mmotlanyana wa melao e, a ba a ruta batho jalo, o tlaa bidiwa mmotlanyana mo bogosing jwa legodimo; mme le fa e le mangmang yo o tlaa e dirang, a ba a e ruta batho, ene o tlaa bidiwa mogolo mo bogosing jwa legodimo.
20
Gonne ke lo raye ke re, fa tshiamo ya lona e sa gaise tshiamo ya bakwadi le ya Bafarisai, ga lo ketla lo tsena gope mo bogosing jwa legodimo.
21
“Lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa bolaya motho; mme le fa e le mang yo o bolayang o tla bo a na le go sekisiwa;’
22
mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo.
23
Ke gone, fa o isa neo ya gago o le fa sebesong, mme e re o le foo o bo o gakologelwa fa wa gaeno a na le sengwe nao,
24
tlogela neo ya gago teng fa pele ga sebeso, o ye o letlane le wa gaeno pele, foo o itse go tla o isa neo ya gago.
25
“O akofe o dumalane le moganetsi wa gago o sa ntse o na nae mo tseleng; e se re kgotsa moganetsi a go neela moatlhodi, mme moatlhodi a go neela leotlana, mme wa latlhelwa mo ntlong ya kgolegelo.
26
Ammaaruri ke go raya ke re: Ga o ketla o tswa teng gope o ise o lefe ledinyana la bofelo pele.
27
“Lo utlwile fa go tulwe: ‘O se ka wa dira boaka.’
28
Nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.
29
Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.
30
Fa seatla sa gago se segolo se go kgopisa, o se kgaole, o se latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.
31
“Le gone go ne go tulwe: ‘Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a mo neye lokwalo lwa go mo tlhala.’
32
Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka; mme le fa e le mang yo o tlaa mo nyalang a sena go tlhalwa o dira boaka.
33
“Gape lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa ikana ka go aka, mme o tlhomamisetse Morena go ikana ga gago;’
34
mme nna ke lo raya ke re: Se ikaneng ka gope, le fa e le ka legodimo, ka e le setulo sa Modimo sa bogosi;
35
le fa e le ka lefatshe, ka e le sebeo sa one sa dinao; le fa e le ka Jerusalema, ka e le motse wa Kgosi e kgolo.
36
Le gone o se ka wa ikana ka tlhogo ya gago, ka o sa ka ke wa dira thiri e le nngwe fela go nna tshweu kgotsa ntsho.
37
Go bua ga lona fa e le ‘Ee’, e nne ‘Ee’; fa e le ‘Nnyaa’, e nne ‘Nnyaa’; gonne se se fetang mo, se tswa mo bosuleng.
38
“Lo utlwile fa go tulwe: ‘A leitlho le tswelwe ke leitlho, le leino ke leino.’
39
Nna ke lo raya ke re: Se ganeleng le motho yo o bosula; mme yo o go fapholang ka fa lesameng le legolo, mo neele le le lengwe.
40
Fa motho mongwe a rata a ka bo a go isa tshekong, mme a go tseela morepo, o mme a tseye kobo ya gago le yone.
41
Le fa e le mang yo o go patikelang go tsamaya sebaka sa kilometara e le nngwe fela, ya nae di le pedi.
42
Naya ene yo o go lopang, le yo o ratang go adima mo go wena, o se ka wa mo fularela fela.
43
“Lo utlwile fa go tulwe: Rata wa gaeno, mme o ile mmaba wa gago;
44
mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo rapelele ba ba lo bogisang;
45
gore lo nne bana ba Rraeno yo o kwa legodimong; gonne ene o tlhabisetsa ba ba molemo le ba ba bosula letsatsi la gagwe, a nesetse basiami le basiamolodi pula.
46
Fa e le fano lo rata ba ba lo ratang, e bo e le gore lo na le tuelo efe? Bakgethisi le bone a ga ba dire jalo?
47
Le gone fa lo dumedisa bagalona ba le bosi, e bo e le gore lo dirang bogolo go ba bangwe? Baditšhaba le bone a ga ba dire jalo?
48
Ke gone lo tlaa nnang boitekanelo, jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boitekanelo.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28