bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 8
Matthew 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 9 →
1
E rile a sena go fologa mo thabeng, matshutitshuti a magolo a batho a mo sala morago.
2
Mme bonang, ga tla molepero mo go ene, a mo obamela a re, “Morena, fa o rata, o na le thata ya go nntlafatsa.”
3
Jesu a otlolola seatla sa gagwe, a mo ama a re: “Ke a rata, o ntlafale.” Mme bolepero jwa gagwe jwa akofa jwa ntlafala.
4
Mme Jesu a mo raya a re: “O bone o se ka wa bolelela ope; tsamaya fela, o ye go itshupetsa moperesiti, o bo o ise tshupelo e Moše o e laotseng, gore e nne tshupo mo go bone.”
5
E rile a sena go tsena mo Kaperenaume, ga tla mo go ene molaodi wa mophato, a mo rapela,
6
a re: “Morena, motlhanka wa me o letse fa fatshe kwa ntlong, o lwala botlhoko jwa teteselo, mme o tlhokofetse thata.”
7
Jesu a mo raya a re: “Ke tlaa ya ke mo fodisa.”
8
Mme molaodi a mo fetola a re: “Morena, go a rona fa o ka tla go tsena tlase ga ditlhomeso tsa ntlo ya me; bua lefoko lengwe fela, mme motlhanka wa me o tlaa fola.
9
Gonne le nna ke monna yo ke mo taolong, ke bile ke na le batlhabani ba ba mo taolong, ke bile ke na le batlhabani ba ba mo taolong ya me; mme ke raya yo ke re: ‘Tsamaya,’ mme a tsamaye; le yo mongwe ke re: ‘Ntlo,’ mme a tle; le motlhanka wa me ke re: ‘Dira se,’ mme a se dire.”
10
Jesu ya re a utlwa, a gakgamala, a raya ba ba mo setseng morago a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga ke ise nke ke bone tumelo e e kanakana, nnyaa, le fa e le mo go Iseraele.
11
Ke lo raya ke re: Batho ba le bantsi ba tlaa tswa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, mme ba tlaa dula le Aberahame, le Isake, le Jakobe mo bogosing jwa legodimo;
12
mme bana ba bogosi ba tlaa lelekelwa kwa lefifing le le kwa ntle; go tlaa nna selelo le go huranya meno teng.”
13
Mme Jesu a raya molaodi wa mophato a re: “Tsamaya, fela jaaka o dumetse, a go go dirafelele jalo.” Mme motlhanka a fola fela ka lone lobaka loo.
14
E rile Jesu a sena go tsena mo ntlong ya ga Petere, a fitlhela mogwagadia Petere wa mosadi, a lwala botlhoko jwa letshoroma.
15
Mme a mo ama seatla, mme letshoroma la mo tlogela; mme mosadi a tsoga a mo direla.
16
E rile go le maitseboa ba lere kwa go ene batho ba le bantsi ba ba tsenyweng ke badimo; mme a kgoromeletsa mewa eo kwa ntle ka lefoko fela, a ba a fodisa botlhe ba ba lwalang;
17
gore go dirafale sone se se kileng sa buiwa ke moperofeti Isaia a re: “Ene ka esi o itseetse diemera tsa rona, a rwala matlhoko a rona.”
18
Jaana, Jesu o rile a bona matshutitshuti a magolo a batho a mo dikanyeditse, a laola gore go tshelelwe kwa moseja.
19
Mme ga tla mokwadi mongwe mo go ene, a mo raya a re: “Moruti, ke tlaa go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng.”
20
Jesu a mo raya a re: “Diphokoje di na le mesima, dinonyane tsa loapi di na le ditlhaga; mme Morwa Motho ene ga a na fa o ka bayang tlhogo ya gagwe teng.”
21
Yo mongwe wa barutwa a mo raya a re: “Morena, ntesa pele ke ye go fitlha rre.”
22
Jesu a mo raya a re: “Ntshala morago fela; o tlogele baswi gore ba fitlhe baswi ba bone.”
23
E rile a sena go tsena mo mokorong, barutwa ba gagwe ba tsena nae.
24
Ya re ka tshoganetso ga tsoga ledimo le legolo la phefo mo lewatleng, makhubu a ba a tla a thubegela mo godimo ga mokoro; mme ene a bo a robetse.
25
Ba ya mo go ene ba mo tsosa ba re: “Boloka, Morena; re a nyelela.”
26
Mme a ba raya a re: “Lo boifelang, ba tumelo e potlana ke lona?” Foo a tsoga a kgalemela diphefo le lewatle; mme ga nna tuulalo e kgolo.
27
Mme banna bao ba gakgamala ba re: “Ana monna yo ke motho yo o ntseng jang, fa e bo ne ne diphefo le tsone di mo utlwa jaana le lewatle?”
28
E rile a sena go fitlha kwa moseja mo lefatsheng la Bagatare, a rakana le batho ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba tswa mo diphupung, ba le bogale thata, mme ga bo go se na ope yo o ka fetang ka tsela eo.
29
Mme ba ba goa ba re: “Re dirang ka wena, wena Morwa Modimo? A o tsile go re tlhokofatsa e ise e nne motlha?”
30
Jaana fa kgakala nabo ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe se fula.
31
Mewa e e maswe e mo rapela thata e re: “Fa o re kgoromeletsa ntle, re romele mo serapeng sa dikolobe.”
32
Mme a e raya a re: “Yang,” mme ya tswa ya ya ya tsena mo dikolobeng; mme bonang, serapa sotlhe sa kgokologela ka mapawa mo lewatleng, sa swela mo metsing.
33
Badisa ba tsone ba tshaba, ba ya ba tsena mo motseng, ba bolela gotlhe, le ka fa go dirafaletseng ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e maswe ka teng.
34
Foo motse otlhe wa tswa wa ya go kgatlhantsha Jesu; mme ba re ba mmona, ba mo rapela thata gore a tsamaye a tswe mo melelwaneng ya bone.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28