bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 3
Matthew 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 4 →
1
E rile mo metlheng eo ga tla Johane Mokolobetsi, a rera mo nageng ya Jutea a re:
2
“Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”
3
Gonne yo, ke ene yo Isaia moperofeti o ne a bua ka ga gagwe, a re: “Lentswe la mongwe yo o kuang mo nageng a re: Baakanyang mmila wa Morena, siamisang ditsela tsa gagwe.”
4
Jaana Johane ene, diaparo tsa gagwe e ne e le tsa bobowa jwa kamela, le moitlamo wa letlalo mo lothekeng lwa gagwe; dijo tsa gagwe e le tsie le dinotshe tsa naga.
5
Foo ga tswela kwa go ene Jerusalema, le lefatshe lotlhe la Jutea, le mo tikologong yotlhe ya Joretane;
6
mme ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipolela dibe tsa bone.
7
Mme e rile a bona Bafarisai ba le bantsi le Basadukai ba tla kolobetsong ya gagwe, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang?
8
Ke gona ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao.
9
Lo se ka lwa gopola lwa ithaya lwa re: ‘Re na le Aberahame ke ene rraetsho;’ gonne ke a lo raya, Modimo o nonofile go tsosetsa Aberahame bana ka maje a.
10
Le jaana fela selepe se tsepilwe mo metsweng ya ditlhare; ke gone setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo, se a rengwa, se latlhelwa mo molelong.
11
Nna le gale ke lo kolobeletsa boikwatlhao ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ditlhako tsa gagwe ke sa tshwanelang go di mo tsholela, ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo;
12
yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla, mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe; mabele a gagwe o tlaa a phuthela mo polokelong ya gagwe; mme mmoko o tlaa o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.”
13
Foo Jesu a tswa kwa Galilea, a tla kwa Joretane kwa go Johane, a tla go kolobediwa ke ene.
14
Mme Johane a rata go mo itsa, a re: “Ke tshwanetse ka bo ke kolobediwa ke wena, mme a o tla mo go nna?”
15
Mme Jesu a mo fetola a re: “Mma go nne jalo gompieno; gonne go re tshwanetse go dirafatsa tshiamo yotlhe jalo.” Foo a mo leseletsa.
16
Jesu o rile a sena go kolobediwa, a tlhamalala a tlhatloga a tswa fa metsing; mme bonang, magodimo a mo atlhamologela, mme a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi o fologela mo go ene;
17
mme bonang, lentswe la tswa mo magodimong la re: “Yo ke morwaake yo o rategang, yo ke itumelang thata mo go ene.”
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28