bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 14
Matthew 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 15 →
1
E rile ka lobaka loo molaodi Herote a utlwela tumedi ka ga Jesu.
2
Mme a raya batlhanka ba gagwe a re: “Yo ke Johane Mokolobetsi; o tsogile mo baswing; ke gone ka fa dinonofo tse, di dirang mo go ene ka teng.”
3
Gonne Herote o ne a tshwere Johane, a mo golega, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodiase, mosadi wa ga Filipo morwa rraagwe.
4
Gonne Johane o ne a mo reile a re: “Ga o a letlelelwa go nna nae.”
5
Mme a eletsa go mmolaya, mme a boifa batho, ka ba ne ba mo kaya fa e le moperofeti.
6
E rile go fitlha letsatsi la botsalo jwa ga Herote, morwadia Herodiase a bina mo modirong, mme a kgatlha Herote.
7
Foo a mo solofetsa ka ikano a re, se o tlaa se mo lopang o tlaa se mo naya fela.
8
Ene ka a laetswe ke mmaagwe a re: “Nnaya fela fano tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi ka mogotšana jaana.”
9
Kgosi ya hutsafala; le fa go ntse jalo ya laola gore a e newe, ka ntlha ya maikano a yone, le ka ntlha ya ba ba jang nayo.
10
Mme a roma batho, ba ya ba kgaola Johane tlhogo mo ntlong ya kgolegelo.
11
Tlhogo ya gagwe ya leriwe ka mogotšana, ya newa morweetsana; ene a e isa kwa go mmaagwe.
12
Mme barutwana ba gagwe ba ya ba tsaya setoto, ba mo fitlha; mme ba ya ba bolelela Jesu.
13
Jaana e rile Jesu a utlwa, a tloga teng ka mokoro a ngongwaelela kwa thoko, felong fa go se nang batho; mme batho ba ba matshutitshuti ba re ba utlwa, ba mo latela ba tsamaya ka dinao, ba tswa mo metseng.
14
A tswa, a bona bontsintsi jo bogolo jwa batho mme a ba tlhomogela pelo, a fodisa balwetse ba bone.
15
Ya re go nna maitseboa barutwa ba gagwe ba tla mo go ene ba re: “Golo fa ke naga fela, le lobaka lo setse lo fetile; phatlalatsa batho, gore ba ye mo metsaneng go ithekela dijo.”
16
Jesu a ba raya a re: “Ga ba na go tsamaya; ba feng ba je.”
17
Ba mo raya ba re: “Fano ga re na sepe fa e se dinkgwe di le tlhano, le ditlhapi di le pedi fela.”
18
A re: “Di lereng kwano go nna.”
19
Mme a laola ba ba matshutitshuti go nna mo bojannyeng, a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelalela legodimong, a di segofatsa, a di ngathoganya, mme dinkgwe a di neela barutwa, barutwa ba di abela batho.
20
Mme ba ja botlhe ba kgora; mme ba sela dikabetla tse di setseng, ya nna diroto tse di tletseng di le 12.
21
Ba ba jeleng e ka ne e le banna ba le 5 000, go sa balwe basadi le banyana.
22
A akofa a laola barutwa go tsena mo mokorong, ba mo etelelela pele kwa moseja, ene a sa ntse a phatlalatsa batho.
23
Ya re a sena go phatlalatsa batho, a tlhatlogela mo thabeng kwa thoko, a ya go rapela; mme ya re go nna maabanyane a bo a le teng a le esi.
24
Mokoro one wa bo o setse o le fa gare ga lewatle, o kgarakgatshiwa ke makhubu a metsi; gonne ba tlhabaganye le phefo.
25
Ya re bosigo, ka lobaka lwa tebelo ya bone, a ya kwa go bone a tsamaya ka dinao mo godimo ga lewatle.
26
Barutwa ba re ba mmona a tsamaya ka dinao mo godimo ga lewatle, ba fuduega ba re: “Ke sedimo;” mme ba goisiwa ke poifo.
27
Mme Jesu a akofa a bua nabo a re: “Nametsegang; ke nna; se boifeng.”
28
Petere a mo fetola a re: “Morena, fa e le wena, nthaya, o re ke ye koo go wena mo godimo ga metsi.”
29
Mme a re: “Ntlo.” Petere a fologa mo mokorong, a tsamaya mo godimo ga metsi, a re o ya kwa go Jesu.
30
Mme ya re a utlwa phefo e le thata, a boifa; mme ya re a simolola go nwela a goa a re: “Morena, mpoloka.”
31
Ka bofefo Jesu a otlolola letsogo, a mo tshwara, a mo raya a re: “Ao! Wena yo o tumelo e e potlana, o ne o belaelelang?”
32
Ya re ba sena go pagama mo mokorong phefo ya kokobela.
33
Mme ba ba mo mokorong ba mo obamela ba re: “Ammaaruri o Morena Modimo.”
34
E rile ba sena go kgabaganya, ba fitlha mo lefatsheng la Genesarete.
35
Ya re batho ba felo foo ba mo lemoga, ba roma mo tikologong yotlhe ya lefatshe leo, ba tlisa kwa go ene botlhe ba ba lwalang.
36
Ba mo rapela, gore a mme ba ke ba ame le fa e ka bo e le makantsa a seaparo sa gagwe; mme ba ba mo amileng ba fodisiwa botlhe fela.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28