bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 9
Matthew 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 10 →
1
A tsena mo mokorong, a kgabaganya letsha, a tla go fitlha mo motseng wa ga gabo.
2
Foo ba lere mo go ene monna mongwe yo o lwalang bolwetse jwa teteselo, a tshotswe ka bolao. Jesu ka a bona tumelo ya bone, a raya yo o teteselang a re: “Ngwana, nametsega, dibe tsa gago o di itshwaretswe.”
3
Mme bangwe ba bakwadi ba ithaya ba re: “Monna yo o a tlhapatsa.”
4
Jesu ka a itse megopolo ya bone a re: “Lo gopolelang bosula mo dipelong tsa lona?
5
Mo go ka nnang bofefo ke gofe, fa go ka twe: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe;’ le fa go ka twe: ‘Tsoga o tsamaye’?
6
Mme gore lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe,” - foo a raya yo o teteselang a re: “Tsoga o tseye bolao jwa gago o ye kwa ntlong ya gago.”
7
Mme a tsoga a ya kwa ntlong ya gagwe.
8
E rile batho ba bantsintsi ba bona jalo, ba boifa, ba galaletsa Modimo o o neileng batho thata e e ntseng jalo.
9
Mme Jesu ya re a feta a tswa foo, a bona monna yo o bidiwang Mathaio, a dutse fa go kgethelwang teng; a mo raya a re: “Ntshala morago.” Mme a ema a mo sala morago.
10
Ga dirala, ya re a dutse a ja mo ntlong, bonang, bakgethisi ba le bantsi le baleofi ba le bantsi ba tla ba dula le Jesu le barutwa ba gagwe.
11
E rile Bafarisai ba bona jalo, ba raya barutwa ba gagwe ba re: “Kana moruti wa lona o jelang le bakgethisi le baleofi?”
12
Ya re a go utlwa a re: “Ba ba itekanetseng ga ba dire ngaka sepe, fa e se ba ba lwalang fela.
13
Tsamayang lo ithute gore le a reng lefoko le: ‘Ke eletsa boutlwelobotlhoko e seng setlhabelo;’ gonne ga ke a tla go bitsa basiami, fa e se baleofi fela.”
14
Foo ga tla kwa go ene barutwa ba ga Johane ba re: “Ana rona le Bafarisai re tle re ikeletseng go ja gantsi, mme barutwa ba gago ga ba ikitse go ja?”
15
Jesu a ba raya a re: “A bagwe ba ka lela fa monyadi a sa ntse a na nabo? Metlha e tlaa tla e monyadi o tlaa tlosiwang mo go bone ka yone, ke gone ba tlaa ikitsang go ja.
16
“Ga go ope yo o bitielang seaparo se se onetseng ka sebata se se kweletlanyeng, se le magwata; gonne se se kabong se se bitiela, se tlaa se garola, mme kgagogo ya gale e oketsege.
17
Le gone batho ga ba ke ba thela bojalwa jwa mofine jo boša mo mefalong e e onetseng; gonne mefalo e tlaa phanyega, bojalwa jwa mofine bo tshologe, le mefalo e senyege; mme ba tle ba thele bojalwa jwa mofine jo boša mo mefalong e meša, mme go bolokege gotlhe.”
18
Ya re a sa ntse a bua dilo tse nabo, bonang ga tla molaodi mongwe, a mo obamela a re: “Morwadiake ke gone o swang fela jaana, a ko o tle o mmeye seatla, mme o tlaa tshela.”
19
Jesu a ema a mo sala morago, barutwa ba gagwe le bone ba ya nae.
20
Mme bonang, mosadi mongwe yo o sa leng a tshologa madi ka dinyaga di le 12, a tla fa morago ga gagwe, a ama makantsa a seaparo sa gagwe;
21
gonne a ithaya a re: “Fa nka ama fela seaparo sa gagwe, ke tlaa fola.”
22
Mme Jesu a retologa a mmona a re: “Morwadiaka, nametsega, tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme mosadi o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.
23
E rile Jesu a tsena mo ntlong ya molaodi, mme a bona ba ba letsang ditlhaka, le lekoko la batho le tsositse modumo,
24
a ba raya a re: “Thibogang, gonne morweetsana ga a a swa, o robetse.” Ba mo tshega ka tshotlo.
25
Ya re lekoko la batho le sena go ntshiwa, a tsena a tshwara morweetsana ka seatla; mme morweetsana a tsoga.
26
Mme tumo ya gone mo ya tswa, ya utlwala mo lefatsheng leo lotlhe fela.
27
E rile Jesu a feta a tswa foo, banna ba le babedi ba ba difofu ba mo sala morago, ba goa ba re: “Morwa Dafite, re utlwele botlhoko!”
28
Ya re a sena go fitlha mo ntlong, difofu tsa tla kwa go ene; mme Jesu a di raya a re: “A lo a dumela fa ke nonofile go dira selo se?” Ba mo raya ba re: “Ee, Morena.”
29
Foo a ama matlho a bone a re: “A go lo dirafalele ka fa tumelong ya lona.”
30
Matlho a bone a buduloga. Mme Jesu a ba laya thata a re: “Lo bone, gore golo mo go se ka ga itsiwe ke ope.”
31
Mme ba tswa, ba utlwatsa tumo ya gagwe mo lefatsheng leo lotlhe fela.
32
E rile ba tswa, bonang, ga leriwe mo go ene monna mongwe wa semumu, a tsenywe ke mowa o o maswe.
33
Ya re mowa o o maswe a sena go kgoromelediwa ntle, semumu sa bua; mme batho ba bantsintsi ba gakgamala ba re: “Ga go ise go ke go bonwe jalo gope mo go Baiseraele.”
34
Mme Bafarisai bone ba re: “O kgoromeletsa mewa e e bosula ntle ka kgosana ya mewa e e busula.”
35
Mme Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a eta a ruta mo matlong a bone a thuto, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.
36
Ya re a bona matshutitshuti a batho, a ba tlhomogela pelo, ka ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.
37
Foo a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo ruri, mme barobi ba a tlhaela.
38
Ke gone, rapelang Morena wa thobo, gore a rome barobi mo thobong ya gagwe.”
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28