bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 28
Matthew 28
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
1
Jaana e rile letsatsi la Sabata le setse le fetile, bosigo boo sa jwa letsatsi la ntlha la beke, ga tla Maria Magetalene le Maria yo mongwe, ba tla go bona phupu.
2
Mme bonang, ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; gonne moengele wa Morena a fologa kwa legodimong, a tla a pitikololela lentswe kwa thoko, mme a dula mo go lone.
3
Ponalo ya gagwe ya bo e ntse jaaka logadima, diaparo tsa gagwe di le ditshweu jaaka kapoko.
4
Mme balebedi ya re ka ba mmoifa, ba roroma thata, ba ba ba nna jaaka ba ba suleng.
5
Mme moengele a bua, a raya basadi a re: “Lo se boifeng; gonne ke a itse fa lo batla Jesu yo o ne a bapotswe.
6
Ga a yo fa; gonne o tsogile, fela jaaka a ne a bua. Tlang lo bone felo fa Morena o ne a letse teng.
7
Mme lo itlhaganele, lo ye go raya barutwa ba gagwe lo re: ‘O tsogile mo baswing; mme bonang, o lo etelela pele kwa Galilea; lo tlaa mmona teng;’ lo bo lo bone, ke lo boleletse.”
8
Ba itlhaganela ba tswa fa phupung ka poifo le ka boitumelo jo bogolo, ba siana ba ya go itsise barutwa ba gagwe.
9
Mme bonang, Jesu a kgatlhana nabo, a re: “Dumelang.” Mme ba tla ba tshwara dinao tsa gagwe, ba mo obamela.
10
Foo Jesu a ba raya a re: “Se boifeng; yang go raya bana ba ga Rre, lo re, ba ye Galilea mme ba tlaa mpona teng.”
11
Mme jaana, ya re ba sa ntse ba tsamaya, bonang, bangwe ba lekoko la badisa ba ya mo motseng, ba bolelela ditlhogo tsa baperesiti dilo tsotlhe tse di dirafetseng.
12
Mme e rile ba sena go phuthega le bagolwane, ba gakololanye, ba naya batlhabani madi a le mantsi thata,
13
ba re: “Lo tle lo re: ‘Barutwa ba gagwe ba tsile bosigo ba mo utswa re robetse.’
14
E tlaa re fa selo se se ka fitlha mo ditsebeng tsa molaodi, ene re tlaa mo kgona, le lona re lo sireletse.”
15
Jalo ba amogela madi, ba dira jaaka ba rutilwe; mme polelo e, ya tumisiwa mo Bajuteng, le gompieno e sa ntse e le teng.
16
Barutwa ba ba 11 ba tloga ba ya kwa Galilea, kwa thabeng e Jesu o e ba kaetseng.
17
Mme e rile ba mmona, ba mo obamela; bangwe ba belaela.
18
Mme Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.
19
Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Morwa o o Boitshepo.
20
Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.”
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28