bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 15
Matthew 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 16 →
1
Foo ga tla Bafarisai le bakwadi ba ba tswang Jerusalema, ba tla kwa go Jesu ba re:
2
“Ke go reng fa barutwa ba gago ba tlola mekgwa ya ba bogologolo? Gonne fa ba ja dijo ga ba ke ba tlhapa diatla.”
3
Mme a ba fetola a re: “Ke go reng fa le lona lo tlola molao wa Modimo ka ntlha ya mekgwe ya lona?
4
Gonne Modimo o rile: ‘Tlotla rraago le mmaago,’ gape: ‘Yo o buang bosula ka ga rraagwe, le fa e le mmaagwe a a swe ruri.’
5
Mme lona lwa re: ‘Le fa e le mang yo o tlaa rayang rraagwe, le fa e le mmaagwe a re: Se o ka bong o thusiwa ke nna ka sone, se abetswe Modimo;’
6
a sa tlotle rraagwe le fa e le mmaagwe. Lo bo lo dirolotse lefoko la Modimo ka ntlha ya mekgwa ya lona.
7
Baitimokanyi ke lona, Isaia o boletse sentle ka ga lona a re:
8
‘Tšhaba e, e ntlotla ka dipounama; mme dipelo tsa bone di kgakala le nna.
9
Ba nkobamelela lefela, ka e a tle e re ba ruta, dithuto tsa bone e be e le dipolelo tsa batho fela.’ ”
10
A ipiletsa batho ba le bantsi, a ba raya a re: “Utlwang, lo tlhaloganye:
11
Se se tsenang ka molomo, ga se sone se se itshekololang motho; mme se se tswang ka molomo, ke sone se se itshekololang motho.”
12
Foo ga tla barutwa, ba mo raya ba re: “A o a itse fa e rile Bafarisai ba utlwa lefoko le, ba kgotšwa?”
13
A ba fetola a re: “Setlhatshana sengwe le sengwe se Rre wa legodimo o sa se tlhomang, se tlaa kumolwa ka medi.
14
Ba leseng; ke bagogi ba ba foufetseng. Fa sefofu se goga sefofu, di tlaa wela mmogo mo kgatamping.”
15
Mme Petere a mo fetola a re: “Re ranolele setshwantsho se.”
16
Mme a re: “A le lona le gompieno lo sa ntse lo tlhoka tlhaloganyo?
17
A ga lo lemoge gore tsotlhe tse di tsenang ka molomo di fetela mo mpeng, mme di ye go latlhelwa kwa ntle?
18
Mme dilo tse di tswang ka molomo di tswa mo pelong; mme tsone tseo di itshekolola motho.
19
Gonne mo pelong go tswa megopolo e e bosula, le dipolao, le dikgokafalo, le boaka, bogodu, le pateletso le dikgalo.
20
Dilo tse ke tsone tse di itshekololang motho; go ja ka diatla tse di sa tlhapiwang ga go ke go itshekolola motho.”
21
Jesu a tloga a tswa teng, a ngongwaelela kwa dintlheng tsa Ture le Sitone.
22
Mme bonang, mosadi wa Mokanana a tswa melelwaneng eo, a goa a re: “Nkutlwela botlhoko, Morena, Morwa Dafite; morwadiake o tshwenngwa thata ke mowa o o maswe.”
23
Mme a se ka a mo fetola ka lefoko lepe. Barutwa ba gagwe ba tla ba mo rapela ba re: “Mo reye a tsamaye, gonne o re tlhaeletsa kwa morago.”
24
Mme a ba fetola a re: “Ga ke a rongwa fa e se kwa dinkung tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele.”
25
Mosadi a tla a mo obamela a re: “Morena, a ko o nthuse.”
26
Mme a mo fetola a re: “Ga go a tshwanela fa go ka tsewa dijo tsa bana, tsa latlhelwa dintša.”
27
Mme a re: “Ee, Morena; gonne le e leng dintša di tle di je matlhotlhora a a wang mo lomating lwa bojelo lwa beng ba tsone.”
28
Foo Jesu a mo fetola a re: “Ija, mosadi! Tumelo ya gago e kgolo, a go go dirafalele ka fa o ratang ka teng.” Morwadie o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.
29
Jesu a tloga a tswa teng, a tla fa gaufi le lewatle la Galilea; mme a tlhatlogela mo thabeng, a dula teng.
30
Ga tla kwa go ene matshutitshuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsang, le difofu, le dimumu, le digole le ba bangwe ba le bantsi, ba ba baya fa fatshe fa dinaong tsa gagwe, mme a ba fodisa.
31
Bontsi jwa batho jwa ba jwa tla jwa gakgamala, ka ba bona dimumu di bua, digole di itekanetse, batlhotsi ba tsamaya, le difofu di bona; mme ba galaletsa Modimo wa Iseraele.
32
Jesu a ipiletsa barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhomogela batho ba bantsi ba pelo, ka jaana ba setse ba tlhotse le nna malatsi a le mararo, mme ba se na se ba se jang; ga ke rate go ba phatlalatsa ka tlala, e se re gongwe ba dimelela mo tseleng.”
33
Barutwa ba mo raya ba re: “Fano mo nageng fela re tlaa bo re bonye kae dinkgwe tse di lekanyeng go kgorisa bontsi jo bo kanakana?”
34
Jesu a ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re di supa le ditlhapi di se kae.
35
Mme a laola gore batho ba dule fa fatshe;
36
mme a tsaya dinkgwe tse supa, le ditlhapi, a leboga, a di ngathoganya, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho.
37
Ba a ja botlhe fela, ba kgora; ba ba ba sela dikabetla tse di setseng, ya nna diroto di supa di tletse.
38
Ba ba jeleng e ne e le banna ba ba dikete tse nne, go sa balwe basadi le banyana.
39
Mme a phatlalatsa matshutitshuti a batho, a tsena mo mokorong, a ya a fitlha mo melelwaneng ya Magetane.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28