bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 16
Matthew 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 17 →
1
Bafarisai le Basadukai ba tla, ba mo lopa gore a ba supetse sesupo se se tswang legodimong, mme ba bo ba mo lalela.
2
Mme a ba fetola a re: “E a re fa go le maitseboa, lo a tle lo re: ‘Go tlaa tsoga go sele; ka legodimo le le lehibidu.’
3
E re ka moso lo re: ‘Go tlaa tsoga go sele; ka legodimo le le lehibidu le bontsho.’ Lo itse go lemoga ponalo ya legodimo; mme lo palelwa ke go re metlha e kaela kae
4
Losika lo lo bosula, le lwa boaka, lo batla sesupo; mme ga lo ketla lo newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona.” Mme a ba tlogela a tsamaya.
5
Barutwa ba fitlha kwa moseja, mme ba bo ba lebetse go tsaya dinkgwe.
6
Mme Jesu a ba raya a re: “Tlhokomelang, lo bo lo itise mo sebedisong sa Bafarisai le Basadukai.”
7
Mme ba tseisanya kgang ba re: “Ke ka gobo re se ka ra tsaya senkgwe.”
8
Jesu ka a lemoga a re: “Lona ba tumelonyana, lo tseisanyeditseng kgang ka gobo lo se na dinkgwe?
9
A ga lo ise lo lemogo, le fa e le go gakologelwa dinkgwe tse tlhano, tsa ba ba 5 000, le bokae jwa diroto tse lo seletseng mo go tsone?
10
Le fa e le dinkgwe tse di supang tsa ba 4 000, le bokae jwa diroto tse lo seletseng mo go tsone?
11
Ana go ntse jang lo sa lemoge fa ke ne ke sa bue le lona ka ga dinkgwe? Mme e le gore lo itise mo sebedisong sa Bafarisai le Basadukai.”
12
Foo ba tlhaloganya fa a sa ba tlhagise ka ga sebediso sa senkgwe, mme e le ka ga thuto ya Bafarisai le Basadukai.
13
Jaana e rile Jesu a fitlha mo dintlheng tsa Kaesarea Filipi, a botsa barutwa ba gagwe a re: “Ana batho ba tle ba re nna Morwa Motho ke mang?”
14
Ba re: “Bangwe ba re: Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re: Elija; le ba bangwe ba re: Jeremia, kgotsa mongwe wa baperofeti.”
15
A ba raya a re: “Me lona lwa re nna ke mang?”
16
Simone Petere a mo fetola a re: “O Keresete, Morwa Modimo o o tshedileng.”
17
Jesu a mo fetola a re: “O sego, Simone morwa Jona; gonne ga o a go senolelwa ke nama le madi, fa e se ke Rre yo o kwa legodimong.
18
Le nna ke go raya ke re: O Petere, mme ke tlaa aga phuthego ya me mo lefikeng le; mme dinonofo tsa Bobipo ga di ketla di e fenya.
19
Ke tlaa go neela dikopololo tsa bogosi jwa legodimo; se o tlaa se bofang mo lefatsheng, se tlaa bo se bofilwe kwa legodimong; mme se o tlaa se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bo se bofolotswe kwa legodimong.”
20
Foo a laya barutwa gore ba se ka ba bolelela ope fa e le ene Keresete.
21
Go simolola ka lobaka loo, Jesu a nna a tlhaloganyetsa barutwa ba gagwe fa a na le go ya kwa Jerusalema, le go bogisiwa dilo di le dintsi ke bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, le go bolawa, le go ba a tsosiwa ka letsatsi la boraro.
22
Mme Petere a mo isa fa thoko, a simolola go mo omanya a re: “A go nne kgakala nao, Morena; mo ga go ketla go go dirafalela gope.”
23
Mme ene a retologa, a raya Petere a re: “Tloga fa pele ga me Satane; gonne o sekgopi mo go nna; ka gobo ga o tlhokomele dilo tsa Modimo, fa e se dilo tsa batho fela.”
24
Foo Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa motho le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, mme a a tseye mokgoro wa gagwe a itse go ntshala morago.
25
Gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, ka ntlha ya me, o tlaa bo bona.
26
Gonne motho o tlaa bo a ka thusega eng, le fa a ka fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Kgotsa, se motho o ka se ntshang a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe ke eng?
27
Gonne Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; e dira gone o tlaa duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.
28
Ammaaruri ke a lo raya: Go bangwe ba bone ba ba emeng fa, ba ba se ketlang ba utlwa loso gope, go tsamaya ba bona Morwa Motho a tla mo bogosing jwa gagwe pele.”
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28