bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 7
Matthew 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 8 →
1
“Lo se ka lwa sekisa, gore lo se sekisiwe.
2
Gonne tshekiso e lo sekisang ka yone, lo tlaa sekisiwa ka yone; le selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tlaa lekanyediwa ka sone.
3
O lebelang selabe se se mo leitlhong la wa gaeno, mme o sa tlhokomele mosipuri o o mo leitlhong le e leng la gago?
4
Kgotsa o tlaa raya wa gaeno jang o re: ‘Mma ke ntshe selabe se se mo leitlhong la gago;’ mme bona, mosipuri ke oo o mo leitlhong la gago?
5
Moitimokanyi ke wena, ntsha mosipuri o o mo leitlhong la gago pele; foo o tlaa bona sentle go ntsha selabe se se mo leitlhong la wa gaeno.
6
“Lo se ka lwa naya dintša se se itshepileng, le gone lo se ka lwa latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe, gore e se re kgotsa tsa di gataka ka ditlhako, mme tsa menoga tsa gagola lona.
7
“Lopang, mme lo tlaa newa; batlang, mme lo tlaa bona; kgwanyakgwanyang, mme lo tlaa bulelwa.
8
Gonne mongwe le mongwe yo o lopang o a amogela; le yo o batlang o a bona; mme go bulelwe yo o kgwanyakgwanyang.
9
Kgotsa go na le monna ofe mo go lona yo e ka reng fa morwawe a mo lopa senkgwe, a mo naya lentswe?
10
Kgotsa fa a lopa tlhapi, a mo naya noga?
11
Ke gone fa e le gore lona ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, bogolo jang Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa naya ba ba mo lopang dilo tse di molemo?
12
“Ke gone tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direleng fela jalo; gonne mo ke molao le baperofeti.
13
“Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, tsela le yone e kgolo e e isang tshenyegong, le ba ba tsenang ka yone ba bantsi.
14
Gonne kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.
15
“Lo itise mo baperofeting ba e seng bone, ba ba tlang mo go lona ba apere jaaka dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang.
16
Lo tlaa ba itse ka maungo a bone. A batho ba tle ba hule loungo lwa mofine mo manganeng, kgotsa difeige mo masitlwaneng?
17
Fela jalo setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa loungo lo lo molemo; mme setlhare se se bosula se ungwa loungo lo lo bosula.
18
Setlhare se se molemo ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo bosula, le gone setlhare se se bosula ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo molemo.
19
Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong.
20
Ke gone lo tlaa ba itse ka loungo lwa bone.
21
“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong.
22
E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’
23
E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’
24
“Ke gone mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a a me, a ba a a dira, o tlaa tshwantshiwa le monna yo o botlhale, yo o agileng ntlo ya gagwe mo lefikeng.
25
Mme pula ya fologa, merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, tsa itaaka ntlo eo, mme e se ka ya wa, ka gobo e ne e thaetswe mo lefikeng.
26
“Mme mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a a me, mme a sa a dire, o tlaa tshwantshiwa le monna wa seeleele, yo o agileng ntlo ya gagwe mo mošaweng.
27
Mme pula ya fologa, merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, tsa itaaka ntlo eo, mme ya wa; mme go wa ga yone ga nna gogolo.”
28
Ga dirala, e rile Jesu a sena go wetsa mafoko a, batho ba gakgamalela thuto ya gagwe,
29
ka a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka bakwadi ba bone.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28