bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 13
Matthew 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 14 →
1
E rile ka letsatsi leo Jesu a tswa mo ntlong, a ya a dula fa lewatleng.
2
Ga phuthegela kwa go ene matshutitshuti a magolo a batho, a ba a tla a tsena mo mokorong a dula teng; mme bontsi jotlhe jwa batho jwa ema fa thoko ga lewatle.
3
Mme a bua nabo dilo di le dintsi ka ditshwantsho a re: “Bonang, mojadi o kile a tswa a ya go jala.
4
Ya re a ntse a jala ditlhaka dingwe tsa wela fa tseleng, mme dinonyane tsa tla tsa di sela.
5
Tse dingwe tsa wela fa go leng matlapa, fa mmu o leng mosesane teng, mme tsa akofa tsa tlhaba ka di se mo mmung o o boteng.
6
E rile letsatsi le sena go gotela, tsa ša; mme ereka di se na medi, tsa omelela fela.
7
Tse dingwe tsa wela mo mitlweng; mme mitlwa ya gola, ya di hupetsa;
8
tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa, dingwe tsa nna lekgolo, tse dingwe tsa nna 60, tse dingwe 30.
9
“Yo o nang le ditsebe (go utlwa), a a utlwe.”
10
Mme barutwa ba tla, ba mo raya ba re: “Ana o buelang nabo ka ditshwantsho?”
11
A ba fetola a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa legodimo; mme bone ga ba a go newa.
12
Gonne yo o nang le sengwe o tlaa newa, mme o tlaa nna le letlotlo; mme yo o se nang sepe o tlaa tseelwa le se o nang naso.
13
Ke gone ka fa ke buang nabo ka ditshwantsho ka teng; ka gobo le fa ba lebile, ga ba bone, le fa ba reeditse, ga ba utlwe, le gone ga ba tlhaloganye.
14
Polelelopele ya ga Isaia e ba dirafaletse e e rileng: “ ‘Go utlwa lo tlaa nna lo utlwa, mme ga lo ketla lo tlhaloganya gope, le go leba lo tlaa nna lo leba, mme ga lo ketla lo bona gope;
15
gonne dipelo tsa batho ba di thatafaditse, ba kabetse ditsebe, ba ipuduladitse matlho; e se re kgotsa ba lemoga ka matlho, ba utlwa ka ditsebe, ba tlhaloganya ka pelo, mme ba sokologa gape, mme ka ba fodisa.’
16
“Matlho a lona a sego gonne a a bona; le ditsebe tsa lona gonne di a utlwa.
17
Gonne ammaaruri ke a lo raya, baperofeti ba le bantsi le basiami ba eleditse go bona dilo tse lo di bonang, mme ga ba a ka ba di bona; le go utlwa dilo tse lo di utlwang mme ga ba ka ba di utlwa.
18
“Ke gone, utlwang setshwantsho sa mojadi.
19
E a re fa mongwe a utlwa lefoko la bogosi, a sa le tlhaloganye, foo yo o bosula a tle a phamole se se jadilweng mo pelong ya gagwe. Yo ke ene wa peo e e jaletsweng fa tseleng.
20
Wa peo e e jadilweng fa go leng matlapa, ke yo o utlwang lefoko mme a akofe a le tshole ka boitumelo;
21
le fa go ntse jalo ga a na modi mo go ene, o tle a eme ka lobakanyana fela; mme e re mogang go tsogang patiko kgotsa pogiso ka ntlha ya lefoko, a akofe a kgopiwe.
22
Wa peo e e jadilweng mo mitlweng ke yo o utlwang lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe le tsietso ya mahumo, di hupetse lefoko mme a ungologe.
23
Mme wa peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganye; ke ene ruri yo o ungwang, mme go ungwa ga gagwe gongwe go nne lekgolo, gongwe go nne 60, mo gongwe 30.”
24
A ba beela pele setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwantshiwa le motho yo o kileng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe;
25
mme ya re go sa robetswe, mmaba wa gagwe a tla a jala mohoka le one mo mabeleng, mme a tsamaya.
26
E rile mogwang o gola, mabele a tsala, mohoka le one wa bonala.
27
Batlhanka ba mong wa tshimo ba tla ba mo raya ba re: ‘Morena, a go o a jala peo e e molemo mo tshimong ya gago, mme jaanong e bile e tshotse mohoka kae?’
28
A ba raya, a re: ‘Ke mmaba yo o dirileng jalo.’ Batlhanka ba re: ‘Fa e le jalo, a o rata ra ya ra o phutha?’
29
Mme a re: ‘Nnyaa; e se re kgotsa fa lo phutha mohoka, lwa o khumolela le mabele.
30
Lesang, lo mme go gole mmogo go ya thobong; e tlaa re mo motlheng wa thobo ke tlaa raya barobi ke re: Phuthang mohoka pele, lo o bofe dingata go tla lo o fisa, mme mabele lo a phuthele mo bobolokelong jwa me.’ ”
31
A ba beela pele setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara, e motho o e tsereng, mme a e jala mo tshimong ya gagwe;
32
ke peo e potlana ruri mo dipeong tsotlhe; mme e re e sena go gola e be e feta merogo, e nne setlhare, dinonyane tsa loapi di be di tle di age mo dikaleng tsa sone.”
33
A ba bolelela setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwana le sebediso se mosadi o se tsereng, a se tsenya mo dielong di le tharo tsa boupe, jwa ba jwa tla jwa bela jotlhe fela.”
34
Dilo tse tsotlhe Jesu a di bua le matshutitshuti a batho ka ditshwantsho; ga a ka a bua sepe nabo fa se se ka ditshwantsho fela,
35
gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke moperofeti, a re: “Ke tlaa tumolola molomo wa me ka ditshwantsho; ke tlaa kakanya dilo tse di sa leng di lojwa ka go thaiwa ga lefatshe.”
36
Foo Jesu a tlogela matshutitshuti a batho, a tsena mo ntlong; mme barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re: “Re phuthololele setshwantsho sa mohoka mo tshimong.”
37
A ba fetola a re: “Mojadi wa peo e e molemo ke Morwa Motho;
38
tshimo ke lefatshe; peo e e molemo yone ke bana ba bogosi; mme mohoka ke bana ba yo o bosula;
39
mmaba yo o ba jadileng ke diabolo; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe; barobi ke baengele.
40
Ke gone jaaka mohoka o phuthwa, o fisiwa ka molelo; go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe.
41
Morwa Motho o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa tlhopha mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopisang, le ba ba ikepang;
42
mme ba tlaa ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.
43
Foo basiami ba tlaa betlama jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabo. Yo o nang le ditsebe a a utlwe.
44
“Bogosi jwa legodimo bo tshwana le khumo e e fitlhegileng mo nageng; e motho o ne a e bona, mme a e loba; mme ka boitumelo jwa gone, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso, a reka naga eo.
45
“Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le moreki yo o batlang diperela tse dintle.
46
Ya re a sena go bona nngwe e e tlhwatlhwa kgolo, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso a e reka.
47
“Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le lotloa lo lo digetsweng mo lewatleng, mme lwa gogoba ga ditshika tsotlhe tsa ditlhapi;
48
lo e rileng lo sena go tlala ba lo gogela fa thoko; ba dula ba tlhophela tse di monate mo megopeng, mme tse di bosula ba di latlha.
49
Go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tlaa tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng,
50
ba ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.
51
“A dilo tse tsotlhe lo di tlhalogantse?” Ba mo raya ba re: “Ee.”
52
A ba raya a re: “Ke gone he mokwadi mongwe le mongwe, yo o rutilweng sentle ka ga bogosi jwa legodimo, o tshwana le mong wa ntlo, yo o ntshang dilo tse dintšha le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.”
53
Ga dirala, e rile Jesu a sena go wetsa ditshwantsho tse, a tloga a tswa teng.
54
Ya re a fitlha mo lefatsheng la ga gabo, a ba ruta mo ntlong ya bone ya thuto, ba ba ba gakgamala ba re: “Monna yo o tshotse botlhale jo le ditiro tse tsa nonofo kae?
55
A yo ga se morwa mmetli wa dikgong? A mmaagwe ga se Maria? Le bomonnawe a ga se boJakobe, le Josefe, le Simone le Jutase?
56
Le bokgaitsadie a ga re na nabo botlhe? Ana monna yo o a ba a tshotse kae dilo tsotlhe tse?”
57
Mme ba kgopega ka ga gagwe, mme Jesu a ba raya a re: “Moperofeti ga a ke a tlhoka tlotlo, fa e se mo lefatsheng la ga gabo, le mo ntlong ya gagwe.”
58
Mme a se ka a dira ditiro di le dintsi tsa nonofo teng, ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28