bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 24
Matthew 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 25 →
1
Jesu a tswa mo tempeleng, mme a re o itsamaela fela; barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene, go mo supetsa dikago tsa tempele.
2
Mme a ba fetola a re: “A ga lo bone dilo tsotlhe tse? Ammaaruri ke a lo raya: Ga go ketla go lesiwa lentswe lepe fa, le tlhatlhaganye le le lengwe, le le se ketlang le digwa.”
3
Mme e rile a dutse mo Thoteng ya Lotlhware, barutwa ba gagwe ba ya kwa go ene kwa thoko, ba re: “Re bolelele gore dilo tse di tlaa dirafala leng? Sesupo e tlaa nna eng sa go tla ga gago, le sa bokhutlo jwa lefatshe?”
4
Jesu a ba fetola a re: “Lo itise gore ope a se ka a lo timetsa.
5
Gonne batho ba le bantsi ba tlaa tla ka leina la me ba re: ‘Ke nna Keresete;’ mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi.
6
Mme lo tlaa utlwela dintwa, le medumo ya dintwa; lo bone gore lo se ka lwa kgoberega, gonne dilo tse di na le go dirafala; mme e bo e ise e nne bokhutlo.
7
Gonne morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; go tlaa nna meswele, le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe.
8
Dilo tsotlhe tse, ke tshimologo ya botlhoko jwa pelega.
9
“Ke gone ba tlaa lo tsenyang mo dipitlaganong, ba lo bolaya, mme lo tlaa ilwa ke merafe yotlhe, ka ntlha ya leina la me.
10
Foo ba le bantsi ba tlaa kgopiwa, ba tlaa okana ba ilana.
11
Baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tlaa tsoga, mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi.
12
E tlaa re ka boikepo bo tlaa bo bo ntsifetse, lorato lwa bontsi bogolo lo tlaa tsidifala.
13
Mme yo o itshokelang bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa.
14
Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.
15
“Ke gone e tlaa reng lo bona se se makgapha a a swafatsang, se se boletsweng ke moperofeti Daniele, se eme mo felong ga boitshepo, a yo o balang a tlhaloganye.
16
Foo ba ba mo Jutea ba tshabele kwa dithabeng;
17
yo o mo godimo ga ntlo, a a se fologele go ntsha dilwana tse di mo ntlong ya gagwe.
18
Le ene yo o kwa mosimo, a se ka a boela go tsaya kobo ya gagwe.
19
A bo go tlaa bo go latlhega ba ba imana, le ba ba amusang mo metlheng eo!
20
Mme lo rapele gore tshabo ya lona e se ka ya nna mariga, le fa e le ka letsatsi la Sabata;
21
gonne go tlaa nna sepitla se segolo mo metlheng eo, se se iseng se ke se nne, e sa le ka tshimologo ya lefatshe go tla nakong eno; nnyaa, le gone go se ketla go tlhola go nna jalo gope.
22
Mme fa e ka bo metlha eo e se ka ya khutshwafadiwa, e ka bo ne ne fano motho ope a se nka a bolokwa; mme e tlaa re ka ntlha ya baitshenkedwi metlha eo e tlaa khutshwafadiwa.
23
“Foo e tlaa re fa mongwe a lo raya a re: ‘Bonang, Keresete ke yo, kgotsa, ke yole,’ lo se ka lwa dumela.
24
Gonne go tlaa tsoga boKeresete ba e seng bone, le baperofeti ba e seng bone, mme ba tlaa bonatsa ditshupo tse dikgolo, le dikgakgamatso; gore fa go ka nna jalo, ba timetse le ba e leng baitshenkedwi ka bosi.
25
Bonang, ke lo boletletse go sa le gale.
26
“Ke gone fa ba lo raya ba re: ‘Bonang, o kwa nageng,’ lo se ka lwa tswa. Fa ba re: ‘Bonang, o mo matlwaneng a a kwa teng,’ lo se ka lwa dumela.
27
Gonne jaaka logadima lo tle lo gadime kwa botlhabatsatsi, mme lo bonale fela le kwa bophirimatsatsi; go tla ga Morwa Motho go tlaa nna fela jalo.
28
“Gongwe le gongwe kwa setoto se leng teng, manong a tle a phuthegele teng.
29
“Mme gautshwane, morago ga sepitla sa metlha eo, letsatsi le tlaa fifala, kgwedi le yone ga e ketla e ntsha lesedi la yone, dinaledi di tlaa wa kwa legodimong, le dinonofo tsa magodimo di tlaa reketlisiwa.
30
Ke gone go tlaa bonalang sesupo sa Morwa Motho kwa legodimong. Foo ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa hutsafala, mme di tlaa bona Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.
31
O tlaa roma baengele ba gagwe ka tumo e kgolo ya lonaka, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba gagwe kwa diphefong tsoo nne, go tswa sekhutlong sengwe sa legodimo go ya go se sengwe.
32
“Jaana ithuteng ka setlhare sa mofeige setshwantsho sa sone: E re fa kala ya sone e setse e le nana, e kukunya makakaba, lo bo lo itse fa selemo se atametse.
33
Le lona fela jalo, e tlaa re lo bona dilo tsotlhe tse, lo bo lo itse fa a le gaufi, a le fela fa mejakong.
34
Ammaaruri ke a lo raya: Losika lo ga lo ketla lo feta go tle go tsamaye dilo tsotlhe tse di dirafale pele.
35
Legodimo le tlaa feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a ketla a feta.
36
“Ka ga letsatsi leo le nako eo, ga go itse ope, le fa e le baengele ba legodimo, le fa e le morwa, fa e se Rara a le esi fela.
37
Jaaka metlha ya ga Noa e ne e ntse, go tla ga Morwa Motho go tlaa nna fela jalo.
38
Gonne jaaka go ne ga nna mo metlheng eo ya pele ga morwalela, ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba newa nyalong, go tla go fitlha mo tsatsing le Noa o tsenyeng mo ntlong e e kokobalang ka lone.
39
Ba sa itse, morwalela wa ba wa tla wa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gone go tlaa nna fela jalo.
40
Foo banna ba le babedi ba tlaa bo ba le mo nageng; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe;
41
basadi ba le babedi ba tlaa bo ba sila; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe.
42
“Ke gone disang, gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tlaa tlang ka lone.
43
Mme mo lo a go itse gore fa mong wa ntlo a ka bo a itsile nako ya bosigo e legodu le tlaa tlang ka yone, o ka bo a disitse, mme o ka bo a se ka a leseletsa ntlo ya gagwe ya phunngwa.
44
Ke gone, le lona nnang fela lo iketleeditse, gonne Morwa Motho o tlaa tla ka nako e lo sa mo solofeleng ka yone.
45
“Ana, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale e a bo e le mang, yo morena wa gagwe o mo tlhomileng go laola ba ntlo ya gagwe, go ba abela dijo ka dipaka tse e leng tsone?
46
Go sego motlhanka yo e tlaa reng morena wa gagwe a tla a mo fitlhele a ntse a dira jalo.
47
Ammaaruri ke a lo raya, o tlaa mo tlhoma molaodi wa dilo tsotlhe tse o nang natso.
48
Mme e tlaa re fa motlhanka yoo, yo o busula, a ka ithaya mo pelong ya gagwe a re: ‘Morena wa me o diegile;’
49
mme a simolola go betsa batlhanka ka ene, mme a ja, a nwa le matagwa,
50
morena wa motlhanka yo o tlaa tla ka letsatsi le o sa mo lebeleleng ka lone, le ka nako e o sa e itseng.
51
Mme o tlaa mo seola mo gogolo, a ba a mo laolela bonno le baitimokanyi; go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno teng.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28