bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 27
Matthew 27
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 28 →
1
Jaana e rile bosa bo sele, ditlhogo tsotlhe tsa baperesiti le bagolwane ba batho, ba gakololana ka ga Jesu, go mmolaya.
2
Mme ba mo golega, ba mo tsaya, ba ya go mo neela Pilato molaodi.
3
Foo Jutase yo o mo okileng, o rile a bona fa Jesu a sekisitswe, a ikwatlhaya, a busetsa dipapetlana tsa selefera tse di 30 kwa ditlhogong tsa baperesiti le bagolwane.
4
A re: “Ke leofile, ka ke okile motho yo o se nang molato.” Mme bone ba re: “Ana moo re go dirang? Moo ke dibonwa ke wena.”
5
Mme a piriganyetsa dipapetlana tsa selefera fa fatshe mo felong ga boitshepo, a tsamaya; a ya a ipeta.
6
Ditlhogo tsa baperesiti tsa tsaya dipapetlana tsa selefera, ba re: “Ga go a siama go di tsenya mo letloleng la dikhumo la tempele, ka e le tlhwatlhwa ya madi a motho.”
7
Ba gakololana, ba reka ka tsone sebata sa lefatshe sa mmopi wa dipitsa, go fitlha baeng mo go lone.
8
Ke gone sebata sa lefatshe seo sa bidiwa ga twe: “Lefatshe la madi a motho”, nako e sa le eno.
9
Foo ga dirala se se kileng sa buiwa ke moperofeti Jeremia, fa a re: “Ba tsaya dipapetlana tsa selefera tse di 30, e le tlhwatlhwa ya yo o sekasekilweng; yo bangwe ba bana ba Iseraele ba mo sekaseketseng tlhwatlhwa.
10
Ba di ntshetsa sebata sa lefatshe sa mmopi wa dipitsa, jaaka Morena a nketetse.”
11
Jaana Jesu a ema fa pele ga molaodi; mme molaodi a mmotsa a re: “A o Kgosi ya Bajuta?” Mme a re: “Ke nna yone.”
12
Ya re a newa molato ke ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane, a se ka a fetola ka lepe.
13
Foo Pilato a mo raya a re: “A ga o utlwe dilo tse dintsi tse ba di supang ka ga gago?”
14
A se ka a mo fetola ka lepe, le fa e le ka lefoko le le lengwe fela; molaodi a ba a tla a gakgamala thata.
15
Jaana e ne e tle e re ka lobaka lwa modiro, molaodi a tle a gololele batho mogolegwi mongwe yo ba mo ratang.
16
Ya re lobaka loo ba bo ba na le mogolegwi yo o tumileng, go twe, Barabase.
17
Ke gone e rileng ba phuthegile, Pilato a ba raya a re: “Lo rata ka lo gololela mang? Barabase kgotsa Jesu yo go tweng Keresete?”
18
Gonne o ne a itse fa ba mo neetse tshekong ka kilo.
19
Ya re Pilato a sa ntse a le mo sennong sa tshekelo, mosadi wa gagwe a roma kwa go ene a re: “O se ka wa dira sepe ka monna yo o siameng yoo, gonne ke bogile dilo di le dintsi gompieno mo torong ka ntlha ya gagwe.”
20
Jaana ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba bo ba tlhotlheletsa matshutitshuti a batho gore ba lope Barabase, mme ba bolaye Jesu.
21
Molaodi a ba fetola a re: “Lo rata ka lo gololela ofe mo bobeding jo?” Ba re: “Barabase.”
22
Pilato a ba raya a re: “Mme foo, Jesu yo o bidiwang Keresete ke tlaa mo reng?” Botlhe fela ba re: “A a bapolwe.”
23
A re: “Ka ntlha yang? O dirile bosula bofe?” Ba tshelela lošalaba godimo thata ba re: “A a bapolwe.”
24
Jalo e rile Pilato a bona fa a sa fenye sepe, mme bogolo go bile go tsoga pheretlhego, a tsaya metsi, a tlhapa diatla fa pele ga batho ba bantsi, a re: “Ga ke na molato mo mading a monna yo o siameng yo; a go bone lona koo.”
25
Batho botlhe ba fetola ba re: “Madi a gagwe a a nne mo go rona, le mo baneng ba rona.”
26
Foo a ba gololela Barabase; mme Jesu ene a mo seola, a ba a mo neela go bapolwa.
27
Foo batlhabani ba molaodi ba isa Jesu kwa kgotleng ya molaodi, ba phuthela mophato otlhe kwa go ene.
28
Ba mo swatola diaparo, ba mo apesa kobo e khibidu.
29
Ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa mo tlhogong, ba tsenya lotlhaka mo seatleng sa gagwe se se siameng; ba khubama fa pele ga gagwe, ba mo sotla ba re: “Dumela Kgosi ya Bajuta!”
30
Ba mo kgwela mathe, ba tsaya lotlhaka, ba mo gatla mo tlhogong.
31
Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola kobo, ba mo apesa diaparo tsa gagwe, ba mo gogela koo, ba ya go mmapola.
32
Ya re ba tswela kwa ntle, ba fitlhela monna mongwe wa Kurene, go twe Simone; mme ene ba mo patikela go tsamaya nabo, gore a sikare mokgoro wa gagwe.
33
E rile ba sena go fitlha felong fa go tweng Golegotha, ke go re, “Felo ga logata”,
34
ba re ba mo nosa bojalwa jwa mofine jo bo tlhakantsweng le santlhokwe; ya re a sena go bo leka ka legano a gana go bo nwa.
35
E rile ba sena go mmapola, ba kgaogana diaparo tsa gagwe ba di laola ka bola.
36
Ba dula, ba mo lebelela teng.
37
Fa godimo ga tlhogo ya gagwe ba pega lokwalo lo lo supang molato wa gagwe, lwa re: “YO, KE KGOSI YA BAJUTA”.
38
Foo ga bapolwa nae dinokwane di le pedi, sengwe ka fa letsogong la gagwe le legolo, se sengwe ka fa go la molema.
39
Mme ba ba fetang ba mo kgala, ba tshikinya ditlhogo tsa bone,
40
ba re: “Wena yo o senyang tempele, o ba o e aga ka malatsi a le mararo, ipoloke; fa o le Morwa Modimo, fologa mo mokgorong.”
41
Ditlhogo tsa baperesiti le bone, ba na le bakwadi le bagolwane, ba mo sotla fela jalo, ba re:
42
“O ntse a nna a boloka ba bangwe; o retelelwa ke go ipoloka ka esi. Ke ene Kgosi ya Iseraele; a a ke a fologe jaana mo mokgorong, mme re tlaa mo dumela.
43
O ikantse Modimo; a o ko o mo golole jaanong, fa o mo eletsa, ka a rile: ‘Ke Morwa Modimo.’ ”
44
Dinokwane le tsone tse di bapotsweng nae, tsa latlhela dikgobo tse di ntseng jalo mo go ene.
45
Jaana go tswa nakong ya motshegare o mogolo go ya nakong ya boraro maitseboa, lefifi la khurumetsa lefatshe lotlhe.
46
Ya re e ka ne e le ka nako ya boraro maitseboa, Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eli, Eli, lama sabakathani?” Ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”
47
Bangwe ba ba emeng teng ya re ba utlwa, ba re: “Monna yo, o bitsa Elija.”
48
Mongwe wa bone a akofa a siana a tsaya ngami, a e ina mo bojalweng jo bo botšarara, a e tlhomela ka lotlhaka, a re o a mo nosa.
49
Ba bangwe ba re: “Lesa; re bone gore a Elija o tlaa tla go mo golola.”
50
Mme Jesu a ba a goa gape ka lentswe le legolo, mme a neela mowa.
51
Mme bonang, sesiro sa tempele sa gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase; le lefatshe la roroma; le mafika a phatloga;
52
le diphupu tsa atlhamologa; le mebele e le mentsi ya baitshepi ba ba neng ba robetse ya tsosiwa.
53
Ba tswa mo diphupung morago ga go tsoga ga gagwe, ba tsena mo motseng o o boitshepo, ba bonwa ke batho ba le bantsi.
54
Mme jaana, molaodi wa mophato le ba o lebeletseng Jesu nabo, ba re ba bona thoromo ya lefatshe, le dilo tse di dirafetseng, ba boifa thata, ba re: “Ruri yo e ne e le Morwa Modimo.”
55
Le basadi ba le bantsi ba bo ba le teng ba lebile ba le kgakala, e le ba ba setseng Jesu morago ba mo direla, ba tswa Galilea.
56
Mo go bone ga bo go le Maria Magetalene, le Maria mma boJakobe le Josese, le mma bomorwa Sebete.
57
E rile go le maitseboa ga tla monna mongwe wa mohumi, yo go tweng, Josefe wa Arimathea, yo le ene ka esi e ne e le morutwa wa ga Jesu.
58
Monna yo, a ya kwa go Pilato, a lopa setoto sa ga Jesu. Mme Pilato a laola gore a se neelwe.
59
Josefe a tsaya setoto a se phuthela ka letsela le lentle la leloba,
60
a se baya mo phupung e e leng ya gagwe e ntšha, e o ne a e gabile mo lefikeng; mme a pitikela lentswe le legolo mo molomong wa phupu, a tsamaya.
61
Maria Magetalene a bo a le teng, le Maria yo mongwe, ba dutse go lebagana le phupu.
62
Jaana ya re ka moso, e le letsatsi le le rulaganang le letsatsi la Iketleetso, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarisai ba phuthegela kwa go Pilato,
63
ba re: “Morena, re gakologetswe fa e rile leferefere leo le sa ntse le tshedile, la re: ‘Morago ga malatsi a le mararo ke tlaa ba ke tsoga.’
64
Ke gone laola gore phupu e disiwe thata, go ya go fitlha mo letsatsing la boraro, e ka tla ya re gongwe barutwa ba gagwe ba ya go mo utswa, mme ba raya batho ba re: ‘O tsogile mo losong;’ mme timetso ya tla ya bifa bogolo go ya ntlha.”
65
Pilato a ba raya a re: “Lo na le lekoko la badisa, tsamayang lo ye go disa ka fa lo itseng ka teng.”
66
Jalo ba tsamaya, ba ya go disa phupu, ba kana lentswe, le lekoko la badisa ba bo ba na nabo.
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 28 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28