bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 12
Matthew 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 13 →
1
E rile ka lobaka loo Jesu a ralala masimo a mabele go le letsatsi la Sabata; barutwa ba gagwe ba bo ba bolailwe ke tlala, mme ba simolola go roba diako tsa mabele ba a ja.
2
Ya re Bafarisai ba bona jalo, ba mo raya ba re: “Bona, barutwa ba gago ba dira se se sa letlelelwang go dirwa ka Sabata.”
3
Mme ene a ba raya a re: “A ga lo ise lo bale ka ga se Dafite o se dirileng, jale ka a bolailwe ke tlala, le ba o ne a na nabo;
4
ka fa o tsenyeng mo ntlong ya Modimo ka teng, a ja dinkgwe tsa tshupelo, tse di sa letlelelwang go jewa ke ene, le fa e le ke ba o nang nabo, fa e se ke baperesiti ba le bosi fela?
5
Kgotsa a go lo ise lo ko lo bale mo molaong, ka fa baperesiti ba tleng ba itshepolole Sabata ka teng mo tempeleng ka letsatsi la Sabata, mme ba bo ba se na molato?
6
Mme nna ke a lo raya ka re: Mongwe yo o leng mogolo go feta tempele o fano.
7
Fa lo ka bo lo tlhalogantse gore lefoko le a reng fa le re: ‘Ke eletsa boutlwelobotlhoko e seng setlhabelo,’ lo ko lo se ka lwa sekisa ba ba se nang molato.
8
Gonne Morwa Motho ke morena wa Sabata.”
9
A tloga a tswa teng a tsena mo ntlong ya bone ya thuto.
10
Ga bo go le monna mongwe teng yo seatla sa gagwe se omeletseng. Ba mmotsa ba re: “A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata?” Mme ya bo e le gore ba tle ba mo neye molato.
11
A ba raya a re: “E ka nna motho ofe mo go lona, yo e ka reng a na le nku e le nngwe fela, mme fa yone e wetse mo mokoleng ka letsatsi la Sabata, yo o sa ka keng a e tshwara a e ntsha?
12
Ke gone motho o tlhwatlhwa kgolo jang go gaisa nku! Ke gone go letleletswe go dira molemo ka letsatsi la Sabata.”
13
Foo a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” A se otlolola; sa fola sentle sa ba sa nna jaaka se sengwe.
14
Bafarisai ba tswela kwa ntle, ba gakololana ka fa ba ka mmolayang ka teng.
15
Jesu, ya re ka a lemoga, a tswa ka go ngongwaela; mme batho ba le bantsi ba mo sala morago; a ba fodisa botlhe fela.
16
A ba laya a re, ba se ka ba mo utlwatsa;
17
gore go tle go dirale se se builweng ke moperofeti Isaia a re:
18
“Bonang motlhanka wa me yo ke mo itshenketseng; moratwi wa me yo mowa wa me o kgatlhegang thata mo go ene; ke tlaa baya Mowa wa me mo go ene, mme o tlaa bolelela Baditšhaba katlholo.
19
Ga a ketla a ganela, le fa e le go goa; ga go ope yo o tlaa utlwang lentswe la gagwe mo mebileng.
20
Lotlhaka lo lo phitshegileng ga a ketla a lo roba, le lodi lo lo kuang mosi ga a ketla a lo tima, go tle go tsamaye a ntshetse katlholo phenyong.
21
Baditšhaba ba tlaa solofela mo leineng la gagwe.”
22
Foo ga leriwe kwa go ene mongwe yo o tsenyweng ke mowa o o maswe, a le sefofu, a bile a le semumu; mme a mo fodisa, monna wa semumu a ba a tla a bua, a ba a bona.
23
Mme batho ba ba matshutitshuti ba gakgamala botlhe ba re: “Yo, a ke ene morwa Dafite?”
24
E rile Bafarisai ba utlwa, ba re: “Monna yo ga a kgoromeletse mewa e e maswe ntle, fa e se ka Beelesebube kgosana ya mewa e e maswe.”
25
Mme ka a itse megopolo ya bone, a ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaogantseng bo a swafala; le motse mongwe le mongwe, le fa e le ntlo e e ikgaogantseng ga e ka ke ya ema;
26
Fa Satane a kgoromeletsa Satane ntle, o tlaa bo a ikgaogantse; mme bogosi jwa gagwe bo tlaa ema jang?
27
Mme nna, e ka re fa e le gore ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Beelesebube, bomorwaa lona bone ba ba kgoromeletsa ntle ka mang? Ke gone bone ba tlaa nnang baatlhodi ba lona.
28
E ka re fa e le gore ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Mowa wa Modimo, e tlaa bo jalo bogosi jwa Modimo bo tsile mo go lona.
29
“Kgotsa motho o ka tsena jang mo ntlong ya monna yo o thata, a thopa dilo tsa gagwe, fa a se ka a golega monna yo o thata pele? Ke gone o ka thopang ntlo ya gagwe.
30
“Yo o sa emang le nna o tlhabana le nna; le yo o sa phutheng le nna o a falatsa.
31
Ke gone ke lo rayang ke re: Batho ba tlaa itshwarelwa dibe tsotlhe le tlhapatso; mme tlhapatso e e tlhapatsang Mowa, ga e ketla e itshwarelwa.
32
Le fa e le mang yo o tlaa buang lefoko le le nyatsang Morwa Motho, o tlaa go itshwarelwa; mme le fa e le mang yo o tlaa buang lefoko le le nyatsang Mowa o o Boitshepo, ga a ketla a go itshwarelwa, le fa e le mo lefatsheng leno, le fa e le mo go le le tlang.
33
“Dirang setlhare se nne molemo, le loungo lwa sone lo nne molemo; kgotsa dirang setlhare se nne bosula, le loungo lwa sone lo nne bosula; gonne setlhare se itsiwe ka loungo lwa sone.
34
Lotsalo lwa dinoga ke lona; lo ka bua jang dilo tse di molemo lo le bosula? Gonne molomo o bua se se tswang mo botlalong jwa pelo.
35
Monna yo o molemo o ntsha dilo tse di molemo mo lohumong lwa gagwe lo lo molemo; motho yo o bosula le ene o ntsha dilo tse di bosula mo lohumong lwa gagwe lo lo bosula.
36
“Mme ke lo raya ke re: Lefoko lengwe le lengwe la boithamako le batho ba tlaa le buang, ba tlaa le bodiwa mo motlheng wa tsheko.
37
Gonne o tlaa atlholelwa ka mafoko a gago, le ka mafoko a gago o tlaa sekisiwa.”
38
Foo bangwe ba bakwadi le Bafarisai ba mo fetola ba re: “Moruti, re rata go bona sesupo sengwe mo go wena.”
39
Mme ene a ba fetola ka go re: “Losika lo lo bosula le lwa boaka, lo batla sesupo; ga lo ketla lo newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa moperofeti Jona.
40
Jaaka Jona a kile a nna mo mpeng ya leruarua ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo; Morwa Motho le ene o tlaa nna mo pelong ya lefatshe ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo.
41
Banna ba Ninefe ba tlaa ema mo tshekong, ba ema le losika lo, ba lo sekisa; ka gobo bone ba ikwatlhaile ka thero ya ga Jona; mme bonang yo mogolo go feta Jona o fano.
42
Mohumagadi kgosi ya Borwa o tlaa ema mo tshekong, a ema le losika lo a lo sekisa; ka gobo ene o ne a tswa dikhutlong tsa lefatshe, a tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone; mme bonang, yo mogolo go feta Solomone o fano.
43
“Mowa o o maswe o a re o dule mo mothong, o ye o ralale dikaka o batla boikhutso, mme o se ke o bo bone.
44
Foo o itheye o re: ‘Ke tlaa ba ke boela kwa ntlong ya me e ke duleng mo go yone’; mme o re o tsile o fitlhele e se na motho ope, e feetswe, e baakantswe.
45
Jaana o ye o itseele mewa e sele e supa, e e o gaisang ka bosula, mme e tsene e age teng; mme go fele go befile mo mothong yo go feta ga ntlha. Go tlaa nna jalo fela le losika lo, lo lo bosula.”
46
Ya re a sa ntse a bua le batho ba bantsintsi, bonang, mmaagwe le bomonnawe ba bo ba emetse kwa thoko, ba eletsa go bua nae.
47
Mongwe a mo raya a re: “Bona, mmaago le bomonnao ba eme kwa ntle, ba eletsa go bua nao.”
48
Mme a fetola yo o mmoleletseng a re: “Mme ke mang? Le bonnake ke bomang?”
49
A otlolola letsogo a supa barutwa a re: “Bonang mme le bonnake.
50
Gonne le fa e le mang yo o tlaa dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong, ke ene nnake, le kgaitsadiake, le mme.”
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28