bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 19
Matthew 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 20 →
1
Ga dirala e rile Jesu a sena go wetsa mafoko a, a huduga kwa Galilea, a tla mo melelwaneng ya Jutea, kwa moseja ga Joretane;
2
mme batho ba ba matshutitshuti a magolo ba mo sala morago; mme a ba fodisa teng.
3
Ga tla Bafarisai kwa go ene, ba mo lalela, ba re: “A go letleletswe monna go tlhala mosadi wa gagwe ka ntlha ya sengwe le sengwe?”
4
Mme a ba fetola a re: “A ga lo ise lo ke lo bale fa yo o ba dirileng mo tshimologong a ba dirile nona le tshadi,
5
a ba a re: ‘Ke gone ka moo, motho o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo bo tlaa nna nama e le nngwe fela?’
6
Jalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe fela. Ke gone se se kopantsweng ke Modimo, a se se kgaoganngwe ke motho.”
7
Ba mo raya ba re: “Mme e le foo Moše a ba a reng, fa a laola gore go ntshiwe lokwalo lwa tlhalo, mme go tlhalwe mosadi?”
8
A ba raya a re: “Moše a lo leseletsa go tlhala basadi ba lona ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa lona; mme go tswa kwa tshimologong ga go a nna jalo.
9
Le nna ke lo raya ke re: Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, mme a nyala yo mongwe, o dira boaka; le yo o mo nyalang a sena go tlhalwa, o dira boaka.”
10
Barutwa ba mo raya ba re: “Fa monna a ntse jalo le mosadi wa gagwe, go bo go se molemo go nyala.”
11
Mme a ba raya a re: “Batho botlhe ga ba ka ke ba tshola lefoko le, fa e se ba ba go neetsweng.
12
Gonne go na le banna ba baopa, ba ba sa leng ba tsalwa jalo, ba sa tswa sebopelong sa bommaabo; go bile go na le baopa ba ba opafaditsweng ke batho; mme go na le baopa ba ba ikopafaditseng, ka ntlha ya bogosi jwa legodimo. Yo o nonofileng go go tshola, a a go tshole.”
13
Foo ga tlisiwa banyana kwa go ene, gore a ba beye diatla, mme a rapele; mme barutwa ba ba kgalemela.
14
Mme Jesu a re: “Lesang banyana, se ba itseng go tla kwa go nna, gonne bogosi jwa legodimo ke jwa ba ba ntseng jaolo.”
15
Mme a ba baya diatla; mme a tloga a tswa teng.
16
Mme bonang, mongwe a tla kwa go ene a re: “Moruti, ana, ke direng se se molemo, gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?”
17
Mme a mo raya a re: “O mpoletsang ka ga se se molemo? Go mongwe fela yo o molemo; mme fa o rata go tsena mo botshelong, tshegetsa ditaolo.”
18
A mo raya a re: “Dife?” Jesu a re: “O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa maaka;
19
tlotla rraago le mmaago, gape, o rate wa gaeno jaaka o ithata.”
20
Mme lekau la mo raya la re: “Dilo tsolthe tse ke di tlhokometse; ke sa tlhoka eng?”
21
Jesu a mo raya a re: “Fa o rata go itekanela, ya o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa dirana le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.”
22
Ya re lekau le utlwa lefoko leo, la tsamaya ka bohutsana; gonne e ne e le motho yo o dithuo dikgolo.
23
Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Ammaaruri ke a lo raya: Go tlaa thatafalela mohumi go tsena mo bogosing jwa legodimo.
24
Ke bile ke lo raya ke re: Go ka nna bofefo kamela go tsena ka letshofa la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo bogosing jwa Modimo.”
25
Ya re barutwa ba utlwa, ba gakgamala thata, ba re: “Fa e le jalo go a bo go ka bolokwa mang?”
26
Mme Jesu a ba leba, a ba raya a re: “Mo bathong golo mo, go retetse; mme mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
27
Foo Petere a mo fetola a re: “Bona, rona re tlogetse gotlhe, mme re go setse morago; mme ka re, rona re a bo re tlaa bona eng?”
28
Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re: Lona ba lo ntshetseng morago, e tlaa re mo Bošafatsong jwa dilo tsotlhe, fa Morwa Motho a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo, le lona lo tlaa dula mo ditulong tsa bogosi di le 12, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.
29
Mme mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo, le fa e le bomorwa rraagwe, le fa e le bokgaitsadie, le fa e le rraagwe, le fa e le mmaagwe, (le fa e le mosadi,) le fa e le bana, le fa e le masimo, ka ntlha ya leina la me, o tlaa amogela galekgolo, mme o tlaa rua botshelo jo bo sa khutleng.
30
Ba le bantsi ba tlaa nna ba morago, ba e neng e le ba pele; mme ba e neng e le ba pele, ba tlaa nna ba morago.
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28