bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 6
Matthew 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 7 →
1
“Lo itise gore lo se dire tshiamo ya lona fa pele ga batho go bonwa ke bone, gonne fa lo dira jalo ga lo na tuelo kwa go Rraeno yo o kwa legodimong.
2
“Ke gone e re fa o ntsha dikatso, o se ka wa letsa lonaka fa pele ga gago, jaaka baitimokanyi ba tle ba dire mo matlong a thuto, le mo mebileng, gore ba nne le tlotlego mo bathong. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.
3
Mme wena e re fa o ntsha dikatso, a seatla sa gago sa molema se se ka sa itse se seatla sa gago se segolo se se dirang,
4
gore go ntsha dikatso ga gago go nne mo sephiring, mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela.
5
“Mme e re fa lo rapela lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi; gonne bone ba rata go rapela ba eme mo matlong a thuto, le fa makopanelong a mebila gore ba bonwe ke batho. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba e amogetse.
6
Mme wena, e re fa o rapela, o tsene mo ntlwaneng ya gago e e kwa teng, o re o sena go tswala, o rapele Rraago yo o mo sephiring, mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela.
7
“Fa lo rapela, lo se ka lwa boaboela fela jaaka Baditšhaba ba tle ba dire; gonne ba gopola gore ba tlaa utlwiwa ka ntlha ya go bue bobe ga bone.
8
Ke gone se nneng jaaka bone; gonne Rraeno o itse dilo tse lo di tlhokang lo ise lo di mo lope.
9
Ke gone lo rapele lo re: “Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe.
10
Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.
11
Re neye gompieno sejo sa rona sa letsatsi.
12
Mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba molato le rona.
13
O se ka wa re isa mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. (Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.)
14
“Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraeno wa legodimo le ene o tlaa lo itshwarela le lona.
15
Fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a ketla a itshwarela ditlolo tsa lona.
16
“Le gone gape, e re fa lo ikitsa go ja, lo se ka lwa itlhontsha difatlhogo jaaka baitimokanyi; ka gobo bone ba itlhontsha difatlhogo, gore ba bonwe ke batho jaaka ba ikiditse go ja. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.
17
Mme wena, e re fa o ikitsa go ja, o itlotse tlhogo, o tlhape mo sefatlhogong;
18
gore o se bonwe ke batho fa o ikiditse go ja, fa e se ke Rraago yo o mo sephiring; mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela.
19
“Se iphutheleng dikhumo mo lefatsheng, kwa motoutwana o senyang teng le morodu, le kwa magodu a thubelang go utswa teng.
20
Iphutheleng dikhumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng le fa e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeng le fa e le go utswa teng;
21
gonne kwa khumo ya gago e leng teng, pelo ya gago le yone e tlaa nna fela teng.
22
“Leitlho ke lobone lwa mmele; ke gone e a re fa leitlho la gago le bona sentle, mmele otlhe wa gago o tlale lesedi.
23
Mme e a re fa leitlho la gago le le bosula, mmele otlhe wa gago o tlale lefifi. Ke gone e a re fa lesedi le le mo go wena e le lefifi, ana lefifi leo le legolo jang!
24
“Ga go na motho ope yo o ka direlang barena ba le babedi; ka a tlaa ila yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe a ngaparele yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Dikhumo.
25
“Ke gone ke lo rayang ke re: Se tlhobaeleleng botshelo jwa lona lwa re ‘Re tlaa ja eng, re tlaa nwa eng?’ Le fa e le ka ga mmele lwa re: ‘Re tlaa apara eng?’ Botshelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo?
26
Lebang dinonyane tsa loapi, jaaka di sa jale le gone di sa robe, le fa e le go rorela mo mabolokelong; mme Rraeno wa legodimo o a di otla. Lona a ga lo tlhwatlhwa e kgolo thata bogolo go tsone?
27
Ke ofe wa lona yo o ka ikokeletsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhobaelela bobe?
28
“Lo itlhobaelelelang diaparo? Akanyang dithunya tsa masoma a naga, ka fa di golang ka teng: ga di dire, ga di otlhe.
29
Le fa go ntse jalo ke a lo raya, le e leng ene Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tsone tseo.
30
Fa Modimo o apesa jalo bojang jwa naga jo gompieno bo emeng, mme e re ka moso bo latlhelwe mo pesetsong, a ga o ketla o apesa lona bogolo jang, lona ba tumelo e potlana?
31
“Ke gone se itlhobaeleleng lwa re: ‘Re tlaa ja eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa nwa eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa apara eng?’
32
Gonne Baditšhaba ba batla tsone dilo tsotlhe tseo; gonne Rraeno wa legodimo o a itse fa lo tlhoka dilo tse tsotlhe.
33
Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.
34
Ke gone se tlhobaeleleng moso: gonne moso o tlaa itlhobaelela ka osi. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanywe ke bosula jwa lone.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28