bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 17
Matthew 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 18 →
1
E rile malatsi a le marataro a sena go feta, Jesu a tseela Petere, Jakobe le Johane monnawe, kwa thoko, a ba tlhatlosetsa mo thabeng e e godileng.
2
Mme a ya a fetoga ponalo fa pele ga bone; sefatlhogo sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna ditshweu jaaka lesedi.
3
Mme ga bonala kwa go bone Moše le Elija, ba bua mmogo nae.
4
Mme Petere a raya Jesu a re: “Morena, go molemo go rona go nna fa; fa o rata, ke tlaa dira metlaagana e le meraro fano; mongwe e nne wa gago, o mongwe e nne wa ga Moše, o mongwe e nne wa ga Elija.”
5
Ya re a sa ntse a bua, leru le le sedifetseng la ba tshutifalela; mme bonang, lentswe la tswa mo lerung la re: “Yo ke morwaake yo rategang, yo ke kgatlhegang thata mo go ene; lo utlweng ene.”
6
E rile barutwa ba le utlwa, ba wela fa fatshe ka difatlhogo, ba boifa segolo.
7
Mme Jesu a tla a ba ama a re: “Tsogang lo eme, se boifeng.”
8
Ya re ba tsholetsa matlho, ba se ka ba bona ope fa e se Jesu a le esi fela.
9
Ya re ba fologa mo thabeng, Jesu a ba laola a re: “Lo se ka lwa bolelela ope ponalo e lo e bonyeng, Morwa Motho a ba a tle a tsoge mo losong pele.”
10
Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa, ba re: “Ke go reng fa bakwadi ba re Elija o na le go tla pele?”
11
A ba fetola a re: “Ruri Elija o etla, mme o tlaa tsosolosa dilo tsotlhe.
12
Ke lo raya ke re: Le jaana Elija o setse a tsile, mme ga ba a ka ba mo itse, ba ne ba mo direla ka fa ba ratang ka teng. Morwa Motho le ene o tlaa bogisiwa ke bone fela jalo.”
13
Ke gone barutwa ba tlhaloganya fa a bua nabo ka ga Johane Mokolobetsi.
14
E rile ba sena go fitlha kwa bontsing jwa batho, ga tla monna mongwe kwa go ene, a mo khubamela a re:
15
“Morena, utlwela morwaake botlhoko; gonne o tle a nne a karalale, mme o utlwa botlhoko thata; gonne o tle a wele mo molelong le mo metsing gantsi.
16
Ke ne ka mo lere mo barutweng ba gago, mme ba retelelwa ke go mo fodisa.”
17
Jesu a ba fetola a re: “Losika lo lo sa dumeleng, lo lo kgopo ke lona, ke tlaa nna le lona goleele go le kae? Ke tlaa lo itshokela goleele go le kae? Mo lereng kwano go nna.”
18
Mme Jesu a kgalemela mowa o o maswe, mme wa tswa mo go ene; mosimane o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.
19
Foo barutwa ba tla mo go Jesu kwa thoko ba re: “E ne e le ka go reng fa rona re sa nonofa go o kgoromeletsa ntle?”
20
Mme a ba raya a re: “E ne e le ka ntlha ya bobotlana jwa tumelo ya lona; gonne ammaaruri ke a lo raya: Fa lo na le tumelo e e kanang ka tlhaka ya peo ya mosetara, lo ka raya thaba e lwa re: ‘Tloga fa, o hudugele fale;’ mme e tlaa huduga; mme ga go ketla go nna le sepe se se tlaa lo retelelang.(
21
Mme losika lo, ga lo tswe gope fa e se ka thapelo, le ka go ikitsa go ja.)”
22
Ya re ba sa ntse ba tlhotse kwa Galilea, Jesu a ba raya a re: “Morwa Motho o tloga a neelwa mo diatleng tsa batho;
23
mme ba tlaa mmolaya, mme e tlaa re ka letsatsi la boraro o tlaa tsosiwa.” Mme ba hutsafala segolo thata.
24
E rile ba sena go fitlha mo Kaperenaume, ba ba amogelang lekgetho la tempele ba tla mo go Petere ba re: “A moruti wa lona ga a ntshe lekgetho la tempele?”
25
A re: “Ee, o a le ntsha.” Ya re a tsena mo ntlong, Jesu a mo raka ka go bua, a re: “Simone o gopola jang? Ana dikgosi tsa lefatshe di amogela sehuba, kgotsa lekgetho mo go bomang? A ke mo go bomorwaa tsone, kgotsa mo baennyeng?”
26
Mme ya re a re: “Mo baennyeng,” Jesu a re: “Fa e le jalo bomorwaa tsone ba gololosegile.
27
Le fa go ntse jalo, a re se ba kgopise; ya lewatleng, o konopele kobe, o tseye tlhapi e e tlhatlogang pele; mme o tlaa re o sena go e atlhamolosa molomo, o tlaa fitlhela ledi la bošeleng ba ba bošeleng ba ba 8; tsaya lone leo, o le ba neye, e le la me nao.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28