bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 23
Matthew 23
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 24 →
1
Foo Jesu a bua le matshutitshuti a batho, le barutwa ba gagwe,
2
a re: “Bakwadi le Bafarisai ba dutse mo setulong sa ga Moše.
3
Ke gone tsotlhe tse ba di lo rayang, lo di dire, lo di tlhokomele; mme lo se ka lwa dira ka fa ditirong tsa bone; gonne ba tle ba bue, mme ba se ke ba dire.
4
Ee, ba tle ba bofe merwalo e e bokete, e e botlhoko go rwalwa, mme ba e beye mo magetleng a batho; mme bone ka bosi ga ba ke ba e tshikinya, le fa e le ka monwana wa bone.
5
Ditiro tsotlhe tsa bone ba di dira gore di bonwe ke batho, ba atlhamolose difelaketere tsa bone, ba golole makantsa a diaparo tsa bone.
6
Ba rate bonno jo bo kwa pele mo medirong, le ditulo tse di kwa pele mo matlong a thuto;
7
le ditumediso mo marekelong, le go bidiwa ke batho, ba re: ‘Rabi.’
8
Mme lona, lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne Moruti wa lona o mongwe fela, mme lona lotlhe lo bomorwa Rraalona.
9
Lo se ka lwa bitsa ope rraeno mo lefatsheng; gonne Rraeno o mongwe fela yo o kwa legodimong.
10
Le gone lo se ka lwa bidiwa Beng, gonne Mong wa lona o mongwe fela, e bong Keresete.
11
Yo o leng mogolo bogolo mo go lona o tlaa nna modiredi wa lona.
12
Le fa e le mang yo o tlaa ikgodisang, o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.
13
“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo tswaletse batho bogosi jwa legodimo; gonne, lona ga lo tsene, le ba ba reng ba a tsena, ga lo ba letlelele go tsena.
14
A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Lo suputsa matlo a batlholagadi, mme ya re lo ntse lo dira jalo lo golole merapelo e le seipato fela. Ke gone lo tlaa bonang tshekiso e kgolo bogolo.
15
“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo dikologa lewatle le lefatshe, gore lo tle lo ikgapele motho a le mongwe fela wa tšhaba; mme e re a sena go fetolwa jalo, lo mo ntshe ngwana wa molete wa molelo, yo o bileng a gaisa lona sebedi.
16
“A bo go latlhega lona bagogi ba lo foufetseng, ba lo reng: ‘Le fa e le mang yo o ikanang ka tempele ga se sepe; mme le fa e le mang yo o ikanang ka gouta ya tempele, o golegilwe ke go ikana ga gagwe.’
17
Masilo le difofu ke lona; se segolo ke eng? A gouta, kgotsa tempele, e e leng yone e e itshepisitseng gouta?
18
Gape, lo a tle lo re: ‘Le fa e le mang yo o ikanang ka sebeso o a bo a se molato; mme le fa e le mang yo o ikanang ka tshupelo e e mo go sone o golegilwe ke go ikana ga gagwe.’
19
Difofu ke lona; se segolo ke eng? A tshupelo, kgotsa sebeso se se itshepisang tshupelo?
20
Ke gone yo o ikanang ka sebeso, o ikana ka sone, le ka dilo tsotlhe tse di mo go sone.
21
Le yo o ikanang ka tempele, o ikana ka yone le ka one o o agileng mo go yone.
22
Le yo o ikanang ka legodimo, o ikana ka setulo sa Modimo sa bogosi, le ka one o o dutseng mo go sone.
23
“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Lo tle lo kgethe sa bosome sa ditlhatshana tsa rothwe le thoma le mosukujwane, mme lo tlogetse dilo tsa molao tse di boima bogolo di sa dirwa, e bong tshiamiso le kutlwelobotlhoko, le boikanngo; tse lo ne lo tshwanetse go di dira, le tse dingwe lo sa di lese di sa dirwa.
24
Bagogi ba ba foufetseng ke lona, lo tlhotlha lo ntsha montsana, mme kamela lo e metse fela.
25
“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo a tle lo tlhatswe bokafantle jwa senwelo le sejana, mme mo teng go bo go tletse tse di tswang patikong le tlhapelong.
26
Mofarisai wa sefofu ke wena, tlhatswa pele bokafateng jwa senwelo le sejana, gore bokafantle jwa sone le jone bo nne bontle.
27
“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo tshwana le diphupu tse di sweufaditsweng, tse di bonalang di le dintle ka fa ntle, mme mo teng di tletse marapo a baswi, le boitshekologo jotlhe fela.
28
Fela jalo le lona, ka fa ntle lo bonala mo bathong jaaka e ketse lo siame, mme mo teng lo bo lo tletse boitimokanyo, le boikepo.
29
“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo aga diphupu tsa baperofeti, lo kgabisa difikantswe tsa basiami,
30
mme lo re: ‘Fa re ka bo re ne re le teng mo metlheng ya borraetsho, re ka bo re se ka ra dumalana nabo mo go bolayeng baperofeti.’
31
Jalo lo bo lo itshupa fa lo le bana ba batho ba ba bolaileng baperofeti.
32
Ke gone tlaleletsang borraeno seelo sa molato wa bone!
33
Dinoga ke lona, le lotsalo lwa dišaušawane, lo tlaa falola jang mo tshekisong ya molete?
34
Ke gone bonang, ke roma baperofeti, le babotlhale le bakwadi, kwa go lona. Bangwe ba bone lo tlaa ba bolaya lo ba bapola; bangwe ba bone lo tlaa ba seola mo matlong a lona a thuto, lo ba bogisa go tswa motseng go ya motseng o mongwe,
35
gore go wele mo go lona molato otlhe wa madi a basiami a a tsholotsweng mo lefatsheng, go simolola ka madi a ga Abele mosiami, go tla mading a ga Sakaria morwa Barakia, yo lo mmolaetseng fa gare ga felo ga boitshepo le sebeso.
36
Ammaaruri ke a lo raya: Dilo tsotlhe tse di tlaa wela losika lo.
37
“Jerusalema we! Jerusalema we! Yo o bolayang baperofeti, a kgobotletse ba ba romilweng kwa go ene! Ke ratile gantsintsi jang go phutha bana ba gago, fela jaaka koko e tle e phuthe mamphorwana a yone mo diphukeng tsa yone, mme lo ganne!
38
Bonang, ntlo ya lona lo e tlogeletswe e ropefetse fela.
39
Gonne ke a lo raya: Ga lo ketla lo tlhola lo mpona, go tle go tsamaye lo re: ‘A go bakwe ene yo o tlang mo leineng la Morena.’ ”
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28