bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 21
Matthew 21
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 22 →
1
E rile ba atamela Jerusalema, ba fitlha kwa Bethefage, fa Thoteng ya Lotlhware; foo Jesu a roma barutwa ba le babedi,
2
a ba raya a re: “Yang mo motsaneng o lo lebaganyeng nao, mme lo tlaa akofa lo fitlhela esela e golegilwe, e na le eselana ya yone; di gololeng, lo tle natso kwano go nna.
3
Mme fa mongwe a bua sengwe le lona, lo re: ‘Morena o a di batla;’ mme o tlaa akofa a di lesa.”
4
Jaana golo mo, go dirilwe, gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke moperofeti a re:
5
“Bolelelang Morwadia Sione, lo re: ‘Bona, Kgosi ya gago e tla kwa go wena, e le pelonolo, e pagame esela, le eselana, ngwana wa esela.’ ”
6
Barutwa ba ya ba dira fela jaaka Jesu a ba laotse.
7
Ba lere esela le eselana, ba baya diaparo tsa bone mo go tsone; mme a nna mo go tsone.
8
Bogolo jwa bontsi jwa batho jwa ala diaparo tsa jone mo tseleng; ba bangwe ba kgaola dikala tsa ditlhare, ba di ala mo tseleng.
9
Batho ba bantsi ba ba mo eteletseng pele, le ba ba mo setseng morago, ba duduetsa, ba re: “Hosana, Morwa Dafite; go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; Hosana mo bogodimodimong.”
10
E rile a sena go fitlha mo Jerusalema, motse otlhe wa fuduega wa re: “Yo e a bo e le mang?”
11
Mme matshutitshuti a batho a re: “Yo ke ene moperofeti, Jesu yo o tswang kwa Nasaretha wa Galilea.”
12
Mme Jesu a tsena mo tempeleng ya Modimo, mme a leleka botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, a pitikolola dimati tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi.
13
A ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo’; mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”
14
Difofu le ba ba tlhotsang ba tla kwa go ene mo tempeleng; mme a ba fodisa.
15
Mme ya re baperesiti ba bagolo le bakwadi ba bona dilo tse di gakgamatsang tse o di dirang, le banyana ba duduetsa ba re: “Hosana, Morwa Dafite,” ba šakgala.
16
Ba mo raya ba re: “A o a utlwa se ba se buang ba?” Jesu a ba raya a re: “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale fa go reng: ‘O lekantse pako ka a a tswang melomong ya banyana, le ba ba anyang?’ ”
17
Mme a ba tlogela, a tswa mo motseng a tswela kwa Bethania, mme a lala teng.
18
Jaana ya re go le ka moso, fa a boela kwa motseng, a tshwarwa ke tlala.
19
Mme ya re a bona setlhare sa mofeige se le fa tseleng se le sosi, a ya kwa go sone, mme a se ka a fitlhela sepe mo go sone, fa e se matlhare fela; mme a se raya a re: “A go se tlhole go bonwa loungo mo go wena, go tloga fano go ya bosakhutleng.” Ka bonako fela setlhare sa mofeige sa omelelela ruri.
20
Ya re barutwa ba bona, ba gakgamala ba re: “Kana setlhare sa mofeige se omeleletse ruri ka bonako jang?”
21
Mme Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri ke a lo raya: Fa lo na le tumelo, lo sa belaele, lo tlaa dira, e seng mo go diretsweng setlhare se sa mofeige go le gosi, mme le fa lo ka raya thaba e, lwa re: ‘Manologa, o thabuegele mo lewatleng!’ Go tlaa dirala.
22
Le gone dilo tsotlhe tse lo di lopang mo thapelong, ka go dumela, lo tlaa di amogela.”
23
E rile a sena go tsena mo tempeleng, baperesiti ba bagolo le bagolwane ba tla kwa go ene ka a ruta, ba re: “Ana dilo tse, o di dira ka taolo efe? E mang yo o go neileng taolo e?”
24
Jesu a ba fetola a re: “Le nna ke tlaa lo botsa lefoko lengwe, le e tlaa reng fa lo ka le mpolelela, le nna ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone.
25
Ana kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kae? A e ne e tswa legodimong kgotsa mo bathong?” Mme ba tseisanya kgang, ba re: “E tlaa re fa re re: ‘E tswa legodimong,’ a re reye a re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’
26
Fa re re: ‘E tswa mo bathong,’ re bo re boifa batho; gonne botlhe ba kaya Johane fa e le moperofeti.”
27
Mme ba fetola Jesu, ba re: “Ga re itse.” Le ene a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone.
28
“Lo gopolang? Monna mongwe o ne a na le bomorwawe ba le babedi. Mme a tla mo go wa ntlha a re: ‘Morwaaka, ya o dire mo tshimong ya me ya mafine gompieno.’
29
Mme a mo fetola a re: ‘Ke a gana;’ mme morago a ikwatlhaya, a ya.
30
Mme a tla mo go wa bobedi, a bua jalo. Ene a fetola a re: ‘Ke a ya morena;’ mme a se ka a ya.
31
Ke ofe wa babedi yo o dirileng go rata ga rraagwe?” Ba re: “Wa ntlha.” Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Bakgethisi le diaka ba a lo feta, ba tsena pele ga lona mo bogosing jwa legodimo.
32
Gonne Johane o ne a tla kwa go lona ka tsela ya tshiamo; mme ga lo a ka lwa mo dumela; mme bakgethisi le diaka bone ba mo dumela; mme lona ga e a ka ya re lo bona, le fa e le go sala lo ikwatlhaya morago, gore lo mo dumele, ga lo a ka lwa go dira.
33
“Utlwang setshwantsho se sengwe: Go kile ga ne go le mong wa ntlo, a tlhomile tshimo ya mafine, a e agelela ka logora, a epa bogatelo jwa bojalwa jwa mofine mo go yone, a aga sefata sa baleti, mme tshimo a e neela badira masimo ba ba e thapang ka tuelo; mme a etela kwa lefatsheng le sele.
34
E rile motlha wa maungo o atamela, a roma batlhanka ba gagwe kwa go bone badira masimo, gore ba ye go tsaya maungo a gagwe.
35
Mme badira masimo ba tshwara batlhanka ba gagwe, ba betsa mongwe, ba bolaya yo mongwe, yo mongwe ba mo kgobotletsa ka maje.
36
A ba a tloga a roma batlhanka ba bangwe ba le bantsi bogolo go ba pele; le bone ba ba direla fela jalo.
37
Kwa morago a roma morwawe kwa go bone a re: ‘Ba tlaa sisimoga morwaake.’
38
Ya re badira masimo ba bona morwawe, ba raana ba re: ‘Yo, ke moruaboswa; ntlong, re mmolayeng, re gape boswa jwa gagwe.’
39
Mme ba mo tshwara, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya mafine, ba mmolaya.
40
“Ke gone e tlaa reng morena wa tshimo ya mafine a tla, o tlaa ba dirang badira masimo bao?”
41
Ba mo raya ba re: “Batho bao ba ba se nang pelo, o tlaa ba senya ka botlhokapelo, mme o tlaa neela ba sele tshimo ya gagwe, ba ba tlaa mo nayang maungo mo metlheng ya one.”
42
Jesu a ba raya a re: “A go lo ise lo ke lo bale mo dikwalong, fa go tweng: “ ‘Lentswe le baagi ba le ganneng, e bile ke lone le le dirilweng lentswe la kgokgotsho. Golo mo go dirilwe ke Morena, mme go a gakgamatsa mo matlhong a rona’?
43
“Ke gone ke lo raya ke re: Bogosi jwa Modimo lo tlaa bo tlosediwa, bo tlaa newa morafe o o tla ntshang maungo a lona.
44
Yo o welang mo lentsweng le, o tlaa thubaganngwa; mme yo le mo welang, le tlaa mo phatlalatsa jaaka lorole.”
45
Ya re baperesiti le Bafarisai ba utlwa ditshwantsho tsa gagwe ba lemoga fa a bua ka ga bone.
46
Mme ya re ba leka go mo tshwara, ba boifa batho, gonne ba mo kaya fa e le moperofeti.
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 22 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28