bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Matthew 22
Matthew 22
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 23 →
1
Jesu a ba fetola, a fela a bua nabo gape ka ditshwantsho, a re:
2
“Bogosi jwa legodimo bo tshwantshiwa le kgosi nngwe e e kileng ya direla morwa yone modiro wa nyalo.
3
Ya roma batlhanka ba yone go bitsa ba ba kileng ba lalelediwa modiro wa nyalo, mme ba nna ba gana go ya.
4
Gape a roma batlhanka ba bangwe a re: ‘Rayang ba ba laleditsweng lo re: Bonang, ke baakantse modiro wa me; dipholo tsa me le tse di nonneng di tlhabilwe, dilo tsotlhe di baakantswe; tlang modirong wa nyalo.’
5
Ba tlhokomologa, ba itsamaela fela, mongwe a ya morakeng wa gagwe, yo mongwe papading ya gagwe.
6
Ba ba setseng ba tshwara batlhanka ba yone, ba ba diraka mo go tlhabisang ditlhong, ba ba bolaya.
7
Mme kgosi ya nna bogale; ya tloga ya bolotsa dintwa tsa yone, ya senya babolai, ya fisa motse wa bone.
8
Foo ya raya batlhanka ba yone ya re: ‘Nyalo yone e baakantswe, mme ba ba neng ba e laleleditswe ba ne ba sa tshwanela.
9
Ke gone yang kwa marakanelong a ditsela, mme botlhe ba lo tlaa ba fitlhelang, lo ba reye lo re ba tle modirong wa nyalo.’
10
Batlhanka bao ba tswela kwa ditseleng, ba phutha botlhe ba ba ba fitlhelang, ba ba bosula le ba ba molemo; mme ba ba laleditsweng ba tlala ka ntlo ya modiro.
11
“E rile kgosi e tsena e tla go bona balalediwa, ya bona motho teng yo o sa aparang seaparo sa nyalo.
12
Mme ya mo raya ya re: ‘Tsala, o tsenye jang fano o se na seaparo sa nyalo?’ Mme a tlhoka se o se buang.
13
Foo kgosi ya raya batlhanka ya re: ‘Mmofeng mabogo le maoto lo mo latlhele kwa ntle, kwa lefifing le le kwa ntlentle; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno gone.’
14
“Gonne ba ba biditsweng ba bantsi, mme ba ba itshenketweng ba babotlana.”
15
Foo ga tla Bafarisai, ba gakololana ka fa ba ka mo tshwarang mo puong ya gagwe ka teng.
16
Ba roma kwa go ene barutwa ba bone ba na le Baherote ba re: “Moruti, re a itse fa o le boammaaruri, o ruta batho tsela ya Modimo ka boammaaruri, o sa tlhokomele ope; gonne ga o re bomangmang jwa ga ope sepe.
17
Ke gone re bolelele gore o gopola eng? A go siame go kgethela Kaesare, kgotsa nnyaa?”
18
Jesu a lemoga bolotsana jwa bone a re: “Lo ntalelelang, baitimokanyi ke lona?
19
Ntshupetsang ledi la lekgetho.” Ba lere thušeleng kwa go ene.
20
Mme a ba raya a re: “Setshwantsho se, le sekwalo se, ke tsa ga mang?”
21
Ba mo raya ba re: “Tsa ga Kaesare.” Foo a ba raya a re: “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetse Modimo tse e leng tsa Modimo.”
22
Ya re ba utlwa jalo ba gakgamala, ba mo tlogela, ba tsamaya.
23
Ya re ka tsatsi leo fela ga tla kwa go ene Basadukai, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi. Ba mmotsa,
24
ba re: “Moruti, Moše o rile, fa motho a swa, a se na bana, a morwa rraagwe a nyale mosadi wa gagwe, a tsosetse morwa rraagwe losika.
25
Jaana go kile ga ne go le banna basupa mo go rona, e le bana ba monna, mme wa ntlha a nyala, a ba a swa; ka a se na ngwana a tlogelela monnawe mosadi wa gagwe.
26
Ga nna fela jalo le wa bobedi, le wa boraro, go ya kwa go wa bosupa.
27
Morago ga bone botlhe mosadi le ene a swa.
28
Mme e tlaa re mo go tsogeng ga baswi, o tlaa nna mosadi wa ga mang mo go bone boo basupa, gonne ba ne ba nna nae botlhe fela?”
29
Mme Jesu a ba fetola a re: “Lo a timela ka lo sa itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo,
30
gonne e tlaa re mo go tsogeng ga baswi ba bo ba sa nyale, le fa e le go neelwa nyalo, mme ba bo ba ntse jaaka baengele kwa legodimong.
31
Ka ga go tsoga ga baswi, a ga lo ise lo bale se se kileng sa buiwa le lona ke Modimo, wa re:
32
‘Ke nna Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, Modimo wa ga Jakobe?’ Modimo ga se Modimo wa baswi, fa e se wa batshedi fela.”
33
Mme ya re matshutitshuti a batho a utlwa, a gakgamadiwa ke thuto ya gagwe.
34
Bafarisai ba re ba utlwa fa a tlhokisitse Basadukai puo, ba phuthega mmogo.
35
Mongwe wa bone, e le mophutholodi wa molao, a mmotsa ka go mo lalela,
36
a re: “Moruti, taolo e kgolo mo molaong ke efe?”
37
Mme a mo raya a re: “ ‘O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.’
38
E ke yone taolo e kgolo le ya ntlha.
39
E nngwe ya bobedi e e tshwanang nayo ke e: ‘O rate wa gaeno jaaka o ithata.’
40
Mo ditaolong tse pedi tse, go tshegeletswe molao otlhe le baperofeti mo go tsone.”
41
Jaana e rile Bafarisai ba sa ntse ba phuthegile, Jesu a ba botsa,
42
a re: “Lo gopola eng ka ga Keresete! Ke morwa mang?” Ba mo raya ba re: “Ke morwa Dafite.”
43
A ba raya a re: “Fa e le jalo, Dafite o bua ka Mowa a mmitsa Morena jang? A re:
44
“ ‘Morena o ne a raya Morena wa me a re: Dula ka fa letsogong la me le legolo, go tle go tsamaye ke beye baba ba gago tlase ga dinao tsa gago.’
45
“Fa e bo ne ne Dafite a mmitsa Morena, o ntse morwawe jang?”
46
Mme ga bo go se ope yo o nonofileng go mo fetola ka lefoko lepe; le gone e sa le ka letsatsi leo ba tshaba go tlhola ba mmotsa dipotso dipe.
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28