bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 12
Proverbs 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 13 →
1
Le fa e le mang yo o ratang thuto o rata kitso, mme yo o ilang kgalemelo o seholofolo fela.
2
Motho yo o molemo o tlaa bona botsalano mo go Jehofa, mme o tlaa sekisa motho yo o maano a boikepo.
3
Motho ga a ketla a tlhomamisiwa ka boikepo, mme motswe wa mosiami ga o ketla o tshikinngwa gope.
4
Mosadi yo o mokgwa montle o o iphaphileng ke serwalo sa tlhogo mo monneng wa gagwe, mme yo o tlhabisang ditlhong o ntse jaaka sebodu mo marapong a gagwe.
5
Megopolo ya basiami e lekalekanye, mme dikgakololo tsa baikepi ke tsietso.
6
Mafoko a baikepi ke a go lalela madi a motho go a tsholola, mme molomo wa bathokgami o tlaa ba golola.
7
Baikepi ba ribegeditswe, mme ga bayo, mme ntlo ya mosiami e tlaa ema.
8
Motho o tlaa bolelwa ka molemo ka fa botlhaleng jwa gagwe, mme yo o pelo e e lesoko o tlaa nyadiwa.
9
Motho yo o kobelwang tlase, mme a na le motlhanka, o gaisa yo o itlotlang, mme a tlhoka dijo.
10
Motho yo o siameng o tle a gopole botshelo jwa kgomo yabo, mme mautlwelobotlhoko a moikepi ke bolalome fela.
11
Yo o lemalemang masimo a gagwe o tlaa bona letlotlo la dijo, mme yo o salang maithamako morago ga a na tlhaloganyo.
12
Moikepi o eletsa tsa lotloa lwa batho ba ba bosula, mme motswe wa mosiami o ungwa loungo.
13
Seru sa motho yo o bosula se mo tlolong ya dipounama, mme mosiami o tlaa tswa mo tlalelong.
14
Motho o tlaa kgora molemo ka loungo lwa molomo wa gagwe, mme madiro a diatla tsa motho o tlaa a busediwa.
15
Tsela ya lesilo e siame mo matlhong a lone, mme yo o botlhale o tle a reetse kgakololo.
16
Go kgoberega ga lesilo go itsiwe ka bonako, mme motho yo o ikgapang o fitlha ditlhong.
17
Yo o bolelang boammaaruri o bonatsa tshiamo, mme mosupi wa kako o bonatsa tsietso.
18
Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela, mme loleme lwa motho yo o botlhale ke phodiso.
19
Pounama ya boammaaruri e tlaa tlhomama ka bosakhutleng, mme loleme lo lo akang lo ema ka ponyo ya leitlho fela.
20
Tsietso e mo pelong tsa ba ba logang bosula, mme bagakolodi ba kagiso ba na le boitumelo.
21
Basiami ga ba ketla ba diralelwa ke bosenyi bope, mme baikepi ba tlaa tlalelwa ke bosula.
22
Dipounama tse di akang ke sefedisa pelo mo go Jehofa, mme ba ba dirang ka boammaaruri ba a mo natefela.
23
Motho yo o ikgapang o loba kitso, mme dipelo tsa dieleele di bolela bosilo.
24
Seatla sa motlhoafadi se tlaa busa, mme seramatla se tlaa dirisiwa tiro ka thata.
25
Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise, mme lefoko le le molemo le e ipedise.
26
Mosiami ke mokayatsela mo go wa ga gabo, mme tsela ya baikepi e a ba timetsa.
27
Yo o seramatla ga a ke a besa se o se bolaileng a ile go tsoma, mme dithoto tse di tlhokegang tsa batho di tle di nne kwa batlhoafading.
28
Botshelo bo mo tseleng ya tshiamo, le mo tselaneng ya yone ga go na loso.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31