bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 20
Proverbs 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 21 →
1
Bojalwa jwa mofine ke mosotli, bojalwa jo bo loileng ke phokelelo; le fa e le mang yo o timelang ka jone ga a botlhale.
2
Poitsho ya kgosi e ntse jaaka go kgorotlha ga tau; yo o e gakatsang o iteofela botshelo jwa gagwe.
3
Ke tlotlo mo mothong go iphapha mo kgannyeng; mme lesilo lengwe le lengwe le tle le itlhakanye le komang fela.
4
Serorobe se tle se gane go lema ka gobo go le mariga, ke gone ka moo e tlaa reng go rojwa o tlaa kopa, mme o tlaa bo a sa bone sepe.
5
Kgakololo mo pelong ya monna e ntse jaaka metsi a a boteng, motho yo o tlhaloganyo o tle a e ge fela.
6
Bontsi jwa batho bo tle bo ipolele mongwe le mongwe bopelonomi jwa gagwe; monna yo o boikanngo ene o ka bonwa ke mang?
7
Mosiami yo o tsamayang mo go tlhokeng molato ga gagwe, go sego bana ba gagwe morago ga gagwe.
8
Kgosi e e dutseng mo setulong sa bogosi sa katlholelo, e feferela koo bosula jotlhe ka matlho a yone.
9
E mang yo o ka reng: “Ke ntlafaditse pelo ya me, ke itshekile mo boleong jwa me”?
10
Dibokete tsa selekanyo tse di fapaanyeng, le dielo tse di fapaanang, tsotlhe tsoo pedi ke sefedisapelo mo go Jehofa.
11
Le e leng ngwanyana o tle a itshenole ka ditiro tsa gagwe, bo tiro ya gagwe e ntle, le go re a e siame.
12
Tsebe e e utlwang, le leitlho le le bonang, Jehofa o di dirile tsotlhe fela.
13
Se rate boroko, o ka tla wa humanega; buduloga, mme o tlaa kgora dijo.
14
Moreki o a tle a re: “Ga se sepe, ga se sepe,” mme fa a tsamaile foo a ipelafatse.
15
Go na le gouta le letlotlo la diperela, mme dipounama tsa kitso ke lentswana le le tlhokegang.
16
Tsaya seaparo sa yo o leng moemedi wa moeng, mme o tseye peelelo ene yo e leng moemedi wa baeng.
17
Senkgwe sa tsietso se monate mo mothong, mme morago ga moo molomo wa gagwe o tlale makgabana.
18
Boikaelelo bongwe le bongwe bo tlhomamisiwa ke kgakololano, mme o epe dira ka go gogwa ke botlhale.
19
Yo o nalanalang e le mosebetsi o senola maoma; mme ke gone o se ka wa itlhakanya le yo o momololang dipounama tsa gagwe thata.
20
Le fa e le mang yo o hutsang rraagwe kgotsa mmaagwe, lobone lwa gagwe lo tlaa tingwa mo lefifing le lentshontsho.
21
Boswa e ka re gongwe bo ka bonwa ka potlako mo tshimologong, mme bokhutlo jwa jone ga bo ketla bo segofala.
22
O se ka wa re: “Ke tlaa lefetsa bosula;” o lebelele mo go Jehofa, mme o tlaa go boloka.
23
Dibokete tsa selekanyo tse di fapaanyeng ke sefedisapelo mo go Jehofa; le selekanyo sa pego sa tsietso ga se molemo.
24
Metsamao ya motho e tswa mo go Jehofa; mme foo motho o ka itlhaloganya tsela ya gagwe jang?
25
Ke seru mo mothong go bua ka go phomela, a re: “Selo se boitshepo,” mme ya re a sena go ikana a itse go botsisa.
26
Kgosi e e botlhale e tle e fefere baikepi, mme e tsamaise lekoto le le sedikologi le le folang mabele godimo ga bone.
27
Mowa wa motho ke lobone lwa ga Jehofa, lo lo kheleisang matengteng otlhe a mpa.
28
Boutlwelobotlhoko le boammaaruri di tlamela kgosi, setulo sa yone sa bogosi se tshegediwa ke boutlwelobotlhoko.
29
Kgalalelo ya makau ke thata ya one, mme bontle jwa bannabagolo ke tlhogo e pududu.
30
Dithupa tse di ntshang dintho di a ntlafatsa di tlosa bosula, le dinteo di ya go kheleisa matengteng a mpa.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31