bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 13
Proverbs 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 14 →
1
Ngwana wa mosimane yo o botlhale o utlwa thuto ya ga rraagwe, mme mosotli ga a utlwe kgalemelo.
2
Motho o tlaa ja se se molemo ka loungo lwa molemo wa gagwe, mme mowa wa yo o bonongwane o tlaa ja thubakego.
3
Yo o dibelang molomo wa gagwe o ipolokela botshelo, mme yo o atlhamolosang dipounama tsa gagwe thata o tlaa bona tshenyego.
4
Mowa wa serorobe o a eletsa, mme ga o na sepe, mme mowa wa motlhoafadi o tlaa nontshiwa.
5
Motho yo o siameng o ila maaka, mme motho yo e leng moikepi o nkga sebodu, mme o wela mo ditlhonngeng.
6
Tshiamo e dibela ene yo o thokgameng mo tseleng, mme boikepo bo ribegetsa moleofi.
7
Go na le yo o ikhumisang, le fa go ntse jalo ga a na sepe; go na le yo o ikhumanegisang, le fa go ntse jalo a ne le khumo e kgolo.
8
Serekololo sa botshelo jwa motho ke dikhumo tsa gagwe, mme mohumanegi ga a utlwe go bopelwa gope.
9
Lesedi la mosiami le a itumela, mme lobone lwa moikepi lo tlaa tingwa.
10
Go tla komano fela ka boikgodiso, mo go yo o amogetseng kgakololo sentle go na le botlhale.
11
Khumo e e bonyweng ka boithamako e tlaa ngotlafadiwa, mme yo o phuthang ka go dira ka mabogo o tlaa totelwa.
12
Tsholofelo e e diegisiwang e tle e ngodise pelo, mme motlhang seeletso se tlang e be e le setlhare sa botshelo.
13
Le fa e le mang yo o nyatsang lefoko o iteretse tshenyego, mme yo o boifang taolo o tlaa duelwa.
14
Molao wa ba ba botlhale ke motswedi wa botshelo, ke go tlogela diru tsa loso.
15
Tlhaloganyo e e molemo e naya motho botsalano, mme tsela ya yo o bonongwane e makgawekgawe fela.
16
Motho mongwe le mongwe yo o bonokopela o dira ka kitso, mme seeleele se tle se tsharolole bosilo.
17
Morongwa yo o ikepang o wela mo bosuleng, mme morongwa yo o boikanngo ke phodiso.
18
Khumanego le ditlhong di tlaa nna kwa go yo o ganang thuto, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o tla tlotlwa.
19
Keletso e e dirafetseng e monate mo moeng, mme go fedise dieleele pelo go tloga mo bosuleng.
20
Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.
21
Bosula bo khukhela baleofi, mme basiami ba tlaa duelwa ka molemo.
22
Motho yo o molemo o tlogelela bana ba gagwe boswa, mme khumo ya moleofi e beetswe basiami.
23
Go dijo dikgolo mo temong ya bahumanegi, mme go tle go nne le mo go senngwang ka ntlha ya go faposiwa ga tshiamiso.
24
Yo o rekegelang thupa o ila morwawe, mme yo o mo ratang o tle a mo watlhae go sa le gale.
25
Mosiami o jela go kgorisa mowa wa gagwe, mme mpa ya moikepi e tlaa gabalala.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31