bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 29
Proverbs 29
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 30 →
1
Yo o reng a ntse a kgalemelwa mme a ithatafatsa thamo, o tlaa rojwa ka tshoganetso, mme e tlaa bo e le mo go se nang phodiso.
2
E re mogang basiami ba totang batho ba itumele, mme mogang moikepi o laolang batho ba fegelwe.
3
Motho yo o ratang botlhale o itumedisa rraagwe, mme yo o tsalanang le basadi ba diaka o senya thoto ya gagwe.
4
Kgosi e tlhomamisa lefatshe ka tshiamiso, mme yo o tsayang dineo ka patiko o a le ribegetsa.
5
Monna yo o hakang wa ga gabo ka puo e e borethe o ngamolela dinao tsa gagwe lotloa.
6
Mo tlolong ya motho yo o bosula go na le seru, mme mosiami ene o a opela a itumela.
7
Mosiami o tlaa tlhokomela mafoko a bahumanegi, mme moikepi ga a na tlhaloganyo ya go a itse.
8
Batho ba ba sotlang ba tle ba tutumise molelo mo motseng, mme batho ba ba botlhale ba thibosa bogale.
9
Fa monna yo o botlhale a na le kgang le motho yo o seeleele, le fa a le bogale, le fa a tshega, ga go ketla go nna boikhutso.
10
Ba ba nyorelwang madi a batho ba ila yo o itekanetseng, mme ka ga mothokgami ba rata go mmoloya.
11
Seeleele se tle se bolele bogale jotlhe jwa sone, mme motho yo o botlhale o a bo kganela a bo didimatse.
12
Fa molaodi a reetsa maaka, batlhanka ba gagwe botlhe ke baikepi.
13
Mohumanegi le mopatiki ba tle ba kopane; Jehofa o sedifatsa matlho a bone boo babedi.
14
Kgosi e e atlholang bahumanegi ka nnete, setulo sa yone sa bogosi se tlaa tlhomama ka bosakhutleng.
15
Thupa le kgalemelo di naya motho botlhale, mme ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa mmaagwe ditlhong.
16
E a re mogang baikepi ba tota, tlolo e gole, mme basiami ba tlaa leba go wa ga bone.
17
Otlhaya morwao, mme o tlaa go naya boikhutso; ee, o tlaa jesa mowa wa gago monate.
18
Kwa go se nang ponatshegelo gone, batho ba latlhe boithibo, mme yo o tshegetsang molao o sego.
19
Motlhanka o tle a gane go siamisiwa ka puo fela; gonne le fa a tlhaloganya ga a ketla a go tlhokomela.
20
A o bona motho yo o bonako mo puong ya gagwe? Go ka solofelwa seeleele bogolo go ene.
21
Yo o sa leng a godisa motlhanka wa gagwe mo bonyaneng jwa gagwe ka tlekeetso o tlaa mmona a bile a le morwawe mo bofelong.
22
Motho yo o bogale o tsosa kgang, le motho yo o gakalang o tletse ditlolo.
23
Boikgodiso jwa motho bo tlaa mo isa tlase, mme yo o mowa o kgobaletseng o tlaa bona tlotlo.
24
Yo o tlhakanetseng tiro le legodu o ikila mowa, mme o utlwa ikaniso, mme ga a bolele sepe.
25
Poifo ya motho e tle e lere seru, mme yo o ikanyang Jehofa o tlaa bolokega.
26
Batho ba le bantsi ba batla botsalano jwa molaodi, mme tshiamiso ya motho e tswa kwa go Jehofa.
27
Monna yo o sa siameng ke sefedisapelo mo basiaming, mme yo o siamang mo tseleng ke sefedisapelo mo baikeping.
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 30 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31