bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 8
Proverbs 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 9 →
1
A Botlhale ga a kue, tlhaloganyo a ga a tsholetse lentswe la gagwe?
2
Kwa godimo ga mafelo a a godimo fa tseleng, fa ditselana di kopanelang gone, o eme gone;
3
fa dikgorong, fa botsenong jwa motse, fa go tsenwang ka mejako gone, o kuela godimo; a re:
4
“Ke kua lona banna; lentswe la me le buisa bana ba batho.
5
Lona ba lo sa tlhalefang, tlhaloganyang matseba, le lona dieleele lo nne pelo e e tlhaloganyang.
6
Utlwang, gonne ke tlaa bua dilo tse di gaisang mo go feteletseng; go tumologa ga dipounama tsa me e tlaa nna ga dilo tse di siameng.
7
Gonne molomo wa me o tlaa bolela boammaaruri; boikepo ke makgapha mo dipounameng tsa me.
8
Mafoko otlhe a molomo wa me a mo tshiamong; ga go na sepe se se sokameng, le fa e le se se kgopo mo go one.
9
A bonala sentle fela otlhe mo go ene yo o tlhaloganyang, a siame mo go ba ba bonang kitso.
10
Tsholang thuto ya me, e seng selefera; le kitso bogolo go gouta e e tlhophegileng.
11
Gonne botlhale bo molemo bogolo go diperela, mme dilo tsotlhe tse motho o ka di eletsang ga di na go tshwantshiwa le jone.
12
Nna, botlhale, ke dirile matseba boago jwa me, ke tsoma kitso le pharologanyo.
13
Go boifa Jehofa ke go ila bosula; boikgodiso, le bogoma, le mokgwa o o bosula le molomo o o lesoko, ke dilo tse ke di ilang.
14
Kgakololo ke ya me, le kitso e e itekanetseng; ke nna tlhaloganyo; ke na le thata.
15
Dikgosi di busa ka nna, le dikgosana di tlhoma molao wa tshiamo ke nna.
16
Dikgosana di laola ka nna le bagolwane, e bong baatlhodi botlhe ba lefatshe.
17
Ke rata bone ba ba nthatang; ba ba mpatlang ka tlhoafalo ba tlaa mpona.
18
Dikhumo ke na natso le tlotlo, ee, dikhumo tse di tlhomameng, le tshiamo.
19
Loungo lwa me lo molemo bogolo go gouta, ee, bogolo go gouta e e itshekileng; le totafalelo ya me bogolo go selefera se se tlhophegileng.
20
Ke sepela mo tseleng ya tshiamo, mo gare ga ditselane tsa tshiamiso.
21
Gore ba ba nthatang ke ba jese boswa jwa dilo, le gore ke tlatse matlo a bone a a bayang mahumo.
22
Jehofa o ne a na le nna mo tshimologong ya tsela ya gagwe, pele ga ditiro tsa gagwe tsa bogologolo.
23
Ke sa le ke emisiwa kwa bosasimologeng kwa tlholegong, lefatshe le ise le be le nne.
24
E rile go se na ditsiba tse di botengteng, ka tsalwa; jale go se na metswedi e e tletseng metsi.
25
Pele dithaba di ise di itshetlele, le pele ga dithabana, ka tsalwa.
26
E rile a ise a dire lefatshe, le fa e le dinaga, le fa e le tshimologo ya lorole lwa lobopo,
27
jale ka a etleetsa magodimo, ka bo ke le gone. Jale ka a baya tikwatikwe mo bophadiphading jwa setsiba se se boteng;
28
e rile a tiisa loapi kwa godimo, jale ka metswedi ya boteng e pumpunyega;
29
e rile a beela lewatle molelwane wa lone, gore metsi a tle a se ka a tlola taolo ya gagwe; ya re a rala metheo ya lefatshe,
30
foo ke ne ke le fa go ene, jaaka motho yo e leng tlhogo ya tiro; ke le natefelo ya gagwe ka malatsi otlhe, ke ntse ke itumela ka metlha yotlhe fa pele ga gagwe.
31
Ka itumelela lefatshe la gagwe le le nnwang; natefelo ya me le yone e le mo baneng ba batho.
32
Ke gone jaana, bomorwaaka, ka re: Ntheetsang, gonne go sego ba ba tshegetsang ditsela tsa me.
33
Utlwang thuto, lo tlhalefe, mme lo se ka lwa e gana.
34
Go sego motho yo o nkutlwang, a ntse a lebeletse fa dikgorong tsa me, a ntse a letile fa mephakwaneng ya mejako ya me.
35
Gonne yo o mponang o bona botshelo, mme o tlaa bona botsalano mo go Jehofa.
36
Mme yo o nteofelang o siamololela mowa wa gagwe tota; botlhe ba ba nkilang ba rata loso.”
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31