bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 6
Proverbs 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 7 →
1
Morwaaka, fa o ineetse go nna moemedi wa motho wa gaeno, fa o opantse diatla tsa gago le moeng,
2
o a bo o raetswe ke mafoko a molomo wa gago, o tshwerwe ke mafoko a molomo wa gago.
3
Dira jaana, morwaaka, mme o ikgolole, ka e le fa o tsenye mo seatleng sa wa gaeno jaana; ya, o ikokobetse, o kokotlele wa gaeno.
4
O se ka wa lesa matlho a gago a robala, le fa e le dintshi tsa matlho a gago go bokalala.
5
O bo o ikgolole jaaka tshephe mo seatleng sa motsomi, le jaaka nonyane mo seatleng sa motshwara nonyane.
6
Ya kwa tshoswaneng wena mmodufadi; o akanye mekgwa ya yone, mme o tlhalefe;
7
e e reng e se na kgosi, le fa e le molebedi, kgotsa molaodi,
8
e be e etleetse dijo tsa yone go le selemo, e kokotletse dijo tsa yone mo lobakeng lwa thobo.
9
O tlaa rapama ka lobaka lo lo kaye, wena mmodufadi, o tlaa tsoga leng mo go robaleng?
10
Nama o sa robetse go le gonnye, o otsele go le gonnye, o lesololele boroko diatla,
11
jalo khumanego ya gago e tlaa tla jaaka senokwane, le lehuma la gago jaaka monna yo o tlhometseng dibolao.
12
Motho yo o seruti, motho wa boikepo, o tsamayatsamaya ka molomo o o lesoko.
13
O gwetlha ka matlho, a bue ka dinao, a gonetse ka menwana;
14
lesoko le mo pelong ya gagwe, o ntse a loga bosula ka metlha yotlhe; o jala kgotlhang mo bathong.
15
Ke gone ka moo tatlhego ya gagwe e tlaa tlang ka tshoganetso; o tlaa tshoga ka a thubilwe fela, mme e tlaa bo e le mo go se nang kalafo.
16
Go na le dilo di le thataro tse Jehofa o di ilang; ee, di supa tse di mo fedisang pelo, ke tse:
17
Matlho a a kadileng, loleme lo lo akang, le diatla tse di tshololang madi a motho a a se nang molato;
18
pelo e e logang ditlhatlhanyo tsa boikepo, dinao tse di bofefo go sianela kwa bosenying;
19
mosupi wa kako yo o bilolang maaka, le yo o jalang kgotlhang mo baneng ba monna.
20
Morwaaka, tshegetsa taolo ya ga rraago, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmaago.
21
Di bofelele mo pelong ya gago ka metlha yotlhe, o di gokelele mo thamong ya gago.
22
Motlhang o tsamayang di tlaa go goga; motlhang o robalang di tlaa go tlhodumela, mme motlhang o kubugang di tlaa bua nao.
23
Gonne taolo ke lobone; le molao ke lesedi, dikgalemo tsa thuto ke tsela ya botshelo,
24
go go dibela mo mosading yo o bosula, le mo go hakeng ga loleme lwa mosadi o sele.
25
O se ka wa eletsa bontle jwa gagwe mo pelong ya gago; le gone a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe.
26
Gonne motho o tle a humanegisiwe ke mosadi wa sepepe, bojotlhe jwa gagwe e ba e nna semathanyana sa bogobe fela; e bile mosadi yo o seaka o tle a tsome botshelo jo bo tlhokegang.
27
A motho o ka tsaya molelo mo sehubeng sa gagwe, mme diaparo tsa gagwe di sa še?
28
Kgotsa a mongwe o ka tsamaya mo godimo ga magala a a molelo, mme dinao tsa gagwe di sa še?
29
Yo o tsenang kwa mosading wa monna wa ga gabo o ntse jalo; le fa e le mang yo o mo amang ga a ketla a lesiwa fela a sa bediwe.
30
Batho ga ba nyatse legodu, fa le utswa gore mowa wa lone o kgore, motlhang le bolawang ke tlala.
31
Mme fa le tshwerwe, le tlaa lefa gasupa; le tlaa ntsha thoto yotlhe ya ntlo ya lone.
32
Yo o dirang boaka le mosadi, ga a na tlhaloganyo: yo o bo dirang o rata go senya mowa wa gagwe tota.
33
O tlaa tswa dintho le tlotlologo; mme go kgojwa ga gagwe ga go ketla go phimolwa.
34
Gonne lefufa ke bolau jwa monna; mme ga a ketla a rekegela mo motlheng wa pusoloso.
35
Ga a ketla a tlhokomela thekololo epe; le gone ga a ketla a diga pelo, le fa o ntsha dineo di le dintsi.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31