bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 23
Proverbs 23
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 24 →
1
E re fa o nnela go ja le molaodi, o gopole thata yo o fa pele ga gago;
2
mme fa o le motho yo o jang bobe, o ipeye thipa fa mometsong.
3
O se ka wa eletsa dimediwa fela tsa gagwe; ka e le dijo tse di tsietsang.
4
O se ka wa itapisetsa go humisiwa, khutlela botlhale jwa gago.
5
A o a bo o tlaa tlhoma matlho mo go sone se se seyong? Gonne ruri dikhumo di tle di itirele diphuka, jaaka ntswi yo motona yo o fofelang kwa legodimong.
6
O se ka wa ja dijo tsa yo o leitlho le bosula, le gone o se ka wa eletsa dimediwa fela tsa gagwe;
7
gonne jaaka a kaya mo teng ga gagwe, o ntse fela jalo, o go raya, a re: “Ja o nwe,” mme pelo ya gagwe ga e mo go wena.
8
Thathana e o e jeleng o tlaa ba o e tlhatsa, mme o timelwa ke mafoko a gago a a monate.
9
O se ka wa bua mo kutlong ya seeleele, gonne se tlaa nyatsa botlhale jwa mafoko a gago.
10
O se ka wa tlosa molelwane wa bogologolo, o bo o se ka wa tsena mo matlhagareng a masiela;
11
gonne morekolodi wa bone o thata; o tlaa ba ganelelela ka ga gago.
12
Tshegeletsa pelo ya gago mo thutong, le ditsebe tsa gago mo mafokong a kitso.
13
O se ka wa gana ka kwatlhao mo ngwaneng, gonne fa o mmetsa ka thupa ga a ketla a a swa.
14
Mmetse ka thupa, mme o tlaa golola mowa wa gagwe mo Bobipong.
15
Morwaaka, fa pelo ya gago e le botlhale, pelo ya me e tlaa itumela, e bong ya me;
16
ee, diphilo tsa me di tlaa ipela thata, motlhang molomo wa gago o buang dilo tse di siameng.
17
A pelo ya gago e se nne tshetlha ka ga baleofi: mme o tlhole mo go boifeng Jehofa motshegare otlhe;
18
gonne ruri go na le tuelo, le tsholofelo ya gago ga e ketla e kgaolwa.
19
Utlwa morwaaka, o nne botlhale, o bo o tsamaise pelo ya gago mo tseleng.
20
Se nne mo banwing ba bojalwa jwa mofine, le mo go ba ba bogagaru mo go jeng nama.
21
Gonne motagwi le yo o tlabuelang dijo ba tlaa humanega, le kotselo e tlaa apesa motho dikatana.
22
Reetsa rraago yo o go tsetseng, o bo o se ka wa nyatsa mmaago fa a tsofetse.
23
Reka boammaaruri, mme o se ka wa bo rekisa; ee, le botlhale, le thuto, le tlhaloganyo.
24
Rraagwe mosiami o tlaa ipela thata, le yo o tsalang ngwana yo o botlhale o tlaa bona boitumelo ka ga gagwe.
25
A borraago le mmaago ba itumele, le yo o go belegeng a ipele thata.
26
Morwaaka, nnaya pelo ya gago, mme a matlho a gago a natefelwe ke ditsela tsa me.
27
Gonne mosadi yo o seaka ke mosele o o boteng; le mosadi yo e leng o sele ke longope lo lo pitlaganyeng.
28
Ee, o tle a lalele jaaka senokwane, mme a ntsifatse ba ba bonongwane mo bathong.
29
E mang yo o nang le khutsego? E mang yo o nang le bohutsana? E mang yo o nang le dikgang? E mang yo o nang le ngongorego? E mang yo o nang le dintho tsa lefela? E mang yo o nang le bohidibu jwa matlho?
30
Ke ba ba diegang bobe mo bojalweng jwa mofine; ke ba ba lebalebang bojalwa jo bo tlhakantsweng.
31
O se ka wa leba bojalwa jwa mofine fa bo hubila, fa bo tsenya phafana mmala wa jone, fa bo tsekeela sentle.
32
Kwa bofelong bo tle bo lome jaaka noga, bo lome jaaka šaušawane.
33
Matlho a gago a tlaa bona dilo di sela fela, le pelo ya gago e tlaa bua dilo tse di lesoko.
34
Ee, o tlaa nna jaaka yo o robalang mo gare ga lewatle, kgotsa yaaka yo o robalang mo godimo ga pinagare ya mokoro.
35
O tlaa re: “Ba ntiteile, mme ga ke a ka ka utlwa botlhoko; ba mpeditse, mme ga ke a ka ka go utlwa; ke tlaa kubuga leng? Ke tlaa ba ke bo batla gape.”
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31