bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 30
Proverbs 30
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 31 →
1
Mafoko a ga Agure morwa Jake: polelo ya boitseanape. Monna a raya Ithiele, Ithiele le Ukale,
2
a re: “Ruri nna ke lesilo bogolo go batho botlhe, ke bile ke se na tlhaloganyo ya motho,
3
ga ke a ithuta botlhale, le gone ga ke na kitso ya go itse Moitshepi.”
4
E mang yo o tlhatlogetseng legodimong, a ba a fologa? E mang yo o huparetseng diphefo mo matsweleng a gagwe? E mang yo o bofeletseng metsi mo seaparong sa gagwe? E mang yo o tlhomamisitseng dikhutolo tsotlhe tsa lefatshe? E mang leina la gagwe, le leina la ga morwawe e mang fa o itse?
5
Lefoko lengwe le lengwe la Modimo le lekilwe; one, ke thebe ya ba ba o ikanyang.
6
O se ka wa oketsa mafoko a one, o ka tla wa go kgalemela, mme wa fitlhelwa o le moaki.
7
Ke go lopile dilo di le pedi; o se ka wa di ntatolela ke ise ke swe; ka re,
8
boithamako le maaka o di beye kgakala le nna; o se ka wa nnaya khumanego le fa e le khumo; nkotla ka dijo tse di ntekanyeng;
9
nka tla ka kgora, mme ka go itatola, ka re: “Jehofa e mang?” Kgotsa fa ke humanegile nka tla ka utswa, mme ka dira leina la Modimo wa me matlhapa.
10
O se ka wa seba motlhanka kwa go mong wa gagwe, o ka tla a go roga, mme wa nna molato.
11
Go na le losika lwa batho ba ba rogang borraabo, mme ba sa segofatse bommaabo.
12
Go na le losika lwa batho ba ba iponang boitsheko, le fa go ntse jalo ba sa tlhapisiwa maswe a bone.
13
Go na le losika lwa batho, ana matlho a bone a kalegile jang, le dintshi tsa matlho a bone di tsholetsegile jang!
14
Go na le losika lwa batho ba meno a bone a ntseng jaaka ditšhaka, le ba meno a ditlhaya tsa bone a ntseng jaaka dithipa tsa go ja bahumanegi go ba tlosa mo lefatsheng, le batlhoki gore ba tswe mo bathong.
15
Monopi o na le bana ba basetsana ba le babedi, ba ba goang, ba re: “Naya, naya.” Go na le dilo di le tharo tse di sa kgoreng gope. Ee, dilo di le nne tse di se keng di re: “Go lekanye:”
16
Phupu; le sebopelo sa boopa; lefatshe le le sa kgoreng metsi; le molelo o o se keng o re: “Go lekanye.”
17
Leitlho la motho yo o sotlang rraagwe, le la yo o nyatsang go utlwa mmaagwe, mahukubu a molapo a tlaa le gonya, le manonyana a tlaa le ja.
18
Go dilo di le tharo tse di gakgamatsang bobe mo go nna, ee, go di le nne tse ke sa di itseng:
19
Tsela ya ntswi yo motona mo loaping; tsela ya noga mo lefikeng; tsela ya sekepe mo gare ga lewatle; le tsela ya monna a na le morweetsana.
20
Tsela ya mosadi wa seaka e ntse jalo; o tle a je, mme a iphimole molomo a re: “Ga ke a dira boikepo bope.”
21
Lefatshe le roromisiwa ke dilo di le tharo, le ke di le nne, tse le retelelwang ke go di belega:
22
Ke motlhanka fa a le kgosi; le yo o logaba fa a kgotshe dijo;
23
ke mosadi yo o maswe fa a nyetswe; le lelata le e leng mojaboswa wa mohumagadi wa lone.
24
Go dilo di le nne tse di leng dipotlana mo lefatsheng, mme di botlhale jo bo feteletseng.
25
Ditshoswane ke tšhaba e e seng thata, le fa go ntse jalo di tle di baakanye dijo tsa tsone selemo.
26
Dipela ke dilo tse di bokoa, le fa go ntse jalo di tle di age matlo a tsone mo meoleng ya mafika.
27
Tsie ga e na kgosi, le fa go ntse jalo e tle e tswelele yotlhe ka masomo.
28
Ntseane o tshwara ka diatla, le fa go ntse jalo o tle a nne mo matlong a dikgosi.
29
Go dilo di le tharo tse di motsamao o gwantang, ee, di le nne tse di gwantang mo go tsamayeng ga tsone:
30
Tau, e e leng yone e thata bogolo mo dibataneng, mme e sa itse go thibogela sepe;
31
le ntša ya phefo; le phoko; le kgosi e e se nang ope yo o ka e tsogelang go tlhabana nayo.
32
Fa o dirile bosilo ka go ikokomatsa, kgotsa fa o gopotse bosula, ipeye seatla mo molomong.
33
Gonne go itaanngwa ga maši go tle go ntshe serethe, le go sokwa ga nko go tle go ntshe madi, le go tlhotlhelediwa ga bogale go tle go tsose ntwa.
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 31 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31