bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 5
Proverbs 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 6 →
1
Morwaaka, tlhokomela botlhale jwa me; sekegela tlhaloganyo ya me tsebe,
2
gore o tle o boloke pharologanyo, le gore dipounama tsa gago di tshegetse kitso.
3
Gonne dipounama tsa mosadi o sele di rotha sedinotshe, magalapa a gagwe a boleta bogolo go lookwane.
4
Mme bokhutlo jwa gagwe bo botlhoko jaaka longana, bo bogale jaaka tšhaka e e magale mabedi.
5
Dinao tsa gagwe di fologela mo losong; dikgato tsa gagwe di ya go tshwara Bobipo.
6
Jalo wa bo a sa wele tselana e e papannweng ya botshelo; ditsela tsa gagwe di raraanye, mme a ba a sa go itse.
7
Mme jaana bomorwaaka, ka re, Ntheetsang, mme lo se ka lwa tlogela mafoko a molomo wa me.
8
Katosetsa tsela ya gago kgakala nae, o se ka wa atamela mojako wa ntlo ya gagwe,
9
o ka tla wa naya ba sele tlotlo ya gago, le dinyaga tsa gago wa di abela tse di bolalome.
10
Ba sele ba ka tla ba kgora nonofo ya gago; le matsapa a gago a nna mo ntlong ya motho wa seeng;
11
mme wa lela mo bokhutlong jwa gago, motlhang nama ya gago e tlhoregang, le mmele wa gago,
12
wa re: “A bo nkile ka ila thuto, pelo ya me ya nyatsa jang kgalemelo;
13
le gone ga ke a utlwa lentswe la baruti ba me, le fa e le go sekegela ba ba nthutileng tsebe!
14
Ka batla go nna mo bosuleng jotlhe, mo gare ga phuthego le kokoano ya batho.”
15
Nwa metsi mo sedibeletsong se e leng sa gago, le metsi a a elang mo motsweding o e leng wa gago.
16
A metswedi ya gago e tshwanetse go tšheamela koo kwa ntle, le dinoka tsa metsi go ya le mebila fela?
17
A e nne tsa gago o le wesi, mme e seng tsa ba sele nao.
18
A motswedi wa gago o nne sego; mme o itumele mo mosading wa bokau jwa gago.
19
Jaaka tshephe e namagadi e e lorato, le jaaka lefele le le namagadi le le natefang, a mabele a gagwe a go thethebatse ka metlha yotlhe, o nne o tlhapelwe ke lorato lwa gagwe ka metlha yotlhe.
20
Kana morwaaka, o ka bo o ratelang go tlhapelwa ke mosadi yo o leng o sele, wa tlamparela sehuba sa mosadi wa seeng?
21
Gonne ditsela tsa motho di fa pele ga matlho a ga Jehofa, mme o lekalekanya ditselana tsotlhe tsa gagwe.
22
Moikepi o tlaa tshwarwa ke maikepo a gagwe tota, mme o tlaa tshegediwa ke megala ya boleo jwa gagwe.
23
O tlaa swa ka go tlhoka thuto; mme mo bogolong jwa bosilo jwa gagwe o tlaa timela.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31